Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore go Nne le Lorato mo Lelapeng

Dira Gore go Nne le Lorato mo Lelapeng

Kgato 2

Dira Gore go Nne le Lorato mo Lelapeng

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tsaya kgato eno? Bana ba tlhoka lorato mme ga ba gole sentle kwantle ga lone. Mo dingwageng tsa bo1950, moitsethutomotho e bong M. F. Ashley Montagu o ne a kwala jaana: “Se motho a se tlhokang thata gore a gole sentle ke go fiwa lorato; motswedi wa boitekanelo jotlhe ke lorato, segolobogolo mo dingwageng tsa ntlha tse thataro tsa botshelo jwa ngwana.” Babatlisisi ba segompieno ba dumalana le tshwetso ya ga Montagu ya gore “go nna le ditlamorago tse di sa itumediseng fa bana ba sa fiwe lorato le le lekaneng.”

Kgwetlho ya seno ke eng? Go tshela mo lefatsheng leno le le se nang lorato go dira gore go nne le mathata mo dikamanong tsa lelapa. (2 Timotheo 3:1-5) Banyalani ba ka nna ba fitlhela gore dikgatelelo tsa madi le tsa maikutlo tse di amanang le go godisa bana di dira gore mathata a lenyalo a oketsege. Ka sekai, go sa utlwane ga banyalani malebana le go otlhaya bana le go ba direla sengwe fa ba itshwara sentle go ka nna ga oketsa kgotlhang e e fa gare ga batho ba babedi ba go setseng go le thata gore ba buisane.

Tharabololo ke eng? Rulaganya go ipha nako ka metlha lo le mmogo jaaka lelapa. Banyalani le bone ba tlhoka go rulaganya nako ya go nna mmogo ba le bosi. (Amose 3:3) Dirisang nako sentle fa bana ba setse ba robetse. Lo se ka lwa dumelela gore thelebishene e lo tseele nako eo e e botlhokwa. Dirang gore go bontshana lorato ga lona e nne selo sa ka metlha mo lenyalong la lona. (Diane 25:11; Sefela sa Difela 4:7-10) Go na le gore lo nnele go ‘latofatsana’ a mongwe le mongwe wa lona a batle ditsela tsa go akgola molekane wa gagwe ka tsone letsatsi le letsatsi.—Pesalema 103:9, 10; Diane 31:28.

Bolelela bana ba gago gore o a ba rata. Jehofa Modimo o tlhometse batsadi sekao ka go bolela phatlalatsa gore o rata Morwawe, e bong Jesu. (Mathaio 3:17; 17:5) Fleck, rre mongwe yo o nnang kwa Austria, a re: “Ke lemogile gore bana ba tshwana le malomo mangwe. Fela jaaka dimela tse dinnye tseno di ikaegile ka letsatsi go bona lesedi le mogote, bana le bone ba ikaegile ka batsadi ba bone go bona lorato le gore ba ba tlhomamisetse gore ke batho ba ba botlhokwa mo lelapeng.”

Le fa o ka tswa o le motsadi yo o nyetseng kgotsa yo o seng mo lenyalong, fa o thusa lelapa la gago gore le ratane le go rata Modimo, botshelo jwa lelapa la gago bo tla tokafala.

Mme Lefoko la Modimo le a reng malebana le go dirisa taolo ya botsadi?

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Lorato . . . ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:14