Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhalosa Melao ya Lelapa Sentle Mme o Dire Gore e Dirisiwe ka Bonako

Tlhalosa Melao ya Lelapa Sentle Mme o Dire Gore e Dirisiwe ka Bonako

Kgato 4

Tlhalosa Melao ya Lelapa Sentle Mme o Dire Gore e Dirisiwe ka Bonako

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya kgato eno? Ronald Simons moitse mongwe wa dikamano tsa batho wa kwa Yunibesithing ya kwa Georgia a re: “Boammaaruri ke gore, bana ba gola botoka fa go na le melao e e tlhamaletseng mme go na le kotlhao e e nitameng fa di sa latelwe. Fa go se na melao e e ntseng jalo e e tlhamaletseng bana ba tla nna batho ba ba ikakanyetsang ba le bosi, ba le bogagapa e bile ba sa itumela—mme ba bo ba dira gore mongwe le mongwe yo o ba dikologileng a se ka a itumela.” Lefoko la Modimo le bolela jaana ka tlhamalalo: “Fa o rata bana ba gago, o tla ba otlhaya.”—Diane 13:24, New Century Version.

Kgwetlho ya seno ke eng? Gore o kgone go tlhoma ditekanyetso tse di utlwalang le go dira gore bana ba di latele, go tlhoka nako, matsapa le boitshoko. Mme go bonala bana ka tlholego ba rata go leka go bona gore a ba ka kgona go feta melelwane epe fela e ba e beetsweng. Mike le Sonia, ba ba godisang bana ba babedi ba tlhalosa kgwetlho e ba nang le yone sentle. Ba re: “Bana ke batho ba bannye ba ba nang le dikgopolo tsa bone le dikeletso tsa bone le tshekamelo ya go leofa e ba tshotsweng ka yone.” Batsadi bano ba rata basetsana ba bone thata. Mme ba dumela jaana: “Ka dinako tse dingwe, bana ba ka nna tlhogoethata e bile ba le bogagapa.”

Tharabololo ke eng? Latela sekao sa ga Jehofa ya kafa a neng a tshwara setšhaba sa Iseraele ka teng. Tsela e nngwe e a neng a bontsha lorato ka yone e ne e le go tlhalosa melao ya gagwe sentle mme a lebeletse gore ba e latele. (Ekesodo 20:2-17) O ne a tlhalosa ditlamorago tsa go sa ikobele melao eo.—Ekesodo 22:1-9.

Ka jalo, ke eng fa o sa dire lenaane le le kwadilweng la melao ya legae e o akanyang gore bana ba gago ba tshwanetse go e ikobela. Batsadi bangwe ba akantsha gore o dire gore lenaane leo e nne la melao e se kae fela, gongwe e le tlhano kgotsa go feta. Lenaane le le khutshwane la melao e e tlhophilweng sentle ya legae ga e boima go latelwa e bile e ka gakologelwa motlhofo. Fa thoko ga melao eo, kwala ditlamorago tsa go e tlola. Tlhomamisa gore kotlhao e tekatekano e bile o ikemiseditse go e diragatsa. Boeletsa melao eo ka metlha gore mongwe le mongwe—go akaretsa Mmè le Rre—ba itse gore ke eng se go lebeletsweng gore ba se dire.

Fa melao eno e tlolwa, ntsha kotlhao ka bonako, o dira jalo o ritibetse, o nitame mme o sa fetofetoge. Ela tlhoko: fa o galefile, leta go fitlhela o ritibala pele ga o ntsha kotlhao. (Diane 29:22) Le fa go ntse jalo, o se ka wa senya nako. O se ka wa dira tumalano epe malebana le ditlamorago tsa gone. Fa o ka dira jalo, ngwana wa gago o tla akanya gore melao ga e tsewe masisi. Seno se tshwana le se Baebele e se bolelang: “Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.”—Moreri 8:11.

Ke ka tsela efe e nngwe e o ka dirisang taolo ya gago ka yone e e tla solegelang bana ba gago molemo?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Mathaio 5:37