Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhopha Dilo Tse di Tshwanetseng go Tla Pele

Tlhopha Dilo Tse di Tshwanetseng go Tla Pele

Dira gore lo je dijo mmogo bobotlana gangwe letsatsi lengwe le lengwe

“Ke ne ke nna ke lapile—ke akanya kafa ke ka kgonang ka gone go dira maikarabelo a me otlhe a a jaaka go dira tiro ya me ya boitshediso, go godisa bana le go dira dilo tse re di dirang ka metlha tsa kobamelo, ditiro tsa mo lapeng le go ikhutsa.”—YOKO, JAPANE.

Kgwetlho.

Mmè wa bana ba babedi ba basimane e bong Miranda a re: “Kgwetlho e kgolo go gaisa ke go nna mmè yo o dirang tiro ya boitshediso mme gape o tshwanelwa ke go tlamela bana ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang—mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo semoyeng—mme o sa thusiwe ke molekane wa lenyalo.”

Dikakantsho.

Dira tshwetso ya gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa thata mo go wena le mo baneng ba gago, mme o dire gore dilo tseo e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa gago.

Se letle sepe go fetola thulaganyo ya dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago mme o ithute go dirisa nako ya gago le madi a gago go dumalana le thulaganyo eo. Ka sekai: Botsogo jwa bana ba gago bo botlhokwa, ka jalo dirisa madi a o a bereketseng ka thata go reka dijo tse di nang le dikotla. Seo se botoka go na le go dirisa madi a gago go duelela ditshenyegelo tsa kalafi. Pele o ya mabenkeleng, dira lenaane la dilo tse o tlileng go di reka. Seno se tla go thusa gore o se ka wa senya madi ka go reka dilo fela ka gonne o di bona. Roberto yo o nnang kwa United States le bana ba gagwe ba banè a re: “Ke rata go apaya.” Gape a re: “Ke ithutile go tlhoma mogopolo mo dilong tse re di tlhokang—e seng tse re di batlang—mme le gone e seng mo go tse re di tlhokang ka kakaretso fela, mme mo go tse tota re di tlhokang letsatsi le letsatsi.”

Dirisa madi a o a bereketseng ka thata go reka dijo tse di nang le dikotla. Seo se botoka go na le go dirisa madi a gago go duelela ditshenyegelo tsa kalafi

Latlha dilo tse o sa nkeng o di dirisa—dibuka, diaparo, didirisiwa. Jaaka mmè mongwe yo o se nang molekane a ile a kwala: “Go nna le dilo tse dintsi thata go baka kgatelelo ya maikutlo. Fa o na le dilo tse dintsi, o tla nna le dilo tse dintsi go di phepafatsa, go di baakanya le go di tlhokomela. Selo sa botlhokwa se se ka thusang go tlhofofatsa botshelo jwa gago ke go fokotsa dilo tse o nang le tsone.”

Thapisa bana ba gago gore maitseboa mangwe le mangwe ba phuthe dilo tsa bone. O se ka wa tlogelela legae la gago le tlhakatlhakana. Go nna le molao o o gagametseng jalo wa go dira ditiro tsa mo gae go ruta bana ba gago go nna le boikarabelo jwa go tlhokomela phaposi ya bone le legae. Gone ke boammaaruri gore go tla nna motlhofo gore bana ba gago ba go ikobele fa o ba tlhomela sekao se se molemo.

Le fa o ka tswa o tshwaregile thata, o tshwanetse go ipha nako le bana ba gago—e seng nako e khutshwane fela e go tweng ke go ipha nako e e molemo le bana, mme o tshwanetse go ipha nako e ntsi le bone kafa o ka kgonang ka teng. Bana ba gago ba tlhoka gore o iphe nako le bone le gore o ba tlhokomele.—Duteronome 6:7.

Dira gore lo je dijo mmogo bobotlana gangwe letsatsi lengwe le lengwe mme o dire gore nako ya dijo e nne nako e e itumedisang. Mmè mongwe wa bana ba bararo e bong Colette a re: “Re ne ra swetsa ka go re dijo tsa maitseboa, e leng nako e mongwe le mongwe o a bong a le mo gae ka yone, e tla nna nako ya go tlhalosa maikutlo a rona le go tlotla ka dilo tsa semoya. Nako eo ya dijo e sa ntse e le nako e e kgethegileng mo botshelong jwa lelapa la rona.”