Fetela kwa tshedimosetsong

Go Nna Boitshepo go Kaya Eng?

Go Nna Boitshepo go Kaya Eng?

Karabo ya Baebele

Go nna boitshepo go raya go ikgaoganya le dilo tse di sa siamang. Lefoko la Sehebera e leng “boitshepo” le tswa mo lefokong le le kayang “go kgaoganya.” Selo se se boitshepo ga se tshwane le tse dingwe, segolo jang fa se amana le kobamelo ya Modimo.

Ga go na ope kgotsa sepe se se boitshepo go gaisa Modimo. Baebele ya re: “Ga go na ope yo o boitshepo jaaka Jehofa.” * (1 Samuele 2:2) Ke ka moo Modimo e le ene fela yo o nang le tshwanelo ya go re bolelela gore ke eng se se boitshepo.

Lefoko “boitshepo” le ka dirisiwa fa go buiwa ka dilo tse di amanang ka tlhamalalo le Modimo, segolobogolo tse di amanang le go mo obamela. Ka sekai, Baebele e bua ka:

  • Mafelo a a boitshepo: Fa Moshe a atamela setlhare se se tukang, Modimo o ne a mo raya a re: “Lefelo le o emeng mo go lone ke mmu o o boitshepo.”—Ekesodo 3:2-5.

  • Meletlo e e boitshepo: Jehofa o ne a laela Baiseraele ba bogologolo gore ba keteke meletlo e e neng e bidiwa “dikopano tse di boitshepo.”—Lefitiko 23:37.

  • Dilwana tse di boitshepo: Dilwana tse di neng di dirisiwa kwa tempeleng ya bogologolo ya kwa Jerusalema di ne di bidiwa ‘dilwana tse di boitshepo.’ (1 Dikgosi 8:4) Batho ba ne ba tshwanetse go tlotla dilwana tseo le fa ba ne ba sa tshwanela go di obamela. *

A motho o kgona go nna boitshepo?

Ee. Modimo a re: “Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.” (1 Petere 1:16) Nnete ke gore ga go na motho ope yo o tla tsamayang a nna boitshepo jaaka Modimo. Mme Modimo o tsaya batho ba ba ikobelang melao ya gagwe ba le ‘boitshepo e bile ba amogelesega mo matlhong a gagwe.’ (Baroma 12:1) Motho yo o lekang go nna boitshepo o bonala mo dilong tse a di buang le tse a di dirang. Ka sekai, o latela kgakololo ya Baebele e e reng “lo ithibe mo kgokafalong” mme lo nne “boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona.”—1 Bathesalonika 4:3; 1 Petere 1:15.

A motho a ka feleletsa a sa tlhole a le boitshepo?

Ee. Fa motho a tlogela go tshela ka melao ya Modimo, ga a tlhole a le boitshepo mo Modimong. Ka sekai, buka ya Bahebera e ne e kwaletswe “bakaulengwe ba ba boitshepo” mme e ba tlhagisa gore ba se ka ba “nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang.”—Bahebera 3:1, 12.

Dikgopolo tse di phoso ka go nna boitshepo

Kgopolo e e phoso: Motho a ka nna boitshepo fa a ka itima dilo dingwe.

Boammaaruri: Baebele ya re ga go na mosola wa sepe mo Modimong fa motho a sotla mmele wa gagwe kgotsa a itima dilo dingwe go sa tlhokege. (Bakolosa 2:23) Go na le moo, Baebele ya re Modimo o batla gore re itumelele dilo tse di siameng. “Mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:13.

Kgopolo e e phoso: Go sa tsene mo lenyalong go dira gore motho a nne boitshepo.

Boammaaruri: Le fa Mokeresete a ka dira tshwetso ya go sa tsene mo lenyalong, seo ga se dire gore a nne boitshepo. Ke nnete gore batho ba ba seng mo lenyalong ba kgona go direla Modimo ba sa kgorelediwe ke sepe. (1 Bakorintha 7:32-34) Mme Baebele ya re batho ba ba mo lenyalong le bone ba kgona go nna boitshepo. Mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu e bong Petere o ne a nyetse.—Mathaio 8:14; 1 Bakorintha 9:5.

^ ser. 2 Jehofa ke leina la Modimo. Ditemana di le dintsi tsa Baebele di amanya leina leno le go nna “boitshepo.”

^ ser. 6 Baebele ya re re tshwanetse go obamela Modimo fela.—1 Bakorintha 10:14.