Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona Kae Kagiso ya Mogopolo?

O ka Bona Kae Kagiso ya Mogopolo?

O ka Bona Kae Kagiso ya Mogopolo?

Go na le dipharologanyo di le dintsi fa gare ga motlha wa rona le motlha wa ga Thoreau, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng. Pharologanyo nngwe e kgolo ke gore gompieno go na le dikgakololo di le dintsi malebana le gore motho a ka nna jang le kagiso ya mogopolo. Baithutatlhaloganyo le bakwadi ba dibuka tsa dikgakololo—tota le bakwaladikgang—ba naya batho dikgakololo tsa bone. Dikgakololo tsa bone di ka nna tsa thusa ka nakwana; mme go bona tharabololo e e tla nnelang ruri, go tlhokega sengwe se se boteng. Ke se batho ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng ba ileng ba se lemoga.

ANTÔNIO, Marcos, Gerson, Vania le Marcelo ba godisitswe ka ditsela tse di farologaneng e bile ba ne ba na le mathata a a farologaneng. Mme le fa go ntse jalo go ne go na le dilo tse tharo tse ba neng ba tshwana ka tsone. Sa ntlha, go ne go na le nako e ka yone ba neng ba “se na tsholofelo e bile [ba] se na Modimo mo lefatsheng.” (Baefeso 2:12) Sa bobedi, ba ne ba eletsa go nna le kagiso ya mogopolo. Mme sa boraro, botlhe ba ne ba bona kagiso ya mogopolo e ba neng ba e batla fa ba sena go dumela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa ba ntse ba gatela pele, ba ne ba lemoga gore Modimo o a ba kgatlhegela. Ebu, jaaka Paulo a ile a bolelela Baathena ba motlha wa gagwe, Modimo “[ga o] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Ditiro 17:27) Go tshepa seno ka botlalo ke ntlha ya botlhokwa e e ka thusang motho go bona kagiso ya mogopolo.

Ke ka Ntlha Yang Go se Na Kagiso Jaana?

Baebele e neela mabaka a mabedi a konokono a go bo go se na kagiso jaana mo lefatsheng—e ka tswa e le kagiso ya mogopolo kana kagiso mo gare ga batho. La ntlha le tlhalosiwa mo go Jeremia 10:23: “Tsela ya motho [ga e] mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” Batho ga ba na botlhale e bile ga ba kgone go bonela dilo pele gore ba tle ba kgone go ipusa kwantle ga thuso mme thuso e le yosi e e nang le mosola tota ke e e tswang go Modimo. Batho ba ba sa batleng kaelo ya Modimo ba ka se ka ba bona kagiso e e nnelang ruri. Lebaka la bobedi la go bo go se na kagiso le ka bonwa mo mafokong ano a ga moaposetoloi Johane: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Fa batho ba sa kaelwe ke Modimo, maiteko a bone a go bona kagiso a tla senngwa ka dinako tsotlhe ke ditiro tsa ene yo o sa bonaleng mme e le motho wa mmatota—e bile a le maatla thata—“yo o boikepo,” e leng Satane.

Ka ntlha ya mabaka ano a mabedi—a go bo batho ba sa batle kaelo ya Modimo le go bo Satane a dira ka natla mo lefatsheng—batho botlhe ba mo boemong jo bo utlwisang botlhoko. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa boemo jono sentle jaana: “Tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) Ke mang yo o ka ganetsang tlhaloso eo? Mo ditšhabeng tse di humileng le mo go tse di humanegileng, mathata a lelapa, bokebekwa, tshiamololo, dikgotlhang tsa botho, go sa tlhomama ga ikonomi, letlhoo la ditso le la merafe, kgatelelo, bolwetse le dilo tse dingwe tse dintsi, di dira gore batho ba se ka ba nna le kagiso ya mogopolo.

Koo o ka Bonang Kagiso ya Mogopolo Gone

Fa Antônio, Marcos, Gerson, Vania, le Marcelo ba ne ba ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele, ba ile ba ithuta dilo tse di ileng tsa fetola matshelo a bone. Selo sa ntlha, ba ile ba ithuta gore ka letsatsi lengwe boemo jwa lefatshe bo tla bo bo fetogile. Eno ga se tsholofelo e e sa utlwaleng ya gore sengwe le sengwe se tla siama kwa bofelong. Ke tshepo ya mmatota, e e tlhomamisegang ya gore Modimo o na le maikaelelo ka batho le gore re ka solegelwa molemo le e leng gone jaanong ke maikaelelo ao fa re dira go rata ga gagwe. Ba ile ba dirisa se ba se ithutileng mo Baebeleng mo matshelong a bone mme dilo di ile tsa tokafala. Ba ile ba nna le boitumelo le kagiso tse di fetang tse ba neng ba akantse gore ba ka nna le tsone.

