Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Aborahame—O ne A Ikokobeditse

Aborahame—O ne A Ikokobeditse

Aborahame—O ne A Ikokobeditse

Aborahame o ne a ntse mo mogopeng wa gagwe a itumelela moriti wa one e re ka go ne go le mogote thata. Fa Aborahame a ntse a lebile kwa kgakajana, o ne a bona banna ba bararo ba ba neng ba etetse mo motseng ono. * Kwantle ga go senya nako, o ne a taboga a ya go kgatlhantsha baeng a bo a ba kopa gore ba itapolose go se kae mme a ba neye se ba se tlhokang. O ne a ithaopela go ba naya “thathana ya senkgwe,” mme a ba baakanyetsa dijo tsa maemo a a kwa godimo tse di akaretsang senkgwe se se sa tswang go bakiwa, botoro, mashi le nama e ntle e e boruma. Fa Aborahame a ne a baakanyetsa baeng ba gagwe dijo tseno, o ne a sa bontshe fela gore o amogela baeng, mme gape o ne a bontsha boikokobetso jo bo tswang pelong jaaka re tla bona.—Genesise 18:1-8.

BOIKOKOBETSO KE ENG? Boikokobetso ke go se ikgodise kgotsa go se ikgogomose. Motho yo o ikokobeditseng o lemoga gore batho ba bangwe botlhe ba mo gaisa ka tsela nngwe. (Bafilipi 2:3) O reetsa dikakantsho tsa batho ba bangwe e bile o iketleeletsa go ba direla ditiro tsa maemo a a kwa tlase.

ABORAHAME O NE A BONTSHA BOIKOKOBETSO JANG? Aborahame o ne a itumelela go direla ba bangwe. Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong, fa Aborahame a ne a bona baeng ba bararo, ka yone nako eo o ne a simolola go baakanya dilo tse baeng bano ba neng ba di tlhoka. Ka bonako fela, mosadi wa gagwe e bong Sara o ne a simolola go dira dijo. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore ke mang gape yo o neng a dira tiro e ntsi: Aborahame o ne a taboga go ya go kgatlhantsha baeng, ke ene yo o neng a ba raya a re a ka ba naya sengwe se ba ka se jang, ke ene yo o neng a tabogela kwa motlhapeng a bo a tlhopha phologolo e e neng e tla tlhabiwa, mme ke ene a neng a tlisa dijo tseno tsotlhe fa pele ga baeng. Mo boemong jwa go laela batlhanka ba gagwe go dira sengwe le sengwe, monna yono yo o boikokobetso o ne a semelela mo tirong eno ya maemo a a kwa tlase. O ne a sa tseye go direla ba bangwe e le go itiga seriti.

Aborahame o ne a reetsa dikakantsho tsa batho ba a neng a ba okametse. Baebele e umaka metlotlo e le mmalwa fela e Aborahame le Sara ba neng ba nna le yone. Le fa go ntse jalo, re bala gore ka makgetlho a le mabedi, Aborahame o ne a reetsa dikakantsho tsa ga Sara a bo a dira go dumalana le tsone. (Genesise 16:2; 21:8-14) Mo lekgetlhong le lengwe, kakantsho ya ga Sara e ne ya ‘itshupa e sa itumedise gotlhelele mo go Aborahame.’ Mme fa Jehofa a ne a bua le Aborahame a mmontsha gore kakantsho ya ga Sara e molemo, ka boikokobetso Aborahame o ne a reetsa a bo a dirisa kakantsho eo.

RE ITHUTA ENG? Fa re le boikokobetso tota, re tla itumelela go direla ba bangwe. Re tla itumedisiwa ke go dira sotlhe se re ka se kgonang gore botshelo jwa bone bo nne monate.

Gape re ka bontsha boikokobetso ka tsela e re tsibogelang dikakantsho tsa batho ba bangwe ka yone. Go na le gore re itlhokomolose kakantsho nngwe fela ka gonne e sa tla ka rona, ka botlhale re tla amogela dikakgelo tsa batho ba bangwe. (Diane 15:22) Batho ba ba okametseng ba bangwe ke bone ba segolobogolo ba solegelwang molemo ke go nna le boikutlo joo jwa go amogela dikakantsho. Mookamedi mongwe yo o nang le maitemogelo yo o bidiwang John a re: “Ke lemogile gore mookamedi yo o molemo o dira gore batho ba ikutlwe ba gololesegile go ntsha maikutlo a bone.” O oketsa jaana: “Go tlhoka boikokobetso gore motho a lemoge gore batho ba a ba okametseng ba ka nna le dikakantsho tse di botoka go na le tsa gagwe malebana le gore dilo di ka dirwa jang. Mme gone, ga go na ope—tota le fa e le mookamedi—yo e leng ene fela a nang le dikakantsho tse di molemo.”

Jehofa o tla re amogela fa re etsa Aborahame ka go reetsa dikakantsho tsa batho ba bangwe le ka go ba direla ditiro tsa maemo a a kwa tlase. Aitsane, “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.”—1 Petere 5:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Le fa kwa tshimologong Aborahame a ka tswa a ne a sa lemoge, baeng bano e ne e le barongwa ba Modimo ba baengele.—Bahebera 13:2.