Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Dira Dilo ka Botlhale, a le Pelokgale e Bile a sa Ikakanyetse a le Esi

O ne A Dira Dilo ka Botlhale, a le Pelokgale e Bile a sa Ikakanyetse a le Esi

ESETHERE o ne a atamela setulo sa bogosi ka iketlo mme pelo ya gagwe e ne e itaya ka bonako. Leka go akanya ntlo e kgolo ya segosi ya kwa Peresia kwa Shushane e sisibetse, go didimetse thata jaana mo Esethere a kgonang go utlwa mosito wa dikgato tsa gagwe le modumo wa go gotlhana ga diaparo tsa gagwe tsa segosi fa a ntse a tsamaya. O ne a sa batle go itewa tsebe ke bogolo jwa lolwapa lwa ntlo ya segosi, dipilara tse dintle le marulelo a mosedara o o gabilweng o o tswang kwa kgakala kwa Lebanona. O ne a tlhomile mogopolo fela mo monneng yo o neng a ntse mo setulong sa bogosi, monna yo o neng a ka laela gore a bolawe.

Kgosi e ne ya mo lebelela fa a ntse a atamela, ya mo otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gouta. Go ne go le motlhofo go dira jalo mme kgato eo e ne ya boloka botshelo jwa ga Esethere, gonne ka go dira jalo kgosi e ne ya tlodisa matlho phoso e a neng a sa tswa go e dira—ya go tla kwa kgosing a sa bidiwa. Fa Esethere a tla mo setulong sa bogosi, o ne a tshwara ntlha ya lore lwa segosi a bontsha go leboga kutlwelobotlhoko ya monna wa gagwe.—Esethere 5:1, 2. *

Sengwe le sengwe se ne se bontsha kafa Kgosi Ahasueruse a neng a humile e bile a le maatla ka teng. Go lebega seaparo sa segosi sa dikgosi tsa mo motlheng oo tsa kwa Peresia, se ne se ja madi a a kana ka diranta di le dimilione di le makgolokgolo. Le fa go ntse jalo, fa Esethere a ntse a lebile monna wa gagwe, o ne a kgona go bona gore o a mo rata. Kgosi o ne a re: “O na le eng, wena kgosigadi Esethere, le gone ke eng se o se kopang? Le fa e ka nna sephatlo sa bogosi—o tla se newa!”—Esethere 5:3.

Esethere o ne a setse a bontshitse tumelo le bopelokgale ka tsela e e tlhomologileng; o ne a tla kwa kgosing go tla go sireletsa batho ba gagabo mo leanong le le neng le tla felela ka gore ba bolawe botlhe. O ne a setse a atlegile go fitlha jaanong, le fa go ntse jalo o ne a sa ntse a tla lebana le dikgwetlho tse dikgolo le go feta. O ne a tshwanelwa ke go tlhatswa kgosi eno e e ikgantshang pelo gore mogakolodi wa yone yo e neng e mo ikanya thata e ne e le monna yo o boikepo yo o neng a tsieditse kgosi eno gore e atlholele batho ba gaabo Esethere loso. O ne a tla mo tlhatswa pelo jang, mme re ka ithuta eng mo tumelong ya ga Esethere?

O ne A Tlhopha ka Botlhale “Nako ya go Bua”

A Esethere o ka bo a boleletse kgosi bothata jono jotlhe fa pele ga batho ba ba direlang mo ntlong ya kgosi? Gongwe go dira jalo go ka bo go tlhabisitse kgosi ditlhong mme ga dira gore mogakolodi wa gagwe e bong Hamane a itatole se a neng a latofadiwa ka sone. Ka jalo Esethere o ne a dira eng? Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:1, 7) Re ka nna ra akanya rraagwe Esethere yo o mo godisitseng, monna yo o ikanyegang e bong Moredekai, a ruta lekgarebe leno melaometheo e e ntseng jalo fa a ntse a le godisa. Ruri Esethere  o ne a tlhaloganya botlhokwa jwa go tlhopha ka kelotlhoko “nako ya go bua.”

Esethere o ne a re: “Fa go bonala go le molemo mo kgosing, a kgosi e tle gompieno le Hamane kwa moketeng o ke o e diretseng.” (Esethere 5:4) Kgosi e ne ya dumela mme ya laela gore Hamane a bidiwe. A o lemoga kafa Esethere a neng a bua ka botlhale ka gone? Ga a ka a diga monna wa gagwe seriti mme o ne a rulaganya nako e e siameng e ka yone a neng a ka mmolelela se a neng a tshwenyegile ka sone.

