Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e e mo Baebeleng?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e e mo Baebeleng?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e e mo Baebeleng?

KE NAKO ya dijo tsa motshegare mme o na le basetsana ba babedi kwa sekolong. Mongwe wa bone o tlhomile mosimane mongwe yo e leng gone a gorogang mo sekolong sa lona matlho.

Mosetsana wa ntlha o go raya a re: “Tota ke a bona gore mosimane yono o a go rata. Ke kgona go bona ka tsela e a go tlhomileng matlho ka yone. Matlho a gagwe ga a tloge mo go wena!”

Mosetsana wa bobedi o sebaseba a sekamela mo go wena a re: “Wa itse ke eng? Ga a na kgarebe!”

Mosetsana wa ntlha a re: “Ka maswabi nna ke na le motho wa me. Ke ne ke tla mo tsaya ka go panya ga leitlho!”

Mosetsana wa ntlha o bua se ka gale o sa rateng go se utlwa.

“Go tla jang gore o bo o se na lekau?”

O ne o itse gore o tla botsa jalo. Boammaaruri ke gore, o ka rata go nna le lekau. Le fa go ntse jalo, o boleletswe gore go botoka gore o lete go fitlha o siametse go tsena mo lenyalong pele o simolola go intsha le mongwe. Fa e ne e se ka . . .

“Ke ka ntlha ya kereke ya lona, ga ke re?” mosetsana wa bobedi a rialo.

O ipotsa gore, ‘A o ne a itse se ke se akanyang?’

Mosetsana wa ntlha o go sotla jaana: “Wena sengwe le sengwe fela ke Baebele, Baebele, Baebele. Ke eng fa ka dinako dingwe o sa nne le nakonyana fela ya go ijesa monate?”

A o kile wa iphitlhela o le mo seemong se se tshwanang—o sotlwa ka gonne o leka go tshela ka melao e e mo Baebeleng? O ile wa tsibogela seo jang?

O ne wa femela tsela ya gago ya boitshwaro ka bopelokgale

O ne wa ikutlwa o sa phuthologa, le fa go ntse jalo wa tlhalosa se o se dumelang ka bojotlhe ka mo o neng o ka kgona ka teng

O ne wa akanya gore ditsala tsa gago tsa kwa sekolong di ne di bua boammaaruri—o ne o tlodiwa ke monate!

A o kile wa ipotsa, ‘A go tshela ka melao e e mo Baebeleng go solegela molemo?’ Mosha yo o bidiwang Deborah o ile a akanya ka seo. * A re: “Balekane ba me ba ne ba dira se ba se batlang. Go ne go lebega e kete ba ne ba sa ikarabelele mo go ope. Melao ya Baebele e ne e bonala e thibela motho. Botshelo jwa go tlhoka dithibelo jwa ditsala tsa me tsa kwa sekolong bo ne bo nkgatlha.”

A go Phoso go Ipotsa Gore a Melao ya Modimo e Solegela Molemo?

Mokwadi wa Baebele Asafe o ile a nna le nako mo botshelong jwa gagwe e ka yone a neng a ipotsa gore a go tshela ka tshela e e itumedisang Modimo go solegela molemo. O ile a kwala jaana: “Ke ne ka tswela baipelafatsi pelo, fa ke ne ke bona kagiso ya baikepi.” O ile a ba a re: “Eleruri ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato.”—Pesalema 73:3,13.

Ga go pelaelo gore Jehofa Modimo o tlhaloganya gore batho ka dinako dingwe ba ka ipotsa gore a go botlhokwa go tshela ka melao ya gagwe. Kana e bile, o ile a dira gore dikgopolo tsa ga Asafe di kwalwe mo Baebeleng. Kwa bofelong, Asafe o ne a lemoga gore go tshela ka melao ya Modimo ke tsela e e molemolemo ya botshelo. (Pesalema 73:28) O lemogile seo jang? Asafe o ne a le botlhale. O ile a dira tshwetso eo e seng ka go bo a ile a welwa ke masetlapelo a a mo diragaletseng ka namana, mme ka gonne a ile a ithuta ka diphoso tsa batho ba bangwe. (Pesalema 73:16-19) A o kgona go dira se se tshwanang?

Go Sekaseka se e Leng Boammaaruri

Go farologana le Asafe, Kgosi Dafide o ile a ithuta ka tsela e e botlhoko gore ba ba itlhokomolosang melao ya Modimo ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Dafide o ile a dira boaka le mosadi wa mongwe wa batlhanka ba gagwe mme a leka go bipa ditiro tsa gagwe. Seno sa felela ka gore a utlwise ba bangwe botlhoko go akaretsa le Modimo mme a boga mo go maswe. (2 Samuele 11:1–12:23) Fa Dafide a sena go ikwatlhaya, Jehofa o ile a mo tlhotlheletsa gore a ntshe maikutlo a gagwe mo pineng le go dira gore mafoko a yone a kwalwe mo Baebeleng gore a re solegele molemo. (Pesalema 51:1-19; Baroma 15:4) Ka jalo go ithuta ka diphoso tsa ba bangwe go botlhale e bile go a utlwala go ya ka Baebele.

