Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikemisetsa go Huma Semoyeng

Go Ikemisetsa go Huma Semoyeng

Go Ikemisetsa go Huma Semoyeng

GORE motho a nne le khumo ya dithoto o tshwanelwa ke go dira ka natla le go itima dilo dingwe. Go ntse jalo le ka go huma semoyeng. Jesu o ne a supa seno fa a ne a re: “Ipolokeleng matlotlo kwa legodimong.” (Mathaio 6:20) Dikhumo tsa semoya ga di itlele ka botsone. Go bo fela motho a le mo bodumeding jo bo rileng ga go reye gore o tla huma semoyeng fela jaaka go nna le akhaonto ya banka go sa reye gore motho o tla nna le madi a mantsi. Go nna le kamano e e molemo le Modimo, go gola semoyeng le go huma ka dinonofo tsa semoya go tlhoka gore motho a ikemisetse, go mo tlhoka nako, matsapa a magolo le go itima dilo dingwe.—Diane 2:1-6.

A o Ka Nna le Dilo Tseno ka Bobedi?

A motho a ka se kgone go nna le dikhumo tsa semoya a bo a nna le dithoto tse dintsi? Gongwe go ka direga, mme motho a ka kgona go gagamalela e le nngwe fela ya tsone ka katlego. Jesu o ne a re: “Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24b) Ke ka ntlha yang fa go sa kgonege? Ka gonne go gagamalela dikhumo tsa semoya go tla thulana le go gagamalela dikhumo tsa dithoto. E nngwe e tla kgoreletsa e nngwe. Ka jalo, pele ga Jesu a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ipolokele dikhumo tsa semoya, o ne a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng.”—Mathaio 6:19.

Fa motho a itlhokomolosa kgakololo eno ya ga Jesu mme a leka go gagamalela dikhumo tsa semoya le tsa dithoto, go tla direga eng? Jesu o ne a re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe.” (Mathaio 6:24a) Fa motho a gagamalela dilo tseno ka bobedi, dilo tsa semoya, tse a ka di dirang fela ka gonne a ikutlwa a patelesega, di ka simolola go nna sekgoreletsi se ka metlha se agang se mo ema pele. Go na le gore motho a ikaege ka Modimo, a ka nna a simolola go ikaega ka madi le dilo tse a kgonang go di reka gore a kgone go lepalepana le ditlhobaelo tsa botshelo. Go ntse fela jaaka Jesu a ile a re: “Kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.”—Mathaio 6:21, Baebele e e Boitshepo.

Mokeresete mongwe le mongwe o tla bo a dira sentle go akanyetsa kgakololo eno ya Baebele masisi pele ga a dira tshwetso ya gore o tla dirisa nako ya gagwe mo go eng, le gore o tla tlhoma mogopolo le pelo ya gagwe mo go eng. Fela ka go bo Modimo a sa baya selekanyo sa gore Mokeresete a ka kokoanya dikhumo di le kana kang seo ga se reye gore motho a itlhokomolose ditlhagiso tsa gagwe kwantle ga go lebana le kotlhao ya gone. (1 Bakorintha 6:9, 10) Jaaka fa re setse re bone, batho ba ba itlhokomolosang kgakololo ya Baebele mme ba gwalalela go batla go huma, ba boga semoyeng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. (Bagalatia 6:7) Go farologana le seo, Jesu o ne a re batho ba ba amegang ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng ba tla itumela. (Mathaio 5:3) Ruri Mmopi wa rona le Morwawe ba a itse gore ke eng se se tlhokegang gore re nne le boitumelo le botsogo jo bo molemo!—Isaia 48:17, 18.

