Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Leinane Kgotsa ke Boammaaruri?

A ke Leinane Kgotsa ke Boammaaruri?

A ke Leinane Kgotsa ke Boammaaruri?

Mogolwane wa Mokeresete e bong Timotheo o ne a laela batho ba ba neng ba batla go obamela Modimo wa boammaaruri gore ba se ka ba tlhokomela “thuto e sele” le “mainane.” (1 Timotheo 1:3, 4, Baebele e e Boitshepo) A tlhagiso e e ntseng jalo e a tlhokega gompieno? Ee, ka gonne dikgopolo tse di sa siamang ka Baebele le dithuto tsa yone di dira gore batho ba se ka ba amogela kobamelo ya boammaaruri. Fa tlase fano go na le dikgopolo tse di tlwaelegileng ka Baebele. Ela tlhoko ditlhaloso tse di tswang mo Baebeleng ka boyone. Ditlhaloso tseno di ka go thusa gore o farologanye mainane le boammaaruri.

Leinane: Dikgakgamatso tse di mo Baebeleng di ka se ka tsa diragala.

Boammaaruri: Batho ba tlhoka go ithuta go le gontsi ka popo ya Modimo. Ga go na moitsesaense ope yo o ka kgonang go tlhalosa maatlakgogedi ka botlalo, a tlhalosa dikarolo tsotlhe tsa atomo sentle, kgotsa go tlhalosa sentle tsela e nako e balwang ka yone. “A o ka batlisisa dilo tse di boteng tsa Modimo, kgotsa a o ka batlisisa phelelo ya Mothatayotlhe?” (Jobe 11:7) E re ka re sa kgone go tlhaloganya popo ka botlalo, baitsesaense ba ba nang le bokgoni jwa go tlhaloganya dilo tse dintsi ba setse ba nna kelotlhoko thata malebana le go bolela gore selo se se rileng se ka se kgonege.

Leinane: Madumedi otlhe a isa batho kwa Modimong.

Boammaaruri: Jesu o ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:31, 32) Fa e le gore madumedi otlhe a ne a isa batho kwa Modimong, a maloko a one a ne a tla tlhoka go gololwa? Tota e bile Jesu o ne a ruta gore ke batho ba se kae fela ba ba leng mo ‘tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong.’—Mathaio 7:13, 14.

Leinane: Batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong fa ba swa.

Boammaaruri: “Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng. Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe.” (Pesalema 37:11, 29, 34) Ke batho ba le 144 000 fela ba ba ikanyegang ba ba yang legodimong. Kabelo ya bone e ba e filweng ke Modimo ke go “busa lefatshe e le dikgosi.”—Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 4.

Leinane: “Tesetamente ya Bogologolo” ga e tlhole e le mosola mo Bakereseteng.

Boammaaruri: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16, 17) “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) “Tesetamente ya Bogologolo” e leng Dikwalo Tsa Sehebera, e botlhokwa mo go ruteng ka dilo tsa semoya e bile e re naya lebaka la go dumela mo “Tesetamenteng e Ntšha” e leng Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.

Leinane: Bontsi jwa se se leng mo bukeng ya Genesise go akaretsa le pego ya ga Adame le Efa ke polelo ya tshwantshiso.

Boammaaruri: Tatelano ya losika lwa ga Jesu go simologa fela kwa go Adame e ile ya kwalwa ke mokwadi wa Efangele e bong Luke. (Luke 3:23-38) Fa e le gore Genesise e ne e le leinane, maina a mmatota a tatelano ya losika a ne a tla bo a felela kae mme a tshwantshetso one a ne a tla bo a simologa kae? Jesu, yo o kileng a bo a tshela kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng, o ne a dumela se se kwadilweng mo go Genesise, go akaretsa pego ya ga Adame le Efa. (Mathaio 19:4-6) Ka jalo, go belaela Genesise go tshwana le go belaela go ikanyega ga ga Jesu ka boene, le go ikanyega ga bontsi jwa bakwadi ba Baebele.—1 Ditirafalo 1:1; 1 Bakorintha 15:22; Juda 14.