Ga go pelaelo gore Esethere o ne a rulaganya moletlo oo ka kelotlhoko, a tlhomamisa gore o nna fela jaaka monna wa gagwe a ne a ka o batla. Mo moletlong oo go ne go na le beine gore batho ba itumele. (Pesalema 104:15) Ahasueruse o ne a itumetse mme a tlhotlheletsega go botsa Esethere gape gore kopo ya gagwe e ka tswa e le eng. A jaanong e ne e le nako ya go bua?

Esethere o ne a akanya gore ga e ise e nne yone. Ka jalo, o ne a laletsa kgosi le Hamane gore ba tle mo moletlong wa bobedi mo letsatsing le le latelang. (Esethere 5:7, 8) Ke eng fa a ne a nna a busetsa nako kwa morago? Gakologelwa gore batho botlhe ba gaabo Esethere ba ne ba tshwanetse go bolawa ka gonne kgosi e ne e neile Hamane tetla ya gore a ntshe taelo ya gore Bajuda botlhe ba bolawe. E re ka eno e ne e le kgang e e masisi, Esethere o ne a tshwanetse go tlhomamisa gore o bua ka nako e e siameng. Ka jalo o ne a leta, a batla tsela e nngwe gape ya go bontsha monna wa gagwe kafa a mo tlotlang ka gone.

Bopelotelele ke nonofo e e bonwang sewelo e bile e le botlhokwa. Le fa Esethere a ne a ngomogile pelo e bile a swegaswega go bua se se mo tshwenyang, o ne a letela nako e e siameng ka bopelotelele. Re ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa gagwe ka gonne rotlhe re ka tswa re bone diphoso tse di tshwanetseng go baakanngwa. Fa re batla go tlhatswa mongwe yo o nang le taolo pelo gore a baakanye bothata bongwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go etsa Esethere ka go nna pelotelele. Diane 25:15 ya re: “Molaodi o kgonwa ka bopelotelele, mme loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.” Fa re letela nako e e siameng ka bopelotelele re bo re bua ka bonolo, fela jaaka Esethere a ne a dira, re ka fenya tota le kganetso e e boima e e jaaka lerapo le le thata go robega. A Modimo wa ga Esethere e bong Jehofa, o ne a mo segofaletsa bopelotelele le botlhale jwa gagwe?

Bopelotelele bo Dira Gore go Dirwe Tshiamiso

Bopelotelele jwa ga Esethere bo ne jwa felela ka gore go direge dilo tse di tlhomologileng ka tatelano. Hamane o ne a tswa kwa moletlong wa ntlha a gatela kwa godimo, “a ipela e bile a itumetse mo pelong” ka gonne kgosi le mohumagadi ba mo rata thata jaana. Le fa go ntse jalo, fa Hamane a feta fa kgorong ya ntlo ya segosi o ne a bona Moredekai, Mojuda yole yo o neng a sa ntse a gana go mo naya tlotlo e e kgethegileng. Moredekai o ne a sa gane ka  gonne a le lonyatso, mme o ne a gana ka ntlha ya segakolodi sa gagwe le kamano ya gagwe le Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, Hamane o ne “a akofa a galefela Moredekai thata.”—Esethere 5:9.

Fa Hamane a bolelela mosadi wa gagwe le ditsala tsa gagwe kafa Moredekai a sa mo tlotleng ka gone, ba ne ba mo kgothaletsa gore a dire kota ya boleele jwa dimetara di feta 22 mme a kope tetla kwa kgosing gore a mo kaletse mo go yone. Hamane o ne a rata kgakololo ya bone mme ka bonako a laela gore kota eo e dirwe.—Esethere 5:12-14.

Mme kgosi yone ga e a ka ya robala sentle mo bosigong joo. Baebele ya re “kgosi [e ne] ya felelwa ke boroko” ka jalo ya laela gore e balelwe dipego tsa semolao tsa Puso. Dipego tseo di ne di akaretsa pego ya leano la go bolaya Ahasueruse. O ne a gopola tiragalo eo; batho ba ba neng ba tla mmolaya ba ne ba tshwarwa ba bo ba bolawa. Mme go tweng ka monna yo o neng a senotse leano leo—Moredekai? Kgosi e ne ya tsiboga mme ya botsa gore Moredekai o ne a duetswe jang. Karabo e ne ya nna efe? Monna yono o ne a sa direlwa sepe.—Esethere 6:1-3.

