Setswana
Johane 15:13 e a Tlhalosiwa​—“Ga go Ope yo o Nang le Lorato lo lo Fetang Lo”
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/502300100/univ/art/502300100_univ_sqr_xl.jpg
ijwbv setlhogo 32

DITEMANA TSA BAEBELE DI A TLHALOSIWA

Johane 15:13—“Ga go Ope yo o Nang le Lorato lo lo Fetang Lo”

Johane 15:13—“Ga go Ope yo o Nang le Lorato lo lo Fetang Lo”

 “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta motho yo o ntshang botshelo jwa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.”—Johane 15:13, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

 “Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.”—Johane 15:13, Baebele e e Boitshepo.

Se Johane 15:13 e se Kayang

 Jesu o ile a thusa balatedi ba gagwe go tlhaloganya gore ba tshwanetse go ratana thata mo ba iketleeleditseng go swelana.

 Mo temaneng e e tlang pele ga eno, Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Taelo ya me ke gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile.” (Johane 15:12) Jesu o ne a ba rata ka lorato lo lo ntseng jang? Ka lorato lo e seng lwa bopelotshetlha, lwa go ikentsha setlhabelo. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a baya ditlhoko tsa balatedi ba gagwe kwa pele ga tsa gagwe. O ne a fodisa batho ba ba neng ba lwala e bile a ba ruta ka Bogosi Jwa Modimo. a O ile a bo a dira ditiro tsa maemo a a kwa tlase go thusa batho ba bangwe. (Mathaio 9:35; Luke 22:27; Johane 13:3-5) Mme mo go Johane 15:13, Jesu o ne a bua ka lorato lo logolo lo lo fetang loo. Tota e bile, nakwana fela morago ga go bua mafoko ano, o ile a bontsha lorato loo lo logolo fa a ne a “ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; 22:39) Fa a ne a dira jalo o ne a bontsha gore o rata ba bangwe go feta kafa a neng a ithata ka gone.

 Jesu o rata batho. Mme o rata thata batho ba ba latelang dithuto tsa gagwe. O ne a tsaya barutwa ba gagwe e le ditsala tsa gagwe tse dikgolo ka gonne ba ne ba reetsa dilo tse a neng a ba bolelela tsone e bile ga ba a ka ba mo latlha fa a ne a lebane le diteko. (Luke 22:28; Johane 15:14, 15) Ka jalo, o ne a na le lebaka le le utlwalang la go ba ntshetsa botshelo jwa gagwe setlhabelo.

 Bakeresete ba bogologolo ba ile ba tsaya mafoko a ga Jesu tsia, ka jalo ba ne ba ikemiseditse go swelana. (1 Johane 3:16) Eleruri, lorato lo e seng lwa bopelotshetlha, e leng lorato lo Jesu a ileng a le bontsha, ke lone lo e neng e tla nna letshwao la Bakeresete ba boammaaruri.—Johane 13:34, 35.

Se go Buiwang ka Sone mo go Johane 15:13

 Kgaolo 13 go fitlha ka 17 ya buka ya Johane e bua ka mafoko a bofelo a Jesu a neng a a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang pele a swa le thapelo ya gagwe ya bofelo a na le bone. O ile a tlhokafala diura di le mmalwa morago ga moo. Mo go kgaolo 15, Jesu o ile a tshwantsha barutwa ba gagwe le dikala tse di ungwang tsa setlhare sa morara, o ile a bua seno e le go bontsha balatedi ba gagwe gore ba tlhoka go nna seoposengwe le ene go bontsha gore ke barutwa ba gagwe. O ile a ba kgothaletsa gore ba “tswelele ba ungwa maungo a mantsi.” (Johane 15:1-5, 8) Tsela nngwe e ba dirang seo ka yone ke ka go bontsha ba bangwe lorato lwa go ikentsha setlhabelo. Ba dira seno ka go rera molaetsa o Jesu a neng a o rera, e leng “dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.”—Luke 4:43; Johane 15:10, 17.

 Lebelela bidio eno e e khutshwane go bona se se mo bukeng ya Johane.

a Bogosi Jwa Modimo ke puso e e kwa legodimong. Modimo o tlhomile Bogosi jo bo tla busang lefatshe lotlhe le go diragaratsa maikaelelo a gagwe ka lone. (Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo ke Eng?