Go go thusa go etsa sekao sa ga Asafe le go tila diphoso tsa ga Dafide, ela tlhoko dikakgelo tsa basha bangwe ba dinaga di le mmalwa ba ba ileng ba tlhokomologa melao ya Baebele ka nakwana. Totatota ba ile ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Fela jaaka Dafide, ba ile ba ikwatlhaela maleo a bone mme ba boa ba nna le kamano e e molemo le Modimo gape. (Isaia 1:18; 55:7) Ela tlhoko se ba se buang.

Tsogang!: Ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa tsela e o neng o akanya ka yone le ditiro tsa gago?

Deborah: “Fa ke ne ke leba kwa sekolong ke ne ke bona basha botlhe ba na le makau le makgarebe mme ba lebega ba itumetse. Fa ke ntse ke fetsa nako e ntsi le bone ke ne ke ba bona ba atlana e bile ba tlamparelana, mme ke fufega e bile ke ikutlwa ke jewa ke bodutu. Gantsi ke ne ke itetla go fetsa diura di le dintsi ke akanya ka mosimane mongwe yo ke neng ke mo rata. Seno se ile sa godisa keletso ya me ya go batla go nna le ene le go dira sengwe le sengwe gore ke kgotsofatse keletso eo.”

Mike: “Ke ne ke bala dibuka mme ke leba dithulaganyo tse di neng di tlotlomatsa tlhakanelodikobo. Go bua ka tlhakanelodikobo le ditsala tsa me go ne ga godisa keletso ya me. Ka jalo, fa ke le kwa thoko le mosetsana ke ne ke akanya gore nka kgona go nna gaufi thata le ene kwantle ga go tlhakanela dikobo le ene le gore ke ne nka emisa nako nngwe le nngwe.”

Andrew: “Ke ne ke itlwaeditse go leba ditshwantsho tse di hepisang mo go Internet. Ke ile ka simolola go nwa bojalwa thata. Mme ka ya diphathing le basha ba ba neng ba sa tlotle melao ya Baebele.”

Tracy: “Fa ke ne ke le dingwaga tse 16, selo sa botlhokwa mo go nna e ne e le gore ke nne le lekau la me. Ke ne ke itse sentle gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go phoso, mme ke ne ke sa go tlhoa. Ke ne ke sa ikaelela go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, le fa go ntse jalo maikutlo a me a ne a fekeetsa tsela e ke neng ke akanya ka yone. Go ne ga feta nakonyana segakolodi sa me se sule ke sa tlhole ke na le maikutlo ape fela a go ipona molato.”

Tsogang!: A tsela e o neng o tshela ka yone e ile ya dira gore o itumele?

Deborah: “Kwa tshimologong, ke ne ke ikutlwa ke itumetse e bile ke gololesegile ke itumeletse gore jaanong ke kgonne go tshela ka tsela e balekane ba me ba tshelang ka yone. Le fa go ntse jalo, maikutlo ao a ile a se ka a nnela ruri. Ke ile ka simolola go ikutlwa ke le leswe, ke amogilwe boitsheko jwa me, ke sa kgotsofala. Ke ne ke ikutlwa ke ikwatlhaela go bo ke latlhile bokgarebane jwa me, selo se ke neng nka se tlhole ke se bona gape. Fa e sale ka nako eo gantsi ke ne ke ipotsa, ‘Tota ke ne ke akanya gore ke mang?’ Le gore ‘Goreng—goreng ke ile ka itlhokomolosa melao e e lorato ya ga Jehofa?’”

Mike: “Ke ile ka simolola go utlwa e kete karolo nngwe ya me e sule. Ke ile ka leka go itlhokomolosa tsela e ditiro tsa me di neng di ama ba bangwe ka yone, mme ke ne ke sa kgone. Ke ne ka utlwisiwa botlhoko ke go lemoga gore go batla go ijesa monate ga me go ne go utlwisa batho ba bangwe botlhoko. Ke ne ke sa kgone go robala. Kgabagare, monate wa tlhakanelodikobo o ne wa fela mme kutlobotlhoko le ditlhong tsa laola mogopolo wa me.”

Andrew: “Go ne go tswelela go nna motlhofo go kgotsofatsa dikeletso tse di bosula. Mme ka nako e e tshwanang, ke ne ka fekeediwa ke maikutlo a go ipona molato mme ke ne ke itshwabela.”

