Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Bua Kaga Eng?

Baebele e Bua Kaga Eng?

Baebele e Bua Kaga Eng?

BANGWE ba tsaya Baebele e le buka ya hisitori, e re ka e bua ka tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ka yone dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Bangwe bone ba e tsaya e le buka ya melao ya boitsholo. Ba bontsha gore e na le melao e e fetang 600 ya dikatlholo, ya lelapa, ya boitsholo, melao le melawana ya bodumedi e Modimo a neng a e naya setšhaba sa Baiseraele. Bangwe bone ba e tsaya e le buka e e ba kaelang ka dilo tsa semoya le e e tlhagisang mogopolo wa Modimo.

Tota e bile, ditlhaloso tseno tsotlhe di boammaaruri. Baebele ka boyone e bolela jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Eleruri, sengwe le sengwe se se mo Lefokong la Modimo—go akaretsa dipego tsa hisitori, melao, le dikgakololo tsa semoya—di botlhokwa thata.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga se lenaane la mekwalo e e nang le tshedimosetso e e thusang fela. Baebele e tlhomologile ka gonne e senola se se tswang kwa go Jehofa Modimo. E naya kgakololo e e utlwalang, e e tlhotlheleditsweng ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Gape e tlhalosa maikaelelo a Jehofa ka lefatshe le ka batho le gore o tla fedisa jang dilo tse di bakang go boga ga batho. Se se botlhokwa le go feta, Baebele e tlhalosa ka tsela e Modimo a ileng a senngwa leina ka boomo ka teng gape e tlhalosa le gore o tla rarabolola jang kgang eno e e amang lefatshe lotlhe.

Modimo o Bidiwa Moaki le Mmusi Yo o Sa Siamang

Baebele e tlhalosa gore Modimo o bopile batho ba ntlha, Adame le Efa, ba itekanetse mo mogopolong le mo mmeleng mme o ne a ba baya mo tikologong e e itumedisang. O ne a baya lefatshe le diphologolo mo taolong ya bone. (Genesise 1:28) Jaaka bana ba Modimo, Adame le Efa ba ne ba na le tshono ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng, fa e le gore ba ne ba tla ikobela Rraabone wa kwa legodimong. O ne a ba iletsa go dira selo se le sengwe fela. O ne a ba raya a re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.”—Genesise 2:16, 17.

Le fa go ntse jalo, sebopiwa sengwe se se tlhalosiwang mo Baebeleng e le Satane Diabolo se ne sa ba bolelela se se kgatlhanong le seo: “Ruri ga lo kitla lo swa.” (Genesise 3:1-5) Ka go rialo o ne a ganetsa Modimo a sa potapote, Satane ga a ka a bitsa Mmopi a re ke moaki fela mme gape o ne a kaya gore tsela e a busang ka yone e phoso—gore motho a ka ipusa botoka kwantle ga Modimo. Satane o ne a dira gore Efa a dumele gore go sa ikobele Modimo go tla mo tlisetsa kgololesego le go itirela ditshwetso ka melao ya boitshwaro. O ne a re “o tla tshwana le Modimo”! Ka jalo Satane o ne a tlhasela leina le le molemo la Modimo le maikaelelo a gagwe.

Puisano eo e nnile le diphelelo tse di masisi. Tota e bile, setlhogo se segolo sa Baebele ke maikaelelo a ga Jehofa a go itshepisa leina la gagwe le go itlotlomatsa. Seno se sobokantswe mo thapelong ya ga Jesu ya sekao—e gantsi e bidiwang Thapelo ya Morena kgotsa Rrarona yo o kwa Legodimong. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jaana: “A leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale . . .mo lefatsheng.”—Mathaio 6:9, 10.

Kafa Modimo a Itshepisang Leina la Gagwe ka Teng

Satane o tsositse kgwetlho ka dipotso tseno: Ke mang yo o buileng boammaaruri—Jehofa kgotsa Satane? A tsela e Jehofa a busang dibopiwa tsa gagwe ka yone ke e e siameng le e e molemo? A o na le tshwanelo ya go lebelela gore batho ba mo ikobele? A tota batho ba ka kgona go ipusa botoka? Gore dipotso tseno di tle di arabege, Jehofa o letlile batho gore ba ipuse ka nakwana.