Kgosi e ne e galefile mme ya botsa gore ke badiredi bafe ba ntlo ya segosi ba ba neng ba le teng gore ba mo thuse go baakanya kgang eno e e neng e tlodisitswe matlho. Hamane ke ene a neng a le mo lolwapeng lwa kgosi—go lebega a ne a phaketse ka gonne a ne a tlhoafaletse go kopa tetla ya go bolaya Moredekai. Mme pele Hamane a bua kopo ya gagwe, kgosi e ne ya mmotsa gore monna yo o boneng kamogelo mo kgosing o ne a ka bontshiwa tlotlo jang. Hamane o ne a akanya gore kgosi e akantse ka ene. Ka jalo, Hamane o ne a akantsha gore a newe tlotlo ya maemo a a kwa godimo: Dira gore motho yono a apesiwe diaparo tsa segosi, mme mongwe wa maemo mo pusong a mo tsamaise mo Shushane a palame pitse ya kgosi, a ntse a mmaka gore batho botlhe ba utlwe. Akanya fela gore Hamane o ne a tsiboga jang fa a utlwa gore motho yo o neng a tla newa tlotlo eo e ne e le Moredekai! Mme kgosi e ne ya laela gore Moredekai a bakwe ke mang? Ke Hamane!—Esethere 6:4-10.

Hamane o ne a ikgoga fela mme a dira tiro eno e e neng ya oketsa letlhoo la gagwe mme a itlhaganelela kwa gae a hutsafetse. Mosadi wa gagwe le ditsala tsa gagwe ba ne ba re ditiragalo tseno di ne di bontsha gore tota sengwe se se bosula se ne se tla direga; ruri o ne a tla fenngwa fa a ntse a lwantsha Moredekai wa Mojuda.—Esethere 6:12, 13.

E re ka Esethere a ne a le pelotelele, o ne a leta letsatsi le lengwe gape pele a kopa kgosi, mme seo se ne sa naya Hamane nako ya go ikepela lemena. A mme Jehofa Modimo e ka tswa e se ene a dirileng gore kgosi e tlhorege boroko? (Diane 21:1) Ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re nne le “boikutlo jwa go leta.” (Mika 7:7) Fa re letela Modimo, re ka fitlhela gore ditsela tse a rarabololang mathata a rona ka tsone di botoka thata go feta tse rona re neng re ka di akanya.

O ne A Bua ka Bopelokgale

Esethere o ne a sa batle go dira gore kgosi e lete gape; mo moletlong wa bobedi, o ne a tla tshwanelwa ke go mmolelela sengwe le sengwe. Mme o ne a tla dira seo jang? Kgosi e ne ya mo naya tshono ka go mmotsa gape gore o kopa eng. (Esethere 7:2) “Nako ya go bua” ya ga Esethere e ne e gorogile.

Re ka akanya Esethere a rapela Modimo mo pelong pele a bua mafoko ano: “Fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, wena kgosi, le gone fa go bonala go le molemo mo kgosing, mma ke newe moya wa me go ya kafa topong ya me le batho ba gaetsho go ya kafa kopong ya me.” (Esethere 7:3) Ela tlhoko gore o ne a tlhomamisetsa kgosi gore o amogela se kgosi e tla bonang se le molemo. Ruri Esethere o ne a farologane thata le Fasheti, mosadi wa pele wa kgosi, yo o neng a tlontlolola monna wa gagwe ka boomo! (Esethere 1:10-12) Mo godimo ga moo, Esethere ga a ka a tshwaya kgosi phoso ka gonne a ile a ikanya Hamane. Go na le moo, o ne a rapela kgosi gore e mo sireletse ka gonne botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing.

Kwantle ga pelaelo kopo eo e ile ya ama kgosi ya  bo ya mo gakgamatsa. Tota ke mang yo o neng a ka nna le sebete sa go tsenya botshelo jwa mohumagadi wa gagwe mo kotsing? Esethere o ne a tswelela ka go re: “Re rekisitswe, nna le batho ba gaetsho, gore re nyelediwe, re bolawe re bo re senngwe. Jaanong fa re ka bo re rekiseditswe go nna batlhanka le malata fela, nkabo ke didimetse. Mme matshwenyego ano ga a tshwanela fa a lere tshenyegelo mo kgosing.” (Esethere 7:4) Ela tlhoko gore Esethere o ne a tlhalosa bothata jaaka bo ntse, mme a oketsa ka go re a ka bo a didimetse fa e ne e le gore ba ne ba tshosediwa ka go dirwa makgoba fela. Le fa go ntse jalo, go gailwa ga morafe jalo go ne go tla ama kgosi thata mo Esethere a neng a ka se ka a didimala fela ka gone.

Sekao sa ga Esethere se re ruta go le gontsi ka bokgoni jwa go tlhatswa motho pelo. Fa o ka tshwanelwa ke go bolelela mongwe yo o mo ratang kgotsa yo o nang le taolo bothata bongwe jo bo masisi, o ka thusiwa thata ke go nna pelotelele, go bua ka tlotlo e bile o sa fitlhe sepe jaaka Esethere.—Diane 16:21, 23.

