Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta Bokgoni Jwa go Akanyetsa Maikutlo A Ba Bangwe

Go Ithuta Bokgoni Jwa go Akanyetsa Maikutlo A Ba Bangwe

Go Ithuta Bokgoni Jwa go Akanyetsa Maikutlo A Ba Bangwe

PEGGY o ne a bona morwawe a bua ka bogale le monnawe. O ne a mmotsa a re: “A o akanya gore ke tsela e ntle ya go bua le monnao eo? Bona gore o mo utlwisitse botlhoko jang!” Ke eng fa a ne a rialo? O ne a leka go ruta morwawe bokgoni jwa go bua le go dira ka tsela e e bontshang go akanyetsa maikutlo a ba bangwe.

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa molekane wa gagwe yo mmotlana e bong Timotheo go “nna bonolo mo go botlhe” kgotsa go “akanyetsa maikutlo a batho botlhe.” Ka go dira jalo, Timotheo o ne a se kitla a kgopisa batho ba bangwe. (2 Timotheo 2:24) Go akanyetsa maikutlo a ba bangwe ke fa o dirang? O ka tokafatsa jang mo ntlheng eno? O ka thusa ba bangwe jang gore ba leke go nna le bokgoni jono?

Go Akanyetsa Maikutlo a ba Bangwe Ke fa O Dirang?

Go akanyetsa maikutlo a ba bangwe go tlhalosiwa e le “go kgona go lemoga kafa boemo bo leng bosisi ka teng mme o bo o dira kgotsa o bua ka tsela e e bonolo kgotsa e e tshwanelang sentle.” Fela jaaka menwana e kgona go utlwa fa sengwe se ngaparela, se le boleta, borethe, bolelo kgotsa se le boboa, motho yo o akanyetsang maikutlo a ba bangwe le ene o kgona go lemoga kafa batho ba ikutlwang ka gone e bile o kgona go lemoga gore se a se buang kgotsa se a se dirang se tla ba ama jang. Mme go dira seno ga se bokgoni fela; motho o tshwanetse a bo a ikemiseditse tota gore a se ka a utlwisa ba bangwe botlhoko.

Mo pegong ya Baebele e e buang ka motlhanka wa ga Elisha e bong Gehasi, re bona sekai sa motho yo o neng a sa akanyetse maikutlo a ba bangwe. Mosadi mongwe wa Moshunema yo morwawe a neng a sa tswa go swela mo matsogong a gagwe o ne a ya go bona Elisha, a batla kgomotso. Fa a ne a bodiwa gore a dilo di mo tsamaela sentle, o ne a re: “Di tsamaya sentle.” Mme fa a ne a atamela moporofeti, “Gehasi a atamela gore a mo kgoromeletse koo.” Elisha ene o ne a mo raya a re: “Mo tlogele, gonne moya wa gagwe o utlwile botlhoko mo teng ga gagwe.”—2 Dikgosi 4:17-20, 25-27.

Ke eng fa Gehasi a ne a le mafega jaana e bile a sa akanyetse ba bangwe? Gone ke boammaaruri gore mosadi yono ga a ka a tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng fa a ne a bodiwa. Mme gone, batho ba le bantsi ga ba bolelele mongwe le mongwe fela maikutlo a bone. Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a ikutlwa ka yone e ne e tshwanetse ya bo e ile ya bonala ka tsela nngwe. Go bonala Elisha a ile a lemoga gore o ikutlwa jang mme Gehasi ene ga a ka a lemoga kgotsa gongwe o ne a mo itlhokomolosa fela. Seno se bontsha sentle selo se gantsi se dirang gore batho ba bangwe ba se ka ba akanyetsa maikutlo a ba bangwe. Fa motho a lebile fela se ene a se dirang go motlhofo gore a se ka a kgona go lemoga kgotsa a se ka a tshwenyega ka dilo tse batho ba a dirisanang le bone ba di tlhokang. O tshwana le mokgweetsi wa bese yo o tshwenyegileng fela ka gore a ngaparele thulaganyo ya gagwe gore a fitlhe ka nako mme a bo a sa eme gore a pege bapalami ba gagwe.

Gore re se ka ra tshwana le Gehasi yo o neng a sa akanyetse maikutlo a batho ba bangwe, re tshwanetse go leka go nna pelontle mo bathong ka gonne ga re itse gore tota ba ikutlwa jang. Re tshwanetse go nna bonako go ela tlhoko dilo tse di bontshang kafa motho a ikutlwang ka teng mme re bo re bua kgotsa re dirisana le ene ka bonolo. O ka tokafatsa jang bokgoni jwa gago mo ntlheng eno?

