Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

panitan/stock.adobe.com

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG

Jesu o Tla Fedisa Tshotlego

Jesu o Tla Fedisa Tshotlego

 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a rata batho thata, segolobogolo ba ba neng ba sotlega le ba ba neng ba na le mathata. (Mathaio 9:36) O ile a ya bokgakaleng jwa gore a swele batho. (Mathaio 20:28; Johane 15:13) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, go ise go ye kae o tla bontsha gore o rata batho ka go dirisa taolo e a nang le yone go fedisa tshotlego mo lefatsheng lotlhe.

 Fa Baebele e tlhalosa se Jesu a tla se dirang e a re:

  •    “A a femele batho ba maemo a a kwa tlase, a a boloke barwa ba bahumanegi.”—Pesalema 72:4.

 Re ka bontsha jang gore re lebogela se Jesu a re diretseng sone le se a tla re direlang sone? Mo go Luke 22:19, Jesu o ne a re balatedi ba gagwe ba gopole loso lwa gagwe. Ke ka moo Basupi ba ga Jehofa ba kopanang mmogo ngwaga le ngwaga go gopola loso lwa ga Jesu. Re go laletsa gore o tle go gopola le rona loso lwa ga Jesu ka Sontaga, March 24, 2024.

Batla Lefelo le Segopotso se Tla Tshwarelwang Kwa go Lone