Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dipuo Tsa Rona di Simologile Kwa ‘Toreng ya Babele’?

A Dipuo Tsa Rona di Simologile Kwa ‘Toreng ya Babele’?

“Jehofa a ba gasamisetsa mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme kgabagare ba tlogela go aga motse. Ke gone ka moo leina la one le neng la bidiwa Babele, ka gonne Jehofa o ne a tlhakatlhakantse puo ya lefatshe lotlhe gone.”—Genesise 11:8, 9.

A TOTA tiragalo eo e e kwadilweng mo Baebeleng e ile ya diragala? A batho ba ne ba simolola go bua dipuo tse di farologaneng botlhe ka nako e le nngwe jaaka go tlhalositswe? Batho bangwe ba sotla pego ya Baebele e e bontshang kafa dipuo tsa batho di simologileng le go anama ka teng. Mokwadi mongwe o ne a kwala jaana: “Ruri tlhamane ya Tora ya Babele ke nngwe ya dipolelo tse di sa utlwaleng tse di kileng tsa tlhalosiwa.” Tota le Rabi mongwe wa Mojuda o ne a re ke “tsela e e se nang tlhaloganyo ya go tlhalosa go simologa ga ditšhaba.”

Ke ka ntlha yang fa batho ba gana go amogela pego ya Babele? Ke ka gonne ga e dumalane le dithuto dingwe tse di buang ka tshimologo ya dipuo. Ka sekai, bakanoki bangwe ba akantsha gore ditlhopha tsa dipuo ga di a tlhagelela ka tshoganyetso mme di ne tsa tswa ka bongwe ka bongwe go tswa mo puong e le nngwe ya ntlhantlha. Ba bangwe ba dumela gore dipuo di le mmalwa tsa ntlha di ne tsa simologa ka botsone, di gola go tswa mo go ngunanguneng go nna puo e e nang le mafoko a a farologaneng. Dithuto tseno le tse dingwe tse di sa dumalaneng di dirile gore batho ba le bantsi ba dumalane le Porofesa W. T. Fitch, yo o neng a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Evolution of Language: “Ga re ise re bone dikarabo tse di kgotsofatsang.”

Ke eng se baithutamarope le se babatlisisi ba ileng ba se fitlhelela malebana le tshimologo le go gola ga dipuo tsa batho? A diphitlhelelo tsa bone di dumalana le epe ya dithuto tse di builweng? Kgotsa a se se fitlheletsweng se dumalana le pego ya Babele? Sa ntlha mma re sekaseke pego eo ya Baebele.

GO DIRAGETSE KAE LE GONE LENG?

Baebele e bontsha gore go tlhakatlhakana ga dipuo le go gasamisiwa ga batho go diragetse kwa “lefatsheng la Shinare,” le moragonyana le neng la bidiwa Babilonia. (Genesise 11:2) Seo se diragetse leng? Baebele ya re batho ba ba mo lefatsheng ba ne ba kgaogane mo metlheng ya ga Pelege yo o neng a tsholwa dingwaga di ka nna 250 pele ga Aborahame. Ka jalo, go  bonala ditiragalo tsa kwa Babele di diragetse mo e ka nnang dingwaga di le 4 200 tse di fetileng.—Genesise 10:25; 11:18-26.

Bakanoki bangwe ba ruta gore dipuo tse di buiwang gompieno di tswa mo puong e le nngwe ya ntlhantlha—puo e go akanngwang gore batho ba ne ba e bua mo e ka nnang dingwaga di le 100 000 tse fetileng. * Ba bangwe ba re dipuo tse di buiwang gompieno di amana le dipuo di le mmalwa tsa ntlha tse di neng di buiwa mo e ka nnang dingwaga di le 6 000 tse di fetileng. Mme baitsedipuo ba re dipuo tse di dirisiwang gompieno di simologile jang? Makasine wa Economist wa re: “Ga go motlhofo. Go farologana le baitsethutotshelo, baitsedipuo ga ba na masaledi a dilo tsa bogologolo tse di ka ba thusang go itse se se diragetseng mo nakong e e fetileng.” Makasine oo o oketsa ka go re mongwe wa baitsedipuo o ne a swetsa ka gore “ke dikakanyo tse dintsi tse di fopholediwang.”

