Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maremagnum/Corbis Documentary via Getty Images

NNANG LO DISITSE!

A Aramagedona e Tla Simologa Kwa Iseraele?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

A Aramagedona e Tla Simologa Kwa Iseraele?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

 Baebele ga e tlhalose Aramagedona e le ntwa e e tla amang karolo e nnye fela ya lefatshe, go na le moo e e tlhalosa e le ntwa e e tla amang lefatshe lotlhe, e e tla bong e lowa ke dipuso tsotlhe di lwantsha Modimo.

  •   “Dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke madimona . . . di tswela kwa dikgosing tse di mo lefatsheng lotlhe, di ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe. . . . Di ne tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang Aramagedona ka Sehebera.”—Tshenolo 16:14, 16.

 Lefoko “Aramagedona” le tswa mo lefokong la Sehebera e leng Har Meghid·dohnʹ, le le kayang “Thaba ya Megido.” Megido e ne e le motse mongwe mo kgaolong ya Iseraele wa bogologolo. Ka ntlha ya seo, batho bangwe ba akanya gore Aramagedona e tla lwelwa kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, ga go na lefelo lepe kwa Botlhabagare, tota le yone kgaolo ya Megido, le legolo thata mo e leng gore ‘dikgosi tse di mo lefatsheng lotlhe’ le masole a tsone di ka phuthegela kwa go lone.

 Buka ya Tshenolo e ne ya kwalwa go dirisiwa “ditshupo” kgotsa puo ya tshwantshetso. (Tshenolo 1:1) Aramagedona ga e kaye lefelo la mmatota, mme e kaya boemo jo mo go jone ditšhaba tsotlhe di tla bong di kopana mmogo mo maitekong a tsone a bofelo a go lwantsha puso ya Modimo.—Tshenolo 19:11-16, 19-21.