Diphelelo e nnile dife? Fa e sa le maaka a ntlha a builwe kwa Edene, hisitori ya batho e tletse ka matshwenyego le go boga, mme seno se bontsha gore Satane ke moaki yo mogolo le gore go ipusa kwantle ga Modimo go tlisa masetlapelo fela. Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa a le lorato gape a na le botlhale jo bogolo o ikaeletse go itshepisa leina la gagwe ka go fedisa mathata otlhe a a simologileng kwa Edene. O tla dira seo ka Bogosi jwa ga Mesia. Bogosi joo ke eng?

Tharabololo ya Modimo—Bogosi

Dimilione tsa batho gangwe le gape di nna di boaboeletsa Thapelo ya Morena. Ke eng o sa iphe nakwana ya go akanya ka se e se bolelang? Akanya ka mafoko ano: “A bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:10) Bogosi joo ga se kgopolo fela e e leng mo pelong, jaaka bangwe ba akanya. Go na le moo, jaaka lefoko “kgosi” le tlhalosa, ke puso ya selegodimo e e laolwang ke Jesu Keresete, “Kgosi ya dikgosi.” (Tshenolo 19:13, 16; Daniele 2:44; 7:13, 14) Baebele e bontsha gore o tla busa lefatshe lotlhe, a dira gore go nne le kagiso le kutlwano tse di sa feleng mo gare ga batho botlhe a bo a tlosa bosula jotlhe mo lefatsheng. (Isaia 9:6, 7; 2 Bathesalonika 1:6-10) Ka tsela eno, Bogosi jwa Modimo, e seng puso epe ya batho—bo tla diragatsa mafoko ano a ga Jesu: “A thato ya gago e diragale . . . mo lefatsheng.”

Go tlhomamisa gore mafoko ao a diragala, Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, go rekolola ditlogolwana tsa ga Adame mo boleong le mo losong. (Johane 3:16; Baroma 6:23) Ka lebaka leo, mo Bogosing jwa Modimo, botlhe ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete ba tla bona fa go dirololwa boleo jo Adame a bo dirileng le batho ba boa ba itekanela gape. (Pesalema 37:11, 29) Kgabagare go tla bo go sa tlhole go na le ditlhabi tse di re tshwenyang, bogolo jang fa re tsofala. Tota le go utlwa botlhoko mo maikutlong go go bakwang ke bolwetse le loso mo bathong go tlile go ‘feta.’—Tshenolo 21:4.

Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o tlile go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe? Lebaka lengwe ke gore, dipolelelopele tse di makgolokgolo tse di fitlhelwang mo Baebeleng di setse di diragetse. (Bona tsebe 9.) Ka gone he, go dumela mo Baebeleng ga se go nna madumelagotlhe kgotsa go ijesa dijo tsa ditoro mme go theilwe mo mabakeng le mo bosuping jo bontsi jo bo leng gone.—Bahebera 11:1.

Kgakololo e e Mosola mo Motlheng wa Rona

Kwantle ga gore Baebele e re naya tsholofelo ya mmatota ka isagwe, gape e re thusa go itumelela botshelo ka botlalo gompieno. Ka sekai, Lefoko la Modimo le re neela kgakololo e e molemolemo le e e mosola mo lenyalong, mo botshelong jwa lelapa, mo go dirisaneng le batho, mo go boneng boitumelo, le mo dikgannyeng tse dingwe tse dintsi. Akanya ka dikai tse mmalwa tseno.

Akanya pele o bua. “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.”—Diane 12:18.

Tila go nna le letlhoo le le sa tlhokegeng. “Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama, mme lefufa ke sebodu mo marapong.”—Diane 14:30.

Kgalemela bana ba gago. “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” “Mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.”—Diane 22:6; 29:15.

Itshwarele. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Mathaio 5:7) Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala jaana: “Letlhoo le tsosa manganga, mme lorato lo bipa ditlolo tsotlhe.” (Diane 10:12) Fa e le gore boleo jwa mongwe yo o go leofetseng bo masisi jaana mo e leng gore o ka se kgone go mo itshwarela le go bo lebala, Baebele e gakolola jaana: “Tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi.”—Mathaio 18:15.

Tila go rata madi. “Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono . . . bangwe ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:10) Ela tlhoko gore Baebele e kgala “lorato lwa madi,” e seng madi ka boone.

“Lokwalo” lo lo Tswang Kwa go Rrarona wa Selegodimo

He, Baebele e bua ka dilo tse dintsi. Jaaka re bone e bua thata ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe. Mme gape e bua le ka rona batho gore re ka tshela re itumetse jang gone jaanong le go ya go ile mo Bogosing jwa Modimo. Ka tsela nngwe, Baebele e tshwana le lokwalo lo lo tswang kwa go “Rrarona yo o kwa magodimong,” Jehofa. (Mathaio 6:9) Ka yone, Jehofa o re bolelela dikakanyo tsa gagwe tse di botlhokwa gape o re senoletse maikaelelo a gagwe le botho jwa gagwe jo bo kgatlhisang.