Le fa go ntse jalo, go na le mekwalo ya bogologolo. Mekwalo eno ke eng e bile e senola eng malebana le dipuo tsa batho? The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Direkoto tsa bogologolo tsa puo e e kwalwang, e leng yone fela mekwalo ya puo e e leng teng, di sa le di nna gone ka dingwaga tse di fetang 4 000 kgotsa 5 000.” Baithutamarope ba ile ba ribolola kae mekwalo eno kgotsa “direkoto tsa puo e e kwadilweng”? Kwa karolong e e kwa tlase ya Mesopotamia—kgaolo ya Shinare wa bogologolo. * Ka jalo, bosupi jo bo leng teng bo dumalana le dintlha tse di tlhalosiwang mo Baebeleng.

DIPUO TSE DI FAROLOGANENG, DIKAKANYO TSE DI FAROLOGANENG

Pego ya Baebele ya re Modimo o ne a tsaya kgato kwa Babele, a ‘tlhakatlhakanya puo ya bone gore yo mongwe a se ka a reetsa kgotsa go tlhaloganya puo ya yo mongwe.’ (Genesise 11:7) Ka ntlha ya seo, badiri ba ne ba “tlogela go aga motse” wa Babele mme ba gasamisiwa “mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Genesise 11:8, 9) Ka jalo, Baebele ga e bolele gore dipuo tsotlhe tse di buiwang gompieno di tswa mo “puong ya ntlhantlha” e le nngwe. Go na le moo, e tlhalosa kafa dipuo di le mmalwa tse disha di ileng tsa tlhagelela ka tshoganyetso ka gone, nngwe le nngwe ya tsone e kgona go dira gore motho a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng e bile e sa tshwane gotlhelele le tse dingwe.

Letlapanakwalelo la letsopa le le nang le mokwalo o o gabilweng, kwa Mesopotamia, mileniamo wa boraro B.C.E.

Go tweng ka ditlhopha tsa puo tse di leng teng gompieno? A tota di a tshwana kgotsa nnyaa? Moitsesaense wa tlhaloganyo e bong, Lera Boroditsky, o ne a kwala jaana: “Fa baitsedipuo ba ntse ba batlisisa ka dipuo tse di buiwang mo lefatsheng (di le 7 000 kgotsa tse di fetang moo, go sekasekilwe di le mmalwa fela mo go tsone), go ne ga nna le dikakanyo tse di farologaneng tse go sa tlhomamisiweng ka tsone.” Ee, le fa gone tsela e merafe mengwe e buiwang ka yone, jaaka Ba-Canton le Ba-Hakka ba ba nnang kwa borwa jwa China, e ka lebega e tshwana e farologane thata le tsela ya go bua ya merafe e mengwe, jaaka Ba-Serbia kgotsa Ba-Croatia.

Puo e bontsha tsela e batho ba akanyang ka yone le tsela e ba tlhalosang dilo tse di ba dikologileng ka yone—mmala, palo, lefelo, tsela. Ka sekai, motho yo o buang puo e e rileng a ka nna a re: “O na le khukhwane mo seatleng sa moja.” Mme mo puong e nngwe, motho a ka re: “O na le khukhwane mo seatleng se se ka fa borwabophirima.” Go se tshwane go go ntseng  jalo go ka tlhakanya tlhogo. Ke ka moo baagi ba kwa Babele ba neng ba palelwa ke go tswelela ka tiro ya bone ya go aga.

A KE GO NGUNANGUNA KGOTSA A KE PUO E E NANG LE MAFOKO A A FAROLOGANENG?