Go Tlhaloganya Maikutlo a ba Bangwe

Jesu e ne e le sekao se se tlhomologileng mo kgannyeng ya go tlhaloganya maikutlo a batho ba bangwe le go bona gore ke tsela efe e e bonolo go gaisa e a ka ba tshwarang ka yone. Nako nngwe o ne a ja dijo kwa ntlong ya ga Simone, yo e leng Mofarasai, fa mosadi mongwe “yo o neng a itsiwe mo motseng e le moleofi” a tla kwa go ene. Le mo lekgetlong leno mosadi yono ga a bua sepe, mme Jesu o ne a kgona go lemoga tsela e a ikutlwang ka yone, ka go ela tlhoko tsela e a itshwereng ka yone. “A tlisa kurwana ya alabasetere ya leokwane le le nkgang monate, a nna kafa morago fa dinaong tsa [ga Jesu], a lela mme a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa tlhogo ya gagwe. Gape, o ne a atla dinao tsa gagwe ka bonolo a ba a di tlotsa ka leokwane le le nkgang monate.” Jesu o ne a lemoga gore seno sotlhe se kaya eng. Mme le fa Simone a ile a se ka a bua sepe, Jesu o ne a kgona go lemoga gore o ipoleletse jaana: “Monna yono, fa e ne e le moporofeti, o ne a tla itse gore mosadi yo o mo amang yono ke mang le gore ke wa mofuta ofe, gore ke moleofi.”—Luke 7:37-39.

Akanya fela gore go ka bo go ile ga baka kutlobotlhoko e kana kang fa Jesu a ka bo a ile a kgoromeletsa mosadi yono kgakala le ene kgotsa fa a ka bo a ile a raya Simone a re: “Monna wa seeleele ke wena! A ga o bone gore mosadi yono o ikwatlhaile?” Mo boemong jwa moo, ka ntlha ya go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe, Jesu o ne a bolelela Simone ka setshwantsho sengwe sa monna mongwe yo o neng a itshwarela motho mongwe yo o neng a na le molato o mogolo a bo a itshwarela le yo mongwe yo o nang le molato o monnye thata. Jesu o ne a botsa a re: “Ke ofe wa bone yo o tla mo ratang thata?” Ka jalo, mo boemong jwa gore go lebege e kete Jesu o kgala Simone, o ne a mo akgolela tsela e e siameng e a arabileng ka yone. Morago ga foo o ne a thusa Simone ka bonolo gore a lemoge dilo tse dintsi tse di bontshang kafa mosadi yono a ikutlwang ka teng le kafa a neng a bontsha ka teng gore o ikwatlhaile. Jesu o ne a retologela mo mosading yoo mme a bontsha ka bonolo gore o tlhaloganya kafa a ikutlwa ka teng. O ne a mmolelela gore o itshwaretswe maleo a gagwe mme morago ga foo a mo raya a re: “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.” Ruri mafoko ao a a supang go akanyetsa maikutlo a ba bangwe a tshwanetse a bo a ile a mo nonotsha gore a ititeye sehuba gore o tla dira se se siameng! (Luke 7:40-50) Jesu o ne a kgona go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe ka gonne o ne a ela tlhoko gore batho ba ikutlwa jang mme a bo a ba bontsha kutlwelobotlhoko.

Fela jaaka Jesu a ile a thusa Simone, le rona re ka ithuta go dira jalo re bo re thusa le batho ba bangwe go tlhaloganya maikutlo a ba bangwe le fa ba sa a bue. Ka dinako tse dingwe badiredi ba ba nang le maitemogelo ba ka ruta batho ba ba sa tswang go kopanela go nna le bokgoni jono mo bodireding jwa Bokeresete. Fa ba sena go tswa mo ntlong nngwe fa ba ntse ba bolela dikgang tse di molemo, ba ka nna ba leka go sekaseka dilo dingwe tse di bontshang kafa batho ba ba kopaneng le bone ba ikutlwang ka teng. A motho yoo o ne a le ditlhong, a o ne a belaela, a o ne a tenegile kgotsa a o ne a tshwaregile? Ke tsela efe e e molemo thata e motho yoo a ka thusiwang ka yone? Bagolwane le bone ba ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka ntlha ya go se akanyetse maikutlo a yo mongwe ba ileng ba kgopisana. Thusa mongwe le mongwe wa bone go tlhaloganya kafa yo mongwe a ikutlwang ka teng. A o ikutlwa a kgopisitswe, a itlhokomolositswe kgotsa a sa tlhaloganngwe? Go nna bonolo go ka mo thusa jang gore a ikutlwe botoka?

Batsadi le bone ba tshwanetse go thusa bana ba bone go leka go nna kutlwelobotlhoko, ka gonne ke sone se se tla ba tlhotlheletsang gore ba kgone go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. Morwawe Peggy yo o umakilweng kwa tshimogolong, o ne a bona monnawe a hibitse sefatlhego, a tsuputse melomo e bile a geletse dikeledi mo matlhong mme a lemoga kafa monnawe a utlwileng botlhoko ka teng. Fela jaaka mmaagwe a ne a solofetse, o ne a ikwatlhaya mme a ikemisetsa go fetoga. Basimane ba ga Peggy ka bobedi ba ne ba dirisa bokgoni jo ba bo ithutileng fa ba sa ntse ba le bannye ka tsela e e molemo mme dingwaga di le dintsi morago ga foo ba ne ba nna le matswela mo go direng barutwa le go nna badisa mo phuthegong ya Bokeresete.

