Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhatlhanya go go Mosola

Go Tlhatlhanya go go Mosola

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

Go Tlhatlhanya go go Mosola

“A MAFOKO A MOLOMO WA ME LE GO TLHATLHANYA GA PELO YA ME DI NNE MONATE FA PELE GA GAGO, WENA JEHOFA LEFIKA LA ME LE MOGOLODI WA ME.”—PESALEMA 19:14NW.

“GO TLHATLHANYA” go kaya eng mo go wena? Fa e le gore o latela dithuto tsa ditumelo dingwe tsa kwa Botlhaba, o ka tswa o dumela gore ke sengwe se se thusang go phepafatsa mogopolo kana go sedimosa motho ka tsela e e kgethegileng. Go tlhatlhanya mo go dirwang mo Bobudeng go rotloetsa motho go ntsha dilo tsotlhe tse a di akantseng mo mogopolong. Mefuta e mengwe ya go tlhatlhanya go bolelwa fa e kgothaletsa go tlatsa mogopolo wa gago ka “botlhale jo bo feletseng jwa boammaaruri.”

Kgopolo ya Baebele kaga go tlhatlhanya e farologane le tseno. Ka tsela efe? Akanya ka sekai sa mo Baebeleng sa monna yo o neng a bidiwa Isake, yo fa a ne a na le dingwaga di le 40 a neng a na le go le gontsi go tlhatlhanya ka gone. Genesise 24:63 e bolela jaana: “Isake a tswela kwa nageng go le maitseboa, a ya go tlhatlhanya.” Ga go na lebaka lepe la go akanya gore Isake o ne a ntsha dilo tsotlhe tse a di akantseng mo mogopolong wa gagwe kana gore o ne a akanya fela ka selo se se sa utlwaleng sa ‘botlhale jo bo feletseng jwa boammaaruri.’ Isake o tshwanetse a bo a ne a na le dilo tse di kgethegileng tse a neng a akanya ka tsone, tse di jaaka isagwe ya gagwe, go swelwa ke mmaagwe, kana gore mosadi wa gagwe e ne e tlile go nna mang. O ne a dirisa nako ya gagwe a le nosi mo maitseboeng, gongwe a tlhatlhanya ka dilo tse di botlhokwa tse di tshwanang le tseno. Mo Baebeleng, go tlhatlhanya ga se go eta mogopolo fela.

Go Tlhatlhanya go Akaretsa go le Gontsi

Akanya ka sekai sa ga mopesalema Dafide. O ne a lebane le mathata a mantsi a go neng go lebega a se kitla a rarabologa,  mme o ne a itse sentle gore e re ka e le motho yo o sa itekanelang, o ne a tlhoka thuso ya Modimo gore a itshware sentle. Ke eng se se neng sa nonotsha Dafide fa a le mo mathateng? Jaaka go begilwe mo go Pesalema 19:14 (NW), Dafide o ne a bolela jaana: “A mafoko a molomo wa me le go tlhatlhanya ga pelo ya me di nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika la me le Mogolodi wa me.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore “go tlhatlhanya” fano le tswa mo moding o totatota o rayang “go bua o le esi.” Ee, Dafide o ne a ‘bua a le esi’ kaga Jehofa, tiro ya gagwe, melao ya gagwe le tshiamo ya gagwe.—Pesalema 143:5.

Ka mo go tshwanang, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba go tsaya e le karolo ya kobamelo ya boammaaruri go beela kwa thoko nako ya go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Dilo lefa e le dife tse di boammaaruri, dilo lefa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo lefa e le dife tse di siameng, dilo lefa e le dife tse di itshekileng, dilo lefa e le dife tse di rategang, dilo lefa e le dife tse di buiwang molemo, lefa e le bomolemo bofe jo bo leng gone jo bogolo thata le selo lefa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se leng gone, tswelelang lo akanyetsa dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) Gone mme, e le gore re akanye dilo tse di agang, “dilo” tseno tse Paulo a neng a bua ka tsone di tla tlhoka go tsena mo megopolong ya rona nako nngwe. Jang?

Mopesalema o re naya karabo. Pesalema 1:1, 2 e balega jaana: “Go sego monna yo o sa tsamayeng mo kgakololong ya baikepi . . . Go itumela ga gagwe go mo molaong wa ga Jehofa; mme o akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.” Ee, mopesalema o ne a bala molao wa Modimo ka gale. Go tswa foo o ne a ka tlhatlhanya ka dilo tse a ithutileng tsone ka Mmopi.

Go Tlhatlhanya Gompieno

Go bala Baebele go botlhokwa thata, mme morago ga go bala, re tshwanetse go tlhatlhanya, re akanyetse kwa teng kana “re bue re le rosi” ka se re se badileng. Fela jaaka go sila dijo go tlhokega gore re solegelwe molemo ka botlalo ke dijo tse re di jang, go tlhatlhanya go a tlhokega gore re monye se re se balang mo Baebeleng. Go tlhatlhanya ka tsela e e tshwanetseng go dira go le gontsi go feta fela go tlosa megopolo e e sa siamang. Gape go re letla go akanya ka ditharabololo tsa mathata a rona tse di theilweng mo Baebeleng. Go tlhatlhanya mo go ntseng jalo go ka re thusa go dirisana ka katlego le ditlhobaelo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi.—Mathaio 6:25-32.

Mopesalema Dafide o ne a lemoga seabe se go tlhatlhanya go nang le sone mo go itumediseng Modimo. O ne a bolela jaana: “Molomo wa mosiami ke o o buang botlhale ka lentswe le le kwa tlase.” (Pesalema 37:30, NW) Ee, go tlhatlhanya ke letshwao le le tlhaolang moobamedi yo o ikanyegang. Go itumedisa thata gore Modimo a go bolele o ikanyega mme go lere melemo ya semoya. Ka sekai, Baebele e bolela gore “tselana ya mosiami e ntse jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimelang pele fela go ya motshegareng o mogolo.” (Diane 4:18) Ka gone, Mokeresete yo o kutlo yo o “buang botlhale ka lentswe le le kwa tlase” a ka solofela gore a tlhaloganye Baebele go ya pele.

Gape Baebele e gakolola Bakeresete go tlhatlhanya ka maikarabelo a bone a Dikwalo. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Timotheo jaana: “Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe. Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:15, 16) Ee, se re se buang le se re se dirang se ka nna le ditlamorago tse dikgolo mo go ba bangwe.

Go phepafetse gore re na le mabaka a le mantsi a gore re akanye ka dilo tsa botlhokwa ka tsela e e boteng, e bile re tlhomile mogopolo mo go tsone. Go botlhokwa go akanya ka maitemogelo a rona a nako e e fetileng, go tlhatlhanya ka dilo tsa gone jaanong le go tlhatlhanya thata ka isagwe ya rona. Mme segolobogolo, go tlhatlhanya ga rona go tla re sedimosa thata fa e le gore dikakanyo tsa rona di remeletse mo botlhaleng jwa Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

“The Thinker,” ka Rodin