Fetela kwa tshedimosetsong

Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?

Sesupo sa ‘Metlha ya Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?

Karabo ya Baebele

Baebele e tlhalosa ditiragalo le maemo a a tla nnang gone go bontsha gore “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” kgotsa “bokhutlo jwa lefatshe” leno bo atametse. (Mathaio 24:3; Baebele e e Boitshepo) Baebele e bitsa nako eo e re ke ‘metlha ya bofelo’ kgotsa “sebaka sa bofelo.” (2 Timotheo 3:1; Daniele 8:19; Easy-to-Read Version) Metlha ya bofelo e tla bonala ka ditiragalo kgotsa ka boporofeti jo bo latelang:

  • Go tla nna le dintwa tse dintsi.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4.

  • Leuba.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:5, 6.

  • Dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe.—Luke 21:11.

  • “Malwetse a leroborobo” le a a kotsi.—Luke 21:11.

  • Bokebekwa.—Mathaio 24:12.

  • Batho ba senya lefatshe.—Tshenolo 11:18.

  • Mekgwa e e sa siamang e tla nna maswe le go feta. Batho ba tla nna “ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, . . . ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.”—2 Timotheo 3:1-4.

  • Malapa a tla thubega, batho e tla nna “ba ba se nang lorato lwa tlholego” e bile bana ga ba kitla ba ‘utlwa batsadi.’—2 Timotheo 3:2, 3.

  • Batho ba bantsi ga ba kitla ba rata Modimo jaaka pele.—Mathaio 24:12.

  • Go tla nna le boitimokanyi jo bontsi mo dikerekeng.—2 Timotheo 3:5.

  • Batho ba tla tlhaloganya boporofeti jwa Baebele botoka go akaretsa le jo bo amanang le malatsi a bofelo.—Daniele 12:4.

  • Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

  • Batho ga ba kitla ba kgatlhegela go itse bosupi jo bo bontshang gore bokhutlo bo atametse e bile ba tla kgala batho ba ba buang ka jone.—Mathaio 24:37-39; 2 Petere 3:3, 4.

  • Boporofeti jono jwa Baebele kgotsa ditiragalo tseno di tla diragala ka nako e le nngwe.—Mathaio 24:33.

A re tshela mo “metlheng ya bofelo”?

Ee. Ditiragalo tsa lefatshe le boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore metlha ya bofelo e simologile ka 1914 fa Bogosi Jwa Modimo bo ne bo simolola go busa. Selo sa ntlha se se ileng sa direga fa Bogosi bo busa ke go latlhela Satane le madimona a gagwe mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-12) Tsela e batho ba le bantsi ba itshwereng ka yone le dilo tse ba di dirang, di bontsha gore ba tlhotlhelediwa ke Satane mme go dira gore metlha ya bofelo e re tshelang mo go yone e nne boima.—2 Timotheo 3:1.