Ahasueruse o ne a botsa jaana: “Ke mang yoo, le gone o kae tota motho yo o itirileng pelokgale gore a dire jalo?” Akanya Esethere a supa Hamane ka monwana a re: “Monna yoo, moganetsi le mmaba, ke Hamane yo o bosula yo.” Hamane o ne a tsibogela tatofatso eo e e masisi jang? O ne a tsenwa ke tsebetsebe. Akanya fela sefatlhego sa kgosi se hibila ka ntlha ya bogale fa a lemoga gore mogakolodi wa gagwe yo a mo ikanyang o ne a mo tsieditse gore a saene molao o o neng o tla felela ka gore mosadi wa gagwe yo o rategang a bolawe! Kgosi e ne ya tswela kwa tshingwaneng e galefile gore e wele makgwafo.—Esethere 7:5-7.

E re ka Hamane a ne a senotswe e le legatlapa la leferefere, o ne a khubama fa dinaong tsa mohumagadi. Fa kgosi e boela mo phaposing e bo e bona Hamane a rapela Esethere, yo o neng a le mo sekanamelong sa gagwe, e ne ya galefa mme ya latofatsa Hamane e re o leka go betelela mohumagadi mo ntlong ya kgosi. Tatofatso eo e ne ya tlhomamisetsa Hamane gore o ne a tla bolawa. O ne a ntshiwa a bipilwe sefatlhego. Go tswa foo, mongwe wa badiredi ba kgosi o ne a bolelela kgosi ka kota e kgolo e Hamane a neng a e diretse Moredekai. Gone fela foo, Ahasueruse o ne a laela gore ene Hamane a kalediwe mo go yone.—Esethere 7:8-10.

Mo lefatsheng leno le le se nang tshiamiso, go motlhofo go akanya gore go ka se tsamaye go nna le tshiamiso. A o kile wa akanya jalo? Esethere ga a ka a itlhoboga, ga a ka a felelwa ke tshepo e bile ga a ka a felelwa ke tumelo. Fa a nna le tshono ya go bua, o ne a emela se se siameng ka bopelokgale a bo a ikanya Jehofa gore o tla tsaya kgato e e tshwanetseng. Le rona a re direng fela jalo! Jehofa o ntse jaaka a ne a ntse mo motlheng wa ga Esethere. O sa ntse a kgona go tshwara baikepi le maferefere ka diru tse ba di dirang, fela jaaka a ile a dira ka Hamane.—Pesalema 7:11-16.

O ne A Direla Jehofa le Batho ba Gagwe a sa Ikakanyetse a le Esi

Kgabagare kgosi e ne ya itse gore Moredekai ke mang—e ne e se fela motho yo o ikanyegang yo o neng a mo sireleditse gore a se ka a bolawa mme gape e ne e le rre yo o godisitseng Esethere.  Ahasueruse o ne a naya Moredekai maemo a ga Hamane a go nna tonakgolo. Kgosi e ne ya naya Esethere ntlo ya ga Hamane, e e neng e akaretsa dikhumo tsa gagwe tse dintsi, mme Esethere a tlhoma Moredekai gore a e okamele.—Esethere 8:1, 2.

E re ka jaanong Esethere le Moredekai ba ne ba babalesegile, a kgosigadi eno e ne e tla kgoba kgetsi? E ne e ka dira jalo fela fa e ne e le pelotshetlha. Ka nako eo, taelo ya ga Hamane ya gore Bajuda botlhe ba bolawe, e ne e romelwa kwa dintlheng tsotlhe tsa mmusomogolo. Hamane o ne a latlhetse bola kgotsa Pure—e go lebegang e ne e le tsela nngwe ya go dirisana le meya—go bona gore ke nako efe e e siametseng go diragatsa tlhaselo eo e e setlhogo. (Esethere 9:24-26) Go ne go sa ntse go setse dikgwedi pele ga letsatsi leo mme le ne le atamela ka bofefo. A masetlapelo ao a ne a sa ntse a ka thibelwa?

