Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Moya o o Boitshepo ke Motho?

A Moya o o Boitshepo ke Motho?

Baebele ya Reng

A Moya o o Boitshepo ke Motho?

MOYA o o boitshepo wa Modimo ke eng? Mafoko a a simololang a Baebele a bua ka moya o o boitshepo—o gape o ranolwang e le “maatla a Modimo a a dirang”—a “ya kwa le kwa mo godimo ga metsi.” (Genesise 1:2) Mo pegong e e buang ka go kolobediwa ga ga Jesu, fa go buiwa ka Modimo a le “kwa magodimong,” go bonala moya o o boitshepo o “fologa jaaka lephoi” mo godimo ga Jesu. (Mathaio 3:16, 17) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bua ka moya o o boitshepo e le “mothusi.”—Johane 14:16.

Ditemana tseno tsa Baebele le tse dingwe di ile tsa dira gore batho ba bangwe ba swetse ka gore moya o o boitshepo ke motho fela jaaka Modimo le Jesu, mme baengele ke batho ba moya. Tota e bile, makgolokgolo a dingwaga, dingwe tsa ditumelo tse dikgolo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ile tsa dira gore go bonale e kete moya o boitshepo o na le botho. Le fa thuto eno e sa bolo go nna teng, batho ba le bantsi ba ba tsenang kereke ba tlhakane tlhogo mme bangwe ba bone ga ba dumalane le baeteledipele ba bone ba bodumedi. Ka sekai, go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng, diperesente di le 61 tsa batho ba ba ileng ba botsolodiwa ba dumela gore moya wa Modimo ke “sesupo sa gore Modimo o teng, kgotsa gore ke maatla a gagwe mme e seng setshedi sengwe.” Mme gone, Baebele yone ya reng?

Se Baebele e se Buang

Mmadi yo o kelotlhoko wa Baebele o patelesega go swetsa ka gore moya o o boitshepo o farologana le tsela e o tlhalosiwang ka yone mo dikerekeng, gore ke motho. A re sekasekeng dipego tse di latelang tsa Baebele.

1. Fa Marea mmaagwe Jesu a ne a etetse ntsalaae e bong Elisabetha, Baebele ya re lesea la ga Elisabetha le le neng le ise le tsholwe le ne la tlola mo sebopelong sa gagwe “mme Elisabetha a tlala moya o o boitshepo.” (Luke 1:41) A go a utlwala go akanya gore motho a ka “tlala” ka motho yo mongwe?

2. Fa Johane Mokolobetsi a ne a bua le barutwa ba gagwe kaga Jesu a re ke ene yo o tla mo tlhatlhamang, Johane o ne a re: “Mme nna, ke lo kolobetsa ka metsi . . . , mme yo o tlang morago ga me o nonofile go mpheta, yo ke sa lekanang go mo rola bompaatšhane. Yoo o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo.” (Mathaio 3:11) Johane a ka se ka a bo a ne a kaya gore moya o o boitshepo ke motho fa a ne a bua ka go kolobediwa ka one.

3. Fa Petere a ne a etetse mookamedi wa sesole le lelapa la gagwe, o ne a bua ka Jesu a re Modimo o mo tloditse ka “moya o o boitshepo le maatla.” (Ditiro 10:38) Ka bonako morago ga moo, “moya o o boitshepo wa wela mo go” ba ntlo ya mookamedi wa sesole. Pego ya re batho ba le bantsi ba ne ba gakgametse “ka gonne mpho ya mahala ya moya o o boitshepo e ne e tshololelwa le mo bathong ba ditšhaba.” (Ditiro 10:44, 45) Mme le fano, mafoko a a dirisitsweng ga a tsamaisane le kgopolo ya gore moya o o boitshepo ke motho.

Go tlwaelegile gore Lefoko la Modimo le bue ka dilo tse e seng batho jaaka e kete ke batho. Dilo tseo di akaretsa botlhale, temogo, boleo, loso le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. (Diane 8:1–9:6; Baroma 5:14, 17, 21; 6:12) Jesu ka boene o ne a re “botlhale bo supiwa e le jo bo siameng ke bana botlhe ba jone,” kgotsa ke matswela a a itumedisang a jone. (Luke 7:35) Ga go pelaelo gore botlhale ga se motho yo o nang le bana ba mmatota! Ka mo go tshwanang, moya o o boitshepo ga se motho fela ka gonne ka makgetlho mangwe go tle go buiwe ka one jaaka e kete ke motho.

Moya o o Boitshepo ke Eng?

Mo Baebeleng, moya o o boitshepo wa Modimo o tlhalosiwa e le maatla a Modimo a a dirang. Ke ka moo thanolo e e siameng ya temana ya Baebele ya Sehebera e tlhalosang Moya wa Modimo e re ke “maatla a a dirang a Modimo.” (Genesise 1:2) Baebele yotlhe e dumelana le kgopolo eno.—Mika 3:8; Luke 1:35; Ditiro 10:38.

Modimo ga a gongwe le gongwe ka dinako tsotlhe jaaka batho ba le bantsi ba dumela. Go na le moo, o mo lefelong la semoya, mo ‘lefelong le le tlhomameng la bonno.’ (1 Dikgosi 8:39; 2 Ditirafalo 6:39) Dikwalo gape di bua ka lefelo le le tlhomameng le Modimo a nnang mo go lone le go nna le ‘setulo sa Bogosi.’ (1 Dikgosi 22:19; Isaia 6:1; Daniele 7:9; Tshenolo 4:1-3) Le fa go ntse jalo, Modimo o kgona go dirisa maatla a gagwe a a dirang gore a ye gongwe le gongwe e ka tswa e le kwa lefelong la semoya kgotsa mo lefatsheng.—Pesalema 139:7.

Ka 1879 mokanoki mongwe wa Baebele e bong Charles L. Ives, o ne a bontsha sentle kafa Modimo a kgonang go dirisa maatla a gagwe ka teng a le kwa lefelong le le lengwe. O ne a re: “Ka sekai, re a tle re re, ‘Bula difensetere gore letsatsi le tsene.’ Fa re rialo, ga re reye gore letsatsi ka bolone le tsene mme re raya fela gore marang, a a tswang kwa letsatsing e nne one a tsenang.” Ka tsela e e tshwanang, Modimo ga a tlhoke go ya kwa mafelong a a batlang go dirisa maatla a gagwe a a dirang kwa go one. O romela fela moya wa gagwe o o boitshepo o o kgonang go fitlha kwa dikarolong tsotlhe tsa lobopo. Go tlhaloganya se tota moya o o boitshepo e leng sone—e leng gore ke maatla a Modimo a a dirang—go ka go thusa gore o tshepe ka botlalo gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ A Baebele e ruta gore moya o o boitshepo ke motho?—Ditiro 10:44, 45.

▪ Moya o o boitshepo ke eng?—Genesise 1:2.

▪ Moya wa Modimo o o boitshepo o kgona go fitlha bokgakala jo bo kana kang?—Pesalema 139:7.