Bontsha Gore o a Tlhaloganya

Go botlhokwa thata go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe segolobogolo fa o ngongorega ka mongwe. Go motlhofo gore o dige seriti sa motho yoo. Go molemo gore ka metlha o mo akgole pele ka sengwe se a se dirileng. Go na le gore o mo tshwaye diphoso, tlhoma mogopolo mo bothateng jo lo nang le jone. Mo tlhalosetse gore se a se dirang se go ama jang le gore ke eng se tota o ka ratang go bona a dira diphetogo mo go sone. Go tswa foo iketleeletse go reetsa. Gongwe o ka tswa o sa mo tlhaloganya sentle.

Batho ba itumelela go bona gore o tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng le fa o sa dumalane le se ba se buang. Jesu o ne a bua ka tsela e e supang gore o akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe, a bontsha gore o tlhaloganya kafa Maratha a ngomogileng pelo ka teng. O ne a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi.” (Luke 10:41) Ka tsela e e tshwanang, fa motho a bua ka bothata bongwe, mo boemong jwa go mo naya tharabololo pele ga o utlwa sengwe le sengwe, tsela e e molemo ya go bontsha gore o a mo tlhaloganya le gore o akanyetsa maikutlo a gagwe ke go boeletsa bothata kgotsa ngongorego ya motho yoo ka mafoko a gago. Eno ke tsela e e molemo ya go bontsha gore o a tlhaloganya.

Tlhopha Mafoko fa o Bua

Fa Kgosigadi Esethere a ne a batla go kopa monna wa gagwe gore a fedise maano a ga Hamane a go nyeletsa Bajuda, o ne a akanyetsa maikutlo a kgosi ka go rulaganya dilo gore a itumedise monna wa gagwe. Ke morago ga foo fela a ileng a umaka kgang e e masisi eno. Mme re ka ithuta sengwe gape ka go ela tlhoko tsela e a ileng a tlhopha mafoko ka teng fa a ne a bua. Ka go akanyetsa maikutlo a kgosi, ga a ka a tlhalosa seabe se monna wa gagwe a neng a na le sone mo leanong le le bosula leno.—Esethere 5:1-8; 7:1, 2; 8:5.

Ka mo go tshwanang, fa re etela monna yo o sa dumeleng wa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete, go na le gore re simolole fela ka go bua le ene ka Baebele, ke eng fa re sa bontshe gore re akanyetsa maikutlo a gagwe ka go mmotsa pele ka dilo tse a di kgatlhegelang? Fa go tlile moeng kwa Holong ya Bogosi a ikaparetse fela kgotsa mongwe yo o nang le nako e telele a sa tle dipokanong, mo amogele ka lorato go na le gore o bue ka moaparo wa gagwe kgotsa ka go sa nne teng ga gagwe. Mme fa o lemoga gore motho yo o sa tswang go kgatlhega o na le kgopolo nngwe e e sa siamang, go ka nna molemo gore o se ka wa mo kgalemela gone fela ka nako eo. (Johane 16:12) Go akanyetsa maikutlo a ba bangwe go akaretsa go tlhopha mafoko a rona sentle fa re bua.

Puo e e Fodisang

Go ithuta bokgoni jwa go bua ka tsela e e supang go akanyetsa maikutlo a ba bangwe go tla go thusa gore o nne le kamano e ntle le ba bangwe, le fa mongwe a ka tswa a sa tlhaloganya maitlhomo a gago sentle e bile a kgopisegile thata. Ka sekai, fa banna ba Eferaime ba “leka go tsosa komano . . . ka bogale” le Gidione, karabo ya gagwe e e neng e bontsha gore o akanyetsa maikutlo a bone e ne e akaretsa go ba tlhalosetsa sentle gore go diragetseng le go sekaseka ka boikanyegi dilo tse banna ba Eferaime ba di dirileng. Se a se dirileng e ne e le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe ka gonne o ne a lemoga gore ke ka ntlha yang fa ba galefile mme go ikokobetsa ga gagwe go ile ga ba reba bogale.—Baatlhodi 8:1-3; Diane 16:24.

Leka ka metlha go lemoga gore mafoko a gago a tla ama batho ba bangwe jang. Fa o leka go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe go tla go thusa gore o bone boipelo jo bo tlhalosiwang mo go Diane 15:23: “Motho o a ipela mo karabong ya molomo wa gagwe, mme a bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!”

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Batsadi ba ka ruta bana ba bone go amega ka ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Badiredi ba Bakeresete ba ba nang le maitemogelo ba ka ruta batho ba ba sa tswang go kopanela go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe