Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mafoko a a reng go nna le “botshelo mo go ene” a bolelang?

Baebele ya re Jesu Keresete o na le “botshelo mo go ene” mme balatedi ba gagwe bone ba na le ‘botshelo mo go bone.’ (Johane 5:26; 6:53) Le fa go ntse jalo, bokao jwa ditemana tseno tse pedi ga bo tshwane.

Jesu o ne a re, “fela jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka boene, jalo o neile Morwa le ene gore a nne le botshelo mo go ene ka boene.” Pele Jesu a bua mafoko ano a a sa tlwaelegang o ne a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, Yo o utlwang lefoko la me mme a dumela yo o nthomileng o na le botshelo jo bo sa khutleng . . . Nako e etla, le jaanong e fitlhile, e mo go yone baswi ba tla utlwang lentswe la Morwa Modimo mme ba ba ileng ba tsaya tsia ba tla tshela.” Mono Jesu o ne a bua ka maatla a a fetang a a tlwaelegileng a a a neilweng ke Rara—bokgoni jwa go dira gore batho ba amogelwe ke Modimo. Mo godimo ga moo, Jesu o kgona go tsosa ba ba robetseng mo losong a bo a ba naya botshelo. Mo go Jesu, go nna le “botshelo mo go ene” go raya gore o neilwe dinonofo tseno. Fela jaaka Rara, Morwa le ene o na le ‘mpho ya botshelo mo go ene.’ (Johane 5:24-26) Go tweng ka balatedi ba gagwe?

Mo e ka nnang ngwaga moragonyana, Jesu o ne a bua le bareetsi ba gagwe a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona. Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsosa mo losong ka letsatsi la bofelo.” (Johane 6:53, 54) Mono Jesu o bapisa go nna le ‘botshelo mo go bone’ le go nna le “botshelo jo bo sa khutleng.” Mo Dikwalong Tsa Segerika go na le dipolelo tse dingwe tse di agegileng ka tsela e e tshwanang le eno e e reng go nna le ‘botshelo mo go lona.’ Dikai tse pedi tsa seno ke “nnang le letswai mo go lona” le “ba ikamogelela tuelo e e tletseng [mo go bone].” (Mareko 9:50; Baroma 1:27) Mo makgetlhong ano, ditemana tseno ga di reye go nna le maatla a go naya ba bangwe letswai kgotsa go naya ba bangwe tuelo. Go na le moo jaaka go bontshitswe di raya go felela kgotsa go tlala selo mo go wena. Ka jalo mafoko a a reng go nna le “botshelo mo go lona” a a dirisitsweng mo go Johane 6:53 a raya go nna le botshelo jo bo feletseng.

Fa Jesu a ne a bua ka balatedi ba gagwe a re ba na le botshelo mo go bone, o ne a umaka nama le madi a gagwe. Moragonyana fa Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ne a bua ka nama le madi a gagwe mme a laela balatedi ba gagwe ba ba neng ba tla tsena mo kgolaganong e ntšha gore ba je senkgwe le beine tsa tshwantshetso. A seno se raya gore Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba tseneng mo kgolaganong e ntšha le Jehofa Modimo ke bone fela ba ba nnang le botshelo jono jo bo feletseng? Nnyaa. Jesu ga a bua mafoko ano ka nako e le nngwe. Batho ba ba neng ba utlwa mafoko a ga Jesu a a begilweng mo go Johane 6:53, 54, ba ne ba sa itse sepe ka mokete wa ngwaga le ngwaga o mo go one go dirisiwang ditshwantshetso tse di emelang nama le madi a ga Keresete.

Mo go Johane kgaolo 6, sa ntlha Jesu o bapisa nama ya gagwe le mana a re: “Borraalonamogologolwane ba ne ba ja mana kwa nageng mme le fa go ntse jalo ba ne ba swa. Seno ke senkgwe se se fologang kwa legodimong, gore mongwe le mongwe a tle a se je mme a se ka a swa. Ke nna senkgwe se se tshelang se se fologileng kwa legodimong; fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosaengkae.” Nama ya ga Jesu le madi a gagwe di ne di feta mana a mmatota. Jang? Ka gonne nama ya gagwe e ne ya neelwa “botshelo jwa lefatshe,” e leng se se neng sa dira gore re kgone go nna le botshelo jo bo sa khutleng. * Ka jalo he, polelo e e mo go Johane 6:53 e e reng go nna le “botshelo mo go lona” e dira mo go botlhe ba ba amogelang botshelo jo bo sa khutleng—kwa legodimong kana mo lefatsheng.—Johane 6:48-51.

Balatedi ba ga Keresete ba amogela leng botshelo mo go bone kgotsa ba nna leng le botshelo jo bo feletseng? Baruaboswa ba Bogosi ba batlodiwa ba nna le jone fa ba tsosetswa kwa botshelong jwa legodimo e le dibopiwa tsa moya tse di sa sweng. (1 Bakorintha 15:52, 53; 1 Johane 3:2) “Dinku tse dingwe” tsa ga Jesu tsone di nna le botshelo jo bo feletseng morago ga Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete. Ka nako eo, ba tla bo ba lekilwe, ba fitlhetswe ba ikanyega mme ba kailwe ba siametse botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.—Johane 10:16; Tshenolo 20:5, 7-10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa Baiseraele ba le kwa nageng, bone le “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng le bone” ba ne ba tlhoka mana gore ba tswelele ba tshela. (Ekesodo 12:37, 38; 16:13-18) Ka tsela e e tshwanang, gore Bakeresete botlhe ba kgone go tshela ka bosakhutleng, e ka tswa e le batlodiwa kana e se bone ba tshwanetse go dirisa mana a legodimo ka go bontsha tumelo mo maatleng a setlhabelo sa thekololo se e leng nama le madi a a tsholotsweng a ga Jesu.—Bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1988, tsebe 30-1.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba ka nna le ‘botshelo mo go bone’