Puo ya ntlhantlha e batho ba neng ba e bua e ne e ntse jang? Baebele e bolela gore motho wa ntlha, Adame, o ne a kgona go itlhamela mafoko a masha fa a ne a naya diphologolo le ditshedi tse di fofang maina. (Genesise 2:20) Gape Adame o ne a itirela leboko go bontsha kafa a ikutlwang ka teng ka mosadi wa gagwe e bile mosadi wa gagwe o ne a tlhalosa sentle se Modimo a neng a se ba laetse le diphelelo tsa go se mo ikobele. (Genesise 2:23; 3:1-3) Ka jalo, puo ya ntlha e ne e dira gore batho ba kgone go buisana le gore ba kgone go itlhalosa sentle.

Go tlhakatlhakana ga dipuo kwa Babele go ne ga kgoreletsa batho gore ba se ka ba kgona go dirisa botlhale jwa bone le maatla a bone. Le fa go ntse jalo, dipuo tsa bone tse disha, fela jaaka puo ya ntlha, di ne di na le mafoko a a farologaneng. Mo makgolong a le mmalwa a dingwaga, batho ba ne ba aga metse e megolo, ba rulaganya sesole se se maatla ba bo ba dira dikgwebo le dinaga di le dintsi. (Genesise 13:12; 14:1-11; 37:25) A ba ne ba ka kgona go fitlhelela dilo tseo fa ba ne ba sa dirise mafoko a mantsi le thutapuo? Go ya ka Baebele, puo ya ntlhantlha le dipuo tse di neng tsa nna teng kwa Babele e ne e se go ngunanguna le go bobora mme e ne e le dipuo tse di nang le mafoko a a farologaneng.

Dipatlisiso tsa bosheng di tshegetsa tshwetso eo. The Cambridge Encyclopedia of Language ya re: “Setso sengwe le sengwe se go ileng ga dirwa patlisiso ka sone, le fa se ka tswa e le se se sa ‘tlhabologang,’ se na le puo e e feletseng, e e nang le mafoko a a farologaneng fa e bapisiwa le dipuo tsa dinaga tse go tweng ke tse di ‘tlhabologileng.’” Ka tsela e tshwanang, Porofesa wa Harvard College e bong Steven Pinker o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Language Instinct: “Ga go na selo se se bidiwang puo e e sa tlhabologang.”

ISAGWE YA DIPUO

Morago ga go tlhatlhoba lefelo le dingwaga tse mekwalo ya dipuo e nnileng teng ka tsone, go farologana ga ditlhopha tsa dipuo le go rulagana ga dipuo tsa bogologolo, di dira gore re dire tshwetso efe e e utlwalang? Batho ba le bantsi ba swetsa ka gore pego ya Baebele ya se se diragetseng kwa Babele ke yone tlhaloso e e utlwalang sentle.

Baebele e bolela gore Jehofa Modimo o ne a tlhakatlhakanya puo ya batho kwa Babele ka go bo ba ne ba mo tsuologela. (Genesise 11:4-7) Le fa go ntse jalo, o solofeditse gore o tlile go “fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” (Sefania 3:9) “Puo e e itshekileng” eno, e leng boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo, e dira gore gompieno batho ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe ba nne seoposengwe. Go a utlwala gore mo isagweng Modimo o tla kopanya batho ka go ba naya puo e ba e tlhaloganyang botlhe, a dirolola tlhakatlhakano ya dipuo e e nnileng teng kwa Babele.

^ ser. 8 Dithuto tse di rutang ka puo gantsi di ruta gore batho ba tswa mo dibopiweng tse di tshwanang le ditshwene. Fa o batla go sekaseka dithuto tseno, bona tsebe 27-29 ya boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 9 Baithutamarope ba ile ba ribolola ditora di le mmalwa tsa tempele tse di nang le ditepisi, tse di bopegileng jaaka dipiramiti gaufi le Shinare. Baebele ya re baagi ba tora ba kwa Babele ba ne ba aga ka ditena e seng ka matlapa mme ba bo ba dirisa bitumena jaaka seretse. (Genesise 11:3, 4) The New Encyclopædia Britannica ya re: “Go ne go se motlhofo go bona matlapa e bile gongwe a ne a seyo gotlhelele” kwa Mesopotamia, mme bitumena e ne e le ntsi thata.