Tracy: “Go ne ga se ka ga ntsaya lobaka go lebana le boammaaruri. Boitsholo jo bo maswe bo ne jwa senya bosha jwa me. Ke ne ke akanya gore nna le lekau la me re ne re tla itumela. Re ne ra se ka ra itumela. Re ne ra feleletsa re utlwisana botlhoko e bile re hutsafetse. Bosigo bongwe le bongwe ke ne ke lela ke le mo bolaong, ke eletsa e kete nkabo ke dirile dilo ka tsela ya ga Jehofa.”

Tsogang!: Ke kgakololo efe e o ka e nayang basha ba ba akanyang gore melao ya Baebele ya boitshwaro e a gatelela?

Deborah: “Botshelo jwa gago bo ka se ka jwa nna botoka fa o latlha melao ya Baebele. Akanya kafa Jehofa a tla ikutlwang ka teng fa o latela kgakololo ya gagwe. Mme o akanye thata ka diphelelo tsa go itlhokomolosa kgakololo ya gagwe. Gakologelwa gore seno ga se ame wena fela le se o se batlang. Ditiro tsa gago di tla ama le ba bangwe. Mme fa o itlhokomolosa kgakololo ya Modimo o tla ikutlwisa botlhoko.”

Mike: “Ke boammaaruri gore tsela e balekane ba gago ba tshelang ka yone e ka bonala e le e e itumedisang. Le fa go ntse jalo, e sekaseke sentle pele ga o tsaya kgato. Mo gare ga dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re nayang tsone ke seriti le boitsheko. Go latlha dimpho tseo e le fela ka gonne o sa kgone go itshwara ke go itlontlolola. Bua le batsadi ba gago kgotsa batho bangwe ba ba godileng semoyeng ka mathata a gago. Fa o dira phoso nna bonako go bua mme o baakanye boemo. Fa o dira dilo ka tsela ya ga Jehofa o tla nna le kagiso ya mmatota.”

Andrew: “Fa o se na maitemogelo, o akanya gore tsela e balekane ba gago ba tshelang ka yone e a itumedisa. Mekgwa ya bone e ka go tshwaetsa. Ka jalo, tlhopha ditsala tsa gago ka botlhale. Ikanye Jehofa mme o tla tila boikutlo jwa go ikwatlhaya.”

Tracy: “O se ka wa akanya gore, ‘go ka se ka ga ntiragalela.’ Mmè o ne a mpolelela puo phaa gore ditiro tsa me di ne di tla felela ka mahutsana. Seo se ile sa nkgopisa tota! Ke ne ke akanya gore ke itse botoka. Mme gone ke ne ke sa itse sepe. Tshela ka melao ya ga Jehofa mme o itlwaelanye le bangwe ba ba tshelang ka yone. O tla itumela ka go dira jalo.”

A Melao ya Modimo ke Sekgoreletsi Kgotsa ke Sesireletsi?

Fa balekane ba gago ba go sotla ka go bo o tshela ka melao ya Baebele, ipotse dipotso tseno: ‘Goreng ba itlhokomolosa kgang ya go tshela ka melao ya Baebele ya boitsholo? A ba badile Baebele ka bobone ba sekaseka melemo ya go ikobela melao ya Modimo? A ba sekasekile ka kelotlhoko diphelelo tsa go itlhokomolosa melao eo? Kgotsa, go na le moo, ba latelela fela se mongwe le mongwe a se dirang?’

O ka tswa o itse batho ba ba ‘salang mmudubudu morago.’ (Ekesodo 23:2) A wena ga o batle go dira tshwetso e e botoka go na le eo? O ka dira seo jang? Ka go tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya go ‘iponela se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.’ (Baroma 12:2) Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” mme o batla gore o itumele. (1 Timotheo 1:11; Moreri 11:9) Melao e e kwadileng mo Baebeleng e diretswe go go solegela molemo. Ke boammaaruri gore, o ka e leba e tshwana le selo se se kgoreletsang kgololesego ya gago. Le fa go ntse jalo, tota melao ya Baebele ya boitshwaro e batla e tshwana le lebanta le le sireletsang bapalami mo dikotsing.

Ruri o ka ikanya Baebele. Fa o tlhopha go tshela ka melao ya yone o ka se itumedise pelo ya ga Jehofa fela mme gape o tla solegelwa molemo.—Isaia 48:17.

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana . . . tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet, www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Maina a fetotswe mo setlhogong seno.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore o tshele ka melao e e mo Baebeleng?

▪ Ke ka ntlha yang o tshwanetse go itlhatswa pelo gore go tshela ka melao ya Modimo ke tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya botshelo?