Antônio ga a sa tlhole a nna le seabe mo dipopelelong le mo dikgogakgoganong tsa badiri. O itse gore diphetogo tse di tlisiwang ka tsela eo di a tlhaela e bile ke tsa nakwana. Motho yono yo pele e neng e le moeteledipele wa mokgatlho wa badiri o ithutile ka Bogosi jwa Modimo. Ke Bogosi jo batho ba le dimilione ba bo rapelelang fa ba boeletsa Thapelo ya Morena (kana ya Rraetsho) mme ba raya Modimo ba re: “Bogosi jwa gago a bo tle.” (Mathaio 6:10a, New International Version) Antônio o ile a ithuta gore Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota ya selegodimo e e tla tlisetsang batho kagiso ya mmatota.

Marcos o ne a ithuta go dirisa kgakololo e e botlhale ya Baebele e e malebana le kgang ya lenyalo. Ka ntlha ya seo, motho yono yo pele e neng e le radipolotiki gone jaanong o boelane le mosadi wa gagwe ka boitumelo. Le ene o lebeletse nako e e tla tlogang e tla, ya fa Bogosi jwa Modimo bo tla bo bo emisetsa tsamaiso eno ya lefatshe e e bogagapa, e e pelotshetlha ka tsamaiso e e botoka. O tlhaloganya botoka polelo eno e e mo Thapelong ya Morena e e balegang jaana: “A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10bNIV) Fa go rata ga Modimo go dirwa mo lefatsheng, batho ba tla nna le botshelo jwa maemo a a kwa godimo jo ba iseng ba ko ba bo bone.

Go tweng ka Gerson? Ga a sa tlhole e le mokgarakgatshegi le legodu. Botshelo jwa motho yono yo o kileng a bo a le ngwana yo o golelang mo mebileng jaanong bo na le bokao ka gonne o dirisa maatla a gagwe go thusa ba bangwe gore ba bone kagiso ya mogopolo. Jaaka ditiragalo tseno di bontsha, go ithuta Baebele le go dirisa se e se bolelang go ka fetola botshelo jwa motho thata gore bo nne botoka.

Kagiso ya Mogopolo mo Lefatsheng le le Nang le Mathata

Motho yo o nang le seabe se segolo thata mo go diragatseng go rata ga Modimo ke Jesu Keresete, mme fa batho ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba ithuta mo gontsi ka ene. Mo bosigong jo a tshotsweng ka jone, baengele ba ne ba opela dipako tsa Modimo: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong a a kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.” (Luke 2:14) Fa Jesu a gola o ne a amegile ka go tokafatsa matshelo a batho. O ne a tlhaloganya maikutlo a bone mme o ne a utlwela batho ba ba bogang le ba ba lwalang botlhoko ka tsela e e sa tlwaelegang. Mme go dumalana le mafoko a baengele, o ne a tlisetsa bapelonomi kagiso ya mogopolo ka selekanyo se se rileng. Kwa bofelong jwa bodiredi jwa gagwe, o ne a raya barutwa ba gagwe jaana: “Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke e lo neye ka tsela e lefatshe le e nayang ka yone. Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega lefa e le go di letla go boboana ka ntlha ya poifo.”—Johane 14:27.

Jesu e ne e se motho yo o direlang ba bangwe molemo fela. O ne a itshwantsha le modisa, mme a tshwantsha balatedi ba gagwe ba ba pelonomi le dinku fa a ne a bolela jaana: “Ke tlile gore ba tle ba nne le botshelo mme ba tle ba nne le jone ka letlotlo. Ke nna modisa yo o molemomogolo; modisa yo o molemomogolo o neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku.” (Johane 10:10, 11) Ee, go farologana le baeteledipele ba bantsi ba gompieno ba ba amegang ka bone pele, Jesu o ne a neela dinku tsa gagwe botshelo jwa gagwe.

Re ka solegelwa molemo jang ke se Jesu a se dirileng? Ba le bantsi ba tlwaetse mafoko ano: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Go nna le tumelo mo go Jesu, sa ntlha go batlega gore motho a itse kaga gagwe le Rraagwe e bong Jehofa. Go itse Modimo le Jesu Keresete go ka dira gore re nne le kamano e e atamalaneng le Jehofa Modimo e e tla re thusang go nna le kagiso ya mogopolo.