Tshwetso E o Se Kitlang o e Ikwatlhaela

Wena o tla tlhoma mogopolo mo go eng, mo Modimong kgotsa mo dikhumong? Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go itlamela ka dilo tse re di tlhokang. Mo lekwalong la ntlha le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Timotheo, o ne a bolela jaana: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” Paulo o ne a kgothaletsa le Bakeresete gore ba beye tsholofelo ya bone e seng mo mading, go na le moo ba e beye mo Modimong le go “huma ditiro tse di molemo.” (1 Timotheo 5:8; 6:17, 18) Wena o tla tlhoma mogopolo wa gago mo go eng? O tla gagamalela eng? Sengwe sa dilo tsa konokono mo ditirong tse di molemo tse Paulo a neng a di umaka ke tiro ya go rera le go dira barutwa e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe gore ba e dire. (Mathaio 28:19, 20) Fa Bakeresete ka bobone ba tlhofofatsa matshelo a bone, e se fela gore ba nne le boiketlo le go ijesa menate, mme e le ka gonne ba batla go nna le seabe se segolwane mo tirong eno e e botlhokwa, ba a bo ba “ipolokela motheo o o molemo wa isagwe” mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. Mme tota le gone jaanong, ba lemoga gore dikhumo tsa semoya di ‘botoka go feta gouta.’—1 Timotheo 6:19; Diane 16:16; Bafilipi 1:10.

Akanya ka Eddie, yo batsadi ba gagwe ba neng ba nna Basupi ba ga Jehofa fa a sa ntse a le monnye. Ka nako nngwe, lelapa la gaabo le ne la latlhegelwa ke dithoto tsa bone tsotlhe mme ba patelesega go tswa mo ntlong ya bone. Eddie o tlhalosa jaana: “Ke ne ke tlhola ke tshwenyegile ka gore go tla direga eng fa go ka direga gore re se ka ra tlhola re nna le sengwe le sengwe se re nang le sone. Jaanong re ne re sa tlhole re na le sepe. Mme a o a itse gore go ne ga direga eng? Sepe! Re ne re sa ntse re kgona go ja, go nwa le go apara. Jehofa o ne a re tlhokomela, mme fa nako e ntse e ya, re ne ra boa gape ra nna le dilo tse di neng di re latlhegetse. Tiragalo eno e ne ya nthuta gore ke tseye masisi se Jesu a neng a se solofeditse mo go Mathaio 6:33—gore fa re dira gore Bogosi jwa Modimo e nne jone jo bo tlang pele mo botshelong jwa rona, ga re tlhoke le ka motlha gore re tshwenyege ka dilo tse re di tlhokang.” Gompieno, Eddie ke modiredi yo o etang wa nako e e tletseng, mme o dira tiro eno le mosadi wa gagwe. Ba na le dilo tse ba di tlhokang. Mme se se botlhokwa le go feta, ba humile semoyeng.

Melemo e e Seng Kana ka Sepe

Go farologana le matlotlo a mo lefatsheng, a magodu a ka kgonang go a utswa, dikhumo tsa semoya tsone di ka nnela ruri. (Diane 23:4, 5; Mathaio 6:20) Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go lekanya kgatelopele ya semoya. Ga go motlhofo go bona gore motho o setse a na le dinonofo tse di jaaka lorato, boipelo le tumelo go le kana kang, jaaka fa motho a ka kgona go bona gore o gatetse pele go le kana kang mo go tsa madi. Le fa go ntse jalo, melemo ya dikhumo tsa semoya ga e na selekanyo. Fa Jesu a ne a bua ka barutwa ba ba neng ba tla tlogela matlo a bone le masimo a bone—ee, ba tlogela dilo tse ba itshedisang ka tsone—gore ba kgone go tlhokomela dilo tsa semoya, o ne a re: “Ammaaruri ke a lo raya, ga go ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo yo o se kitlang a bona go menagane ga lekgolo jaanong mo lobakeng lono lwa nako, matlo le bomorwarraagwe le bomorwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo, di na le dipogiso, mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.

O tla dira gore go tle eng pele mo botshelong jwa gago? A e tla nna Modimo kgotsa dikhumo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

A o gagamalela dikhumo tsa dithoto . . .

. . . kgotsa dikhumo tsa semoya