Fetela kwa tshedimosetsong

Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?

Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?

Karabo ya Baebele

Leina Mikaele, le madumedi mangwe a reng ke “Moitshepi Mikaele,” ke leina le Jesu a le neilweng fa a le kwa legodimong. * Mikaele o ne a ganetsana le Satane morago ga loso lwa ga Moshe a bo a thusa moengele go isa molaetsa o o tswang kwa Modimong kwa go moporofeti Daniele. (Daniele 10:13, 21; Jude 9) Mikaele o tshwanelwa ke leina leno le le kayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo” ka gonne o sireletsa bobusi jwa Modimo gape o lwantsha baba ba Modimo.—Daniele 12:1; Tshenolo 12:7.

Bona mabaka a go bo go utlwala go swetsa ka gore Jesu ke ene Mikaele moengele yo mogolo.

  • Mikaele ke “moengele yo mogolo.” (Jude 9) Sereto seno se se kayang gore ke “moeteledipele wa baengele” se tlhagelela fela mo ditemaneng tse pedi mo Baebeleng. Ditemana tseno ka bobedi di bua ka motho a le mongwe yo o rweleng maikarabelo ano. Nngwe ya ditemana tseo e tlhalosa gore Morena Jesu yo o tsositsweng “o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo.” (1 Bathesalonika 4:16) Jesu o na le “lentswe la moengele yo mogolo” ka gonne ke ene moengele yo mogolo, Mikaele.

  • Mikaele o laola masole a baengele. “Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela,” e bong Satane. (Tshenolo 12:7) Mikaele o na le taolo e ntsi kwa legodimong ka gonne o bidiwa “mongwe wa dikgosana tse di kwa pelepele” le “kgosana e kgolo.” (Daniele 10:13, 21; 12:1) Mokanoki mongwe wa Tesetamente e Ntšha e bong David E. Aune a re mareo ano a bontsha gore Mikaele ke “molaodimogolo wa masole a baengele.”

    Baebele e bua ka motho yo mongwe gape yo o laolang masole a baengele. E bua ka nako ya “fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso.” (2 Bathesalonika 1:7, 8; Mathaio 16:27) Jesu “o ne a ya legodimong; mme baengele le balaodi le bathata ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.” (1 Petere 3:21, 22) Go tla bo go sa utlwale gore Modimo a tlhome baeteledipele ba babedi ba ba dirang dilo ka go farologana. Go na le moo, go tla bo go utlwala go swetsa gore Jesu le Mikaele ke motho a le mongwe.

  • Mikaele “o tla ema” ka “nako ya matshwenyego e e tshwanang le e go iseng go ko go dirwe gore e nne teng.” (Daniele 12:1) Polelwana e e dirisitsweng mo go Daniele ya gore “o tla ema” gantsi e dirisiwa fa kgosi e tsaya kgato nngwe e e rileng. (Daniele 11:2-4, 21) Jesu Keresete yo o bidiwang “Lefoko la Modimo” o tla tsaya kgato jaaka “Kgosi ya dikgosi” ya go fedisa baba botlhe ba Modimo le go sireletsa batho ba Modimo. (Tshenolo 19:11-16) O tla dira jalo ka nako ya “pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe.”—Mathaio 24:21, 42.

^ ser. 1 Baebele e kgona go bitsa batho ka maina a a farologaneng jaaka, Jakobe (yo gape a bidiwang Iseraele), Petere (yo gape a bidiwang Simone) le Thadaeo (yo gape a bidiwang Judase).—Genesise 49:1, 2; Mathaio 10:2, 3; Mareko 3:18; Ditiro 1:13.