Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Moaposetoloi Paulo o ne a re ‘Iseraele yotlhe e ne e tla bolokwa.’ (Bar. 11:26) A o ne a raya gore nako nngwe Bajuda botlhe ba ne ba tla sokologela mo Bokereseteng?

Nnyaa, Paulo o ne a sa reye jalo. Ditlogolwana tsa ga Aborahame tsa tlholego e le setšhaba di ne tsa gana go amogela Jesu e le Mesia. Mme mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga loso lwa ga Jesu, go ne ga bonala sentle gore Bajuda ba ne ba ka se sokologele botlhe mo Bokereseteng. Go ntse go le jalo, mafoko a ga Paulo a gore ‘Iseraele yotlhe e ne e tla bolokwa’ a ne a nepile. Ka tsela efe?

Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa gagwe a re: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Math. 21:43) Ka gonne setšhaba sotlhe sa Iseraele se ne sa gana Jesu, Jehofa o ne a tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo setšhabeng se sesha, setšhaba sa semoya. Paulo o ne a re setšhaba seno ke “Iseraele wa Modimo.”—Bagal. 6:16.

Ditemana tse dingwe mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika di bontsha gore “Iseraele wa Modimo” ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000. (Bar. 8:15-17; Tshen. 7:4) Tshenolo 5:9, 10 e tlhomamisa gore setlhopha seno se ne se tla akaretsa le batho ba e seng Bajuda, e re ka e bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tswa “mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.” Maloko a Iseraele wa semoya a ne a tlhophiwa ka tsela e e kgethegileng gore a nne “bogosi le baperesiti . . . , mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” Le fa Jehofa a ne a sa tlhole a tsaya Baiseraele e le setšhaba se se kgethegileng, bangwe mo setšhabeng seno ba ne ba ka boa ba nna le kamano e e molemo le ene. Seno se ne sa direga ka baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba bantsi ba bogologolo. Ee, Bajuda bao le bone ba ne ba tlhoka go rekwa ka madi a ga Jesu Keresete, fela jaaka batho ba bangwe botlhe.—1 Tim. 2:5, 6; Baheb. 2:9; 1 Pet. 1:17-19.

Lebaka la go bo bontsi jwa Bajuda ba tlholego ba ile ba latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna babusimmogo le Jesu ga le a ka la kgoreletsa boikaelelo jwa Modimo. Boikaelelo jwa ga Jehofa bo ka se thibelwe, gonne o ne a bua jaana ka moporofeti wa gagwe: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isa. 55:11.

Go ntse fela jalo ka boikaelelo jwa Modimo jwa go dira gore babusi ba le 144 000 ba buse le Morwawe kwa legodimong. Baebele e bontsha sentle gore Modimo o ne a tla tlotsa batho ba palo ya bone e leng 144 000. Palo eo e ne e ka se tlhaele!—Tshen. 14:1-5.

Ka jalo, fa Paulo a ne a kwala gore ‘Iseraele yotlhe e ne e tla bolokwa,’ o ne a sa bolelele pele gore Bajuda botlhe ba ne ba tla sokologela mo Bokereseteng. Go na le moo, o ne a raya gore boikaelelo jwa Modimo jwa gore maloko a Iseraele wa semoya a le 144 000 a buse le Morwawe, Jesu Keresete, kwa legodimong bo ne bo tla diragala. Ka nako ya Modimo e e tlhomilweng, maloko a palo e e feletseng a “Iseraele yotlhe” a ne a tla bo a bolokegile, mme kgabagare a bo a busa e le dikgosi le baperesiti mo Bogosing jwa ga Mesia.—Baef. 2:8.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Batlodiwa ba “tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba”