Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | O KA TLHALOGANYA BAEBELE

Go Thusiwa go Tlhaloganya Baebele

Go Thusiwa go Tlhaloganya Baebele

Akanya e le lekgetlho la ntlha o etela kwa nageng e nngwe. O fitlhela dilo tse o sa di tlwaelang tse di jaaka setso, madi, dijo le batho. Dilo tseo di ka dira gore o tlhakane tlhogo.

O ka ikutlwa jalo fa o simolola go bala Baebele. E nna jaaka e kete o mo lefatsheng la bogologolo le o sa le itseng. Fa o le koo, o kopana le batho ba ba bidiwang Bafilisitia, o bona meetlo e e sa tlwaelegang e e jaaka go ‘gagoganya diaparo’ kgotsa o ithuta ka dijo tse di bidiwang mana le madi a tshipi a a bidiwang derakema. (Ekesodo 16:31; Joshua 13:2; 2 Samuele 3:31; Luke 15:9) Dilo tseno tsotlhe di ka tlhakanya tlhogo. Fela jaaka go ne go ka direga fa o etetse naga e o sa e itseng, a o ne o ka se itumelele gore mongwe a go thuse go tlhaloganya dilo dingwe?

THUSO E NE E BONWA KAE BOGOLOGOLO?

Batho ba ne ba thusiwa go tlhaloganya Baebele go tloga fa e ne e kwalwa ka dingwaga tsa bo1600 B.C.E. Ka sekai, moeteledipele wa ntlha wa setšhaba sa Iseraele e bong Moshe, “o ne a simolola go tlhalosa” se se neng se kwadilwe.—Duteronome 1:5.

Batho ba ba tshwanelegang ba ba neng ba ruta Baebele ba ne ba sa ntse ba le teng dingwaga di ka nna 1 000 moragonyana. Ka 455 B.C.E., setlhopha sa Bajuda go akaretsa le bana ba bantsi, ba ne ba kopane kwa lefelong la batho botlhe kwa motseng wa Jerusalema. Barutisi ba Baebele ba ne ba le koo “ba balela buka [e e boitshepo] kwa godimo.” Mme ba ne ba dira se se fetang seo. ‘Ba [ne] ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.’—Nehemia 8:1-8.

Dingwaga di le 500 moragonyana, Jesu Keresete o ne a dira tiro e e tshwanang le eo ya go ruta. Tota e bile, batho ba ne ba mo itse e le moruti. (Johane 13:13) O ne a ruta boidiidi jwa batho le batho ka nosi. Lekgetlho lengwe o ne a ruta boidiidi jwa batho kwa Thabeng, mme “boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mathaio 5:1, 2; 7:28) Ka dikgakologo tsa 33 C.E., Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe ba babedi fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng e e yang kwa motseng o o gaufi le Jerusalema, ‘a ntse a ba bulela [a ba tlhalosetsa] Dikwalo ka botlalo.’—Luke 24:13-15, 27, 32.

Barutwa ba ga Jesu le bone e ne e le barutisi ba Lefoko la Modimo. Lekgetlho lengwe modiredimogolo wa Moethiopia o ne a bala polelwana nngwe ya Baebele. Morutwa mongwe e bong Filipo o ne a mo atamela mme a mmotsa jaana: “A tota o itse se o se balang?” O ne a mo araba a re: “Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” Go tswa foo, Filipo a mo tlhalosetsa se polelwana eo e se kayang.—Ditiro 8:27-35.

O KA BONA THUSO KAE GOMPIENO?

Fela jaaka barutisi ba Baebele ba bogologolo, gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho Baebele mo dinageng di le 239 lefatshe lotlhe. (Mathaio 28:19, 20) Beke le beke ba thusa ba ba fetang dimilione di le robongwe go tlhaloganya Baebele. Bontsi jwa baithuti bao ba tswa kwa malapeng a e seng a Bakeresete. Dithuto tseno ke mahala e bile di ka tshwarwa kwa legaeng la gago kgotsa kwa lefelong le le go siametseng. Batho bangwe ba itumelela go ithuta ba dirisa founo kgotsa ba dirisa bidio ka khomputara.

Fa o batla go solegelwa molemo ke thulaganyo eno, tsweetswee ikgolaganye le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tla lemoga gore Baebele ga se buka e e ka tlhaloganngwang fela, mme gape e “tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo” gore o ‘tshwanelege ka botlalo, o tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Timotheo 3:16, 17.