Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Tlhaloganya Baebele

Tsela ya go Tlhaloganya Baebele

“O itse jang gore tsela e o tlhaloganyang Baebele ka yone e siame? E ka tlhalosiwa ka ditsela di le dintsi tse di sa tshwaneng!”

A o kile wa utlwa batho ba bua jalo? Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore go a kgonega go tlhatlhoba Baebele ka tsela ya gore e itlhalose? Tsela ya go dira jalo ke e: Fa ditemana tse di dikologileng temana e o e tlhatlhobang di sa e tlhalose, bapisa temana eo le ditemana tse dingwe mo Baebeleng tse di buang ka kgang ya temana e o sa e tlhaloganyeng eo. Fa re dira jalo re tla bo re letla Baebele, e seng maikutlo a rona, go kaela tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone.

Ka sekai, akanya ka se Baebele e se rutang ka boemo jwa baswi. Ditemana tse thataro tse di latelang di tserwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa Baebele. Ela tlhoko tsela e di nyalanang ka yone.

  • “Baswi ga ba bake Jehofa, le fa e le ope yo o fologelang mo tuulalong.”Pesalema 115:17. *
  • “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.”Pesalema 146:3, 4.
  • “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe.”Moreri 9:5.
  • “Phupu ga e kake ya go baka, loso ga lo kake lwa go jela moopelane . . . Motshedi, motshedi ene, o tlaa go baka, jaaka ke dira gompieno.”Isaia 38:18, 19.
  • “Mowa o o leofang, go tlaa swa one.”Esekiele 18:4.
  • Jesu Keresete o ne a bua jaana fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a sa tswa go swa: “‘Lasaro, tsala ya rona, e robetse; mme ke a ya gore ke mo tsose mo borokong.’ Barutwa ba mo raya ba re, ‘Morena, fa a robetse, o tlaa fola.’ . . . Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: ‘Lasaro o sule.’”Johane 11:11-14.

A o bona tsela e ditemana tseno tsotlhe di nyalanang ka yone? Go farologana le se batho ba bantsi ba se dumelang, Baebele e ruta gore tota baswi ga ba tshele. Ga ba kwa legodimong kgotsa gongwe go sele, mme ba robetse, ga ba ikutlwe gotlhelele. Ka jalo, ga ba kgone go galaletsa Modimo kgotsa le e leng go akanya. *

Ntlha ya konokono ke eno: Fa re tlhatlhoba Baebele go ya ka kgang e e rileng, dithuto tsa yone di tlhaloganngwa botoka. Ke boammaaruri gore tsela eno ya go ithuta e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, e tlhoka maiteko a magolo. (Diane 2:1-5) Mme go ntse jalo le ka bontsi jwa dilo tse di botlhokwa.

^ ser. 5 Ditemana tseno di tserwe mo thanolong ya Baebele e e Boitshepo.

^ ser. 11 Baebele e ruta gore baswi ba ba leng mo mogopolong wa Modimo ba tla ‘tsosiwa’ mo baswing mo isagweng ka nako e Modimo a e tlhomileng.—Bona Jobe 14:14, 15; Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.