Setlhabelo sa ga Jesu ke “Thekololo ya Batho ba le Bantsi” ka Tsela Efe?
Karabo ya Baebele
Modimo o dirisa setlhabelo sa ga Jesu go golola batho mo boleong le mo losong. Baebele e bitsa madi a ga Jesu e re ke thekololo. (Baefeso 1:7; 1 Petere 1:18, 19) Ke ka moo Jesu a ileng a re o tlile mo lefatsheng go tla go ntsha botshelo jwa gagwe e le “thekololo ya batho ba le bantsi.”—Mathaio 20:28, Baebele e e Boitshepo.
Goreng go ne go tlhokega “thekololo ya batho ba le bantsi”?
Motho wa ntlha e bong Adame o ne a bopiwa a itekanetse kgotsa a se na boleo. O ne a na le tshono ya go tshelela ruri mme o ne a tlhopha go tlola taelo ya Modimo. (Genesise 3:17-19) Adame o ne a fetisetsa boleo joo mo baneng ba gagwe. (Baroma 5:12) Ke gone ka moo Baebele e reng Adame o ne a ‘rekisa’ ene le bana ba gagwe mo boleong le mo losong. (Baroma 7:14) Go ne go se ope wa bana ba gagwe yo o neng a ka kgona go rekolola se Adame a neng a se latlhile.—Pesalema 49:7, 8.
Modimo o ne a utlwela ditlogolwana tsa ga Adame botlhoko ka ntlha boemo jo ba neng ba le mo go jone. (Johane 3:16) Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa e le Modimo wa tshiamiso, o ne a tshwanelwa ke go dira sengwe go golola ditlogolwana tsa ga Adame mo boleong le mo losong. (Pesalema 89:14; Baroma 3:23-26) Modimo o rata batho, ka jalo o ne a rulaganya gore batho ba itshwarelwe maleo a bone le gore a phimolwe. (Baroma 5:6-8) Modimo o ne a dirisa thekololo go dira jalo.
Thekololo e bereka jang?
Mo Baebeleng, lereo “thekololo” le kaya dilo tseno tse tharo:
Ke tuelo.—Dipalo 3:46, 47.
E a golola.—Ekesodo 21:30.
E na le tlhwatlhwa e e tsamaisanang le selo se se duelelwang. a
Ela tlhoko kafa dilo tseno di amanang ka gone le setlhabelo sa ga Jesu Keresete.
Tuelo. Baebele ya re Bakeresete ba ‘rekilwe ka tlhwatlhwa.’ (1 Bakorintha 6:20; 7:23) Tlhwatlhwa eo ke madi a ga Jesu, a a ileng a dirisiwa go ‘rekela Modimo batho go tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.’—Tshenolo 5:8, 9.
Go golola. Setlhabelo sa ga Jesu se re leretse “thekololo,” ka go re golola mo boleong—1 Bakorintha 1:30; Bakolosa 1:14; Bahebera 9:15.
Tlhwatlhwa e e tsamaisanang le sengwe. Botshelo jwa ga Jesu bo ne bo tshwana le jo Adame a bo latlhileng—Adame o ne a sena boleo pele a leofa. (1 Bakorintha 15:21, 22, 45, 46) Baebele ya re: “Fela jaaka ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe [e bong Adame], ka tsela e e tshwanang ba le bantsi ba tla dirwa ba ba siameng ka go utlwa ga motho a le mongwe [e bong Jesu Keresete].” (Baroma 5:19) Seno se bontsha kafa loso lwa motho a le mongwe lo ka rekololang baleofi ba le bantsi ka gone. Tota e bile, setlhabelo sa ga Jesu ke tuelo e e gololang batho ba ba lekang ka natla go solegelwa molemo ke setlhabelo seo.—1 Timotheo 2:5, 6.
a Mo Baebeleng, lefoko le le ranotsweng e le “thekololo” le kaya tlhwatlhwa e e duelelwang go reka sengwe. Ka sekai, lediri la Sehebera ka·phar′ le kaya go ‘bipa.’ (Genesise 6:14) Gantsi lefoko leno le kaya go bipa boleo. (Pesalema 65:3) Lekaelagongwe la lefoko leo e leng ko′pher le kaya tlhwatlhwa e e duelwang go bipa boleo joo. (Ekesodo 21:30) Ka tsela e e tshwanang, lereo la Segerika ly′tron le gantsi le ranolwang e le “thekololo” gape le ka ranolwa e le “kgololo.” (Mathaio 20:28; Tswana Central) Bakwadi ba Bagerika ba ne ba dirisa lereo leno fa ba bua ka go golola motho yo o tshwerweng ka nako ya ntwa kgotsa go golola lekgoba.