Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: KE KA NTLHA YANG FA POGO E LE KANA KANA? E TLA FELA LENG?

Go Bolailwe Batho ba le Bantsi Tota Ba ba Se Nang Molato!

Go Bolailwe Batho ba le Bantsi Tota Ba ba Se Nang Molato!

Noelle yo mmotlana e ne e le ngwana yo o ratang batho yo o neng a rata go torowa. Maitseboa mangwe ka nako ya selemo o ne a tsamaya ka kwa morago ga jarata mme go ne ga direga gore a wele mo teng ga phulu. O ne a nwela dibeke di le pedi fela pele ga a tshwara dingwaga di le nnè.

Charlotte, Daniel, Olivia, Josephine . . . Ano ke maina a bana bangwe ba le 20 ba dingwaga di le thataro kgotsa di le supa, ba ba neng ba le mo gare ga bana ba le 26 ba ba ileng ba thuntshiwa kwa sekolong sengwe kwa Connecticut, U.S.A., ka Sedimonthole 14, 2012. Ka nako ya tirelo ya go gopola baswi, Poresidente Obama o ne a bitsa maina a bana bano mme a raya bareetsi ba ba neng ba hutsafetse a re: “Masetlapelo ano a tshwanetse go fela.”

Bano wa dingwaga di le 18 o ne a tswa kwa Iraq ka 1996 mme a fudugela kwa Norway le ba lelapa la gaabo. Ditsala tsa gagwe di ne di mmitsa Sun Rays. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, ka Phukwi 22, 2011, Bano e ne ya nna mongwe wa batho ba le 77 ba ba neng ba bolawa ke motho mongwe yo o setlhogo thata yo o neng a ipelafatsa jaana: “Ke a ikwatlhaya . . . ka go bo ke sa kgona go bolaya batho ba ba oketsegileng.”

Go na le dikgang tse dingwe tse di tshwanang le tseno tse di utlwisang botlhoko thata tse di ileng tsa begiwa gangwe le gape go ralala lefatshe. Akanya ka bohutsana le botlhoko jo bo bakilweng ke dikotsi, bokebekwa, dintwa, borukhutlhi, masetlapelo a tlholego le dilo tse dingwe tse di utlwisang botlhoko. Go ile ga bolawa batho ba le bantsi ba ba se nang molato e bile go nnile le pogo e ntsi go sa tlhokege.

Batho bangwe ba pega Modimo molato, ba akanya gore Mmopi wa rona ga a amege ka batho. Ba bangwe ba swetsa ka gore Modimo o bona gore re a boga mme o tlhophile gore a se ka a tsaya kgato. Mme ba bangwe bone ba bolela gore masetlapelo a a ntseng jalo a laoletswe e sa le gale. Go bonala batho ba na le boikutlo jo bo sa tshwaneng ka kgang eno. Re ka bona kae dikarabo tse di ka ikanngwang le tse di kgotsofatsang? Mo ditlhogong tse di latelang, re tla sekaseka Lefoko la Modimo, Baebele, go bona dikarabo tse di malebana le gore ke eng se se bakang pogo le gore e tla fedisiwa jang.