Jesu o ne a re: “Dinku tsa me di reetsa lentswe la me, mme ke a di itse, mme di ntshala morago. Mme ke di naya botshelo jo bo sa khutleng, mme le ka motlha ga di na go senngwa ka gope, e bile ga go na ope yo o tla di tsubulang mo seatleng sa me.” (Johane 10:27, 28) A bo e le mafoko a a lorato e bile a gomotsa jang ne! Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a bua mafoko ano dingwaga di ka nna dikete tse pedi tse di fetileng, le fa go ntse jalo a sa ntse a na le maatla a a tshwanang le a a neng a na le one ka nako eo. Le ka motlha o se ka wa lebala gore Jesu Keresete o sa ntse a tshela e bile o a dira, gone jaanong o busa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e e tlhomilweng. Fela jaaka ka nako ya fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng dingwaga tse dintsi tse di fetileng, o sa ntse a amega ka batho ba ba pelonomi ba ba batlang go nna le kagiso ya mogopolo. Mo godimo ga moo, e sa ntse e le Modisa wa dinku tsa gagwe. Fa re mo latela, o tla re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo, e e akaretsang go nna le tshepo ya go bona kagiso e e feletseng mo isagweng—mo go tla bolelang gore go se tlhole go na le thubakanyo, ntwa le bokebekwa.

Gore re bone melemo ya mmatota re tshwanetse ra itse ra bo ra dumela gore Jehofa o tla re thusa, a dirisa Jesu. A o gakologelwa Vania, yo fa a ne a le mosetsana yo mmotlana a neng a tlogelwa ka maikarabelo a a boima mme a akanya gore Modimo o mo lebetse? Gone jaanong Vania o itse gore Modimo ga a mo latlha. O bolela jaana: “Ke ile ka ithuta gore Modimo ke motho wa mmatota yo o nang le dinonofo tse dintle. Lorato lwa gagwe lo ile lwa mo tlhotlheletsa gore a romele Morwawe mo lefatsheng go tla go re naya botshelo. Go botlhokwa thata go itse seno.”

Marcelo o tlhomamisa gore kamano ya gagwe le Modimo ke ya mmatota. Motho yono yo pele a neng a ya kwa diphathing o akgela jaana: “Gantsi basha ga ba itse gore ba direng mme ba feleletse ba ikgobatsa. Bangwe ba inaakanya le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, jaaka nna ke dirile. Ke solofela gore ba ba oketsegileng ba tla segofala jaaka nna ke ile ka segofala, ka go ithuta boammaaruri ka Modimo le Morwawe.”

Ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko, Vania le Marcelo ba ile ba nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong e bile ba tshepa tota gore o batla go ba thusa go rarabolola mathata a bone. Fa re ka dira se ba se dirileng—re ithuta Baebele le go dira se e se bolelang—re tla bona kagiso e ntsi ya mogopolo, fela jaaka bone. Mme kgothatso ya ga moaposetoloi Paulo e tla dira tota mo go rona: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

Go Bona Kagiso ya Mmatota Gompieno

Jesu Keresete o kaela batho ba ba tshwerweng ke tlala ya boammaaruri mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng mo paradaiseng ya mo lefatsheng. Fa a ntse a ba kaela kwa kobamelong e e itshekileng ya Modimo, ba nna le kagiso e e tshwanang le e e tlhalosiwang mo Baebeleng: “Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso le mo maagong a tshepo e e feletseng le mo mafelong a boikhutso a a nnang a sa tshwenyege.” (Isaia 32:18, NW) Mme se ke tatsonyana fela ya kagiso e ba tla nnang le yone mo isagweng. Re bala jaana: “Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:11, 29.

Ka gone, a re ka nna le kagiso ya mogopolo gompieno? Ee. Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore gautshwanyane, Modimo o tla segofatsa batho ba ba kutlo ka kagiso e e iseng e ko e nne gone. Ka gone he, ke eng fa o sa mo kope ka thapelo gore a go neye kagiso ya gagwe? Fa e le gore o na le mathata a a dirang gore o se ka wa nna le kagiso, rapela ka tsela e Kgosi Dafide a neng a rapela ka yone: “Dikhuduego tsa pelo ya me di goletse pele; a o ko o nntshe mo dipitlaganong tsa me. Sekaseka patikego ya me le thekisego ya me; mme o itshwarele maleo a me otlhe.” (Pesalema. 25:17, 18) Mme tlhomamisega gore Modimo o reetsa dithapelo tse di ntseng jalo. O otlolola seatla sa gagwe mme a bo a naya botlhe kagiso, ba ba e batlang ka tlhoafalo. Re tlhomamisediwa jaana ka lorato: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, e bong botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tlaa dirafatsa keletso ya ba ba mmoifang; le gone o tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke.”—Pesalema 145:18, 19.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Motho ga a na botlhale e bile ga a kgone go bonela dilo pele gore a kgone go ipusa kwantle ga thuso . . . mme thuso e le yosi e e mosola tota ke e e tswang go Modimo

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Go itse Modimo le Jesu Keresete go ka dira gore re nne le kamano e e atamalaneng le Jehofa Modimo e e tla re thusang gore re nne le kagiso ya mogopolo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go latela kgakololo ya Baebele go thusa gore go nne le botshelo jo bo iketlileng jwa lelapa