Ka go bala Baebele le go tlhatlhanya ka yone, re simolola go “bona” Modimo jaaka a ntse tota. Mme dipelo tsa rona tse di kutlo di re atametsa kwa go ene gore re nne le kamano e e lorato le ene. (Jakobe 4:8) Boammaaruri ke gore, Baebele ga se buka fela ya hisitori, boporofeti, le melao. Gape e bua ka dikamano tsa rona tsa botho—dikamano tsa rona le Modimo. Seno se dira gore buka eno e nne e e tlhomologileng le e e botlhokwatlhokwa.—1 Johane 4:8, 16.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Setlhogo sa Baebele se sobokantswe bontle mo meleng e mmalwa ya ntlha ya thapelo ya sekao ya ga Jesu

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

TSELA E O KA BALANG BAEBELE KA YONE

Baebele ke buka e e kgatlhang thata fa o e bala. Tota e bile, dipego le dithuto tsa yone tsa boitshwaro di itsege thata jaana mo e leng gore di nna le tlhotlheletso e kgolo mo go kwalweng ga dibuka tsa dipuo tse dintsi. Baebele e re thusa gore re itse Mmopi wa rona, Jehofa Modimo. Gape ke motswedi o mogolo wa botlhale jo bo mosola. Seane sa Baebele sa re: “Botlhale ke selo se segolo mo go tsotlhe. Bapala botlhale; mme mmogo le sotlhe se o se bapalang, o bapale tlhaloganyo.” (Diane 4:7) O ka solegelwa molemo jang ke go bala Baebele?

Leka go rulaganya go bala Baebele ka nako ya fa o sa lapa. O se ka wa bala fela o feta. Maikaelelo a gago ke go tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tsa Modimo le go dira gore di nwelelele mo go wena. Fa o sena go fetsa go bala, akanya ka se o neng o se bala, mme o se bapise le se o setseng o se itse. Seno se tla oketsa tsela e o tlhaloganyang dilo ka yone le kanaanelo ya gago.—Pesalema 143:5.

Bangwe ba ka ipotsa, ‘Nka simolola fa kae go bala Baebele?’ Gone ke boammaaruri gore o ka simolola kwa tshimologong. Mme gone, batho ba e leng la ntlha ba bala Baebele ba go fitlhetse go le motlhofo go simolola ka DiefangeleMathaio, Mareko, Luke, le Johane—e leng dipego tsa botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe. Bangwe ba tswelela ka go bala dibuka tsa maboko a a kgatlhisang le a a kwadilweng ka botlhale—Dipesalema, Diane, le Moreri. Morago ga moo, o tla eletsa le go bala dikarolo tse dingwe tsa Baebele. (Bona kwa tlase.) Mme o se ka wa nna le mogopolo o o phoso wa gore o tshwanetse go bala fela se gantsi se bidiwang Tesetamente e Ntšha. Gakologelwa, “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.”—2 Timotheo 3:16.

Tsela e segolobogolo e leng molemo go ithuta Baebele ke go e bala setlhogo ka setlhogo. Ka sekai, buka e e thusang go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Rutang Eng? e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa, e na le ditlhogo tse di mo nakong tse di jaaka “Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise,” “Kobamelo e e Amogelwang ke Modimo,” le “Baswi ba Kae?”—Bona lebokoso mo tsebeng ya 18.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

GO BALA BAEBELE KA DITLHOGO TSA YONE

Go simologa ga botshelo le go wela ga motho mo boleong Genesise

Go thaiwa ga setšhaba sa Iseraele wa bogologolo Ekesodo go ya go Duteronome

Dipego tse di tletseng ka ditiragalo tse di itumedisang Joshua go ya go Esethere

Maboko le dipina tse di amang maikutlo Jobe, Pesalema, Sefela sa Difela

Tsela e e botlhale ya go tshela Diane, Moreri

Boporofeti le kaelo ya boitshwaro Isaia go ya go Malaki le Tshenolo

Botshelo jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe Mathaio go ya go Johane

Go tlhomiwa le go anamisiwa ga Bokeresete Ditiro

Makwalo a a yang kwa diphuthegong Baroma go ya go Jude