E re ka Esethere a ne a sa ikakanyetse a le esi, o ne a boa a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go tla gape kwa kgosing a sa bidiwa. Mo lekgetlhong leno o ne a rapelela batho ba gagabo, a kopa monna wa gagwe gore a phimole taelo eo e e setlhogo. Mme melao e e neng e ntshitswe mo leineng la kgosi ya Peresia e ne e ka se phimolwe. (Daniele 6:12, 15) Ka jalo, kgosi e ne ya naya Esethere le Moredekai thata ya go tlhoma melao e mengwe. Go ne ga ntshiwa taelo ya bobedi e e neng e naya Bajuda tshwanelo ya go itshireletsa. Bapalami ba dipitse ba ne ba ragogela kwa dintlheng tsotlhe tsa mmusomogolo ba isetsa Bajuda dikgang tseno tse di molemo. Seo se ne sa naya batho ba le bantsi tsholofelo. (Esethere 8:3-16) Re ka akanya fela ka Bajuda ba ba  mo dikarolong tse dintsi tsa mmusomogolo ono ba tlhometse ba ipaakanyeditse ntwa, e leng se ba neng ba ka se ka ba se dira fa go ne go sa ntshiwa molao oo o mosha. Mme sa botlhokwa le go feta ke gore a “Jehofa wa masomosomo” o ne a tla ema batho ba gagwe nokeng?—1 Samuele 17:45.

Fa kgabagare letsatsi le le neng le tlhophilwe le goroga, batho ba Modimo ba ne ba ipaakantse. Jaanong tota le badiredi ba bantsi ba mmuso wa Peresia ba ne ba le kafa letlhakoreng la bone ka gonne go ne go setse go itsege gongwe le gongwe gore tonakgolo e ntšha e ne e le Moredekai wa Mojuda. Jehofa o ne a dira gore batho ba gagwe ba fenye ka selekanyo se segolo. Kwantle ga pelaelo o ne a tlhomamisa gore baba ba batho ba gagwe ba fenngwa gotlhelele gore ba se ka ba ba tlhasela gape. *Esethere 9:1-6.

Mo godimo ga moo, Moredekai o ne a ka se sireletsege fa a ne a ka okamela ntlo ya ga Hamane barwa ba ba lesome ba monna yono yo o bosula ba sa ntse ba tshela. Le bone ba ne ba bolawa. (Esethere 9:7-10) Ka jalo go ne ga diragadiwa boporofeti bongwe jwa Baebele ka gonne pelenyana ga foo, Modimo o ne a boleletse pele gore Baamaleke, ba e neng e le baba ba ba boikepo ba batho ba gagwe, ba ne ba tla fedisiwa gotlhelele. (Duteronome 25:17-19) Bomorwa Hamane e ka tswa e ne e le bone batho ba bofelofelo ba setšhaba seo se se atlhotsweng.

Le fa Esethere a ne a sa le mosha, o ne a tshwanelwa ke go nna le seabe mo go diragatseng maikarabelo mangwe a magolo—a a jaaka go tlhoma melao ya segosi e e amanang le ntwa le go bolawa ga batho. Go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo. Mme gone, e le gore thato ya ga Jehofa e diragadiwe, batho ba gagwe ba ne ba tshwanetse go sirelediwa gore ba se ka ba senngwa; Mesia o ne a tshwanetse go tswa mo setšhabeng sa Iseraele mme o ne a tla tlisetsa batho botlhe mo lefatsheng tsholofelo! (Genesise 22:18) Gompieno batlhanka ba Modimo ba itumelela go itse gore fa Mesia e bong Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a iletsa balatedi ba gagwe go nna le seabe mo dintweng go tloga ka nako eo go ya pele.—Mathaio 26:52.

Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba mo ntweng ya semoya; Satane o iketleeleditse go senya tumelo e re nang le yone mo go Jehofa Modimo. (2 Bakorintha 10:3, 4) Ruri go a itumedisa go nna le sekao se se jaaka Esethere! Fela jaaka ene, e kete re ka bontsha tumelo ka go dirisa bokgoni jwa go tlhatswa pelo ka botlhale le ka bopelotelele, ka go nna pelokgale le ka go iketleeletsa go emela batho ba Modimo re sa ikakanyetse re le rosi.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mo setlhogong se se mo makasineng o o fetileng se se tsamaisanang le seno, re bone gore Esethere yo e neng e le khutsana o ne a godisiwa ke ntsalae yo o neng a mo feta thata ka dingwaga e bong Moredekai, mme moragonyana a tlhophiwa go nna mosadi wa ga Ahasueruse, kgosi ya kwa Peresia. Mogakolodi wa kgosi e bong Hamane o ne a loga leano le le bosula la go nyeletsa batho ba gaabo Moredekai e bong Bajuda. Moredekai o ne a tlhotlheletsa Esethere gore a ye kwa kgosing go ya go rapelela batho ba gagabo gore ba se ka ba bolawa.—Bona setlhogo se se reng “Etsa Tumelo ya Bone—O ne A Emela Batho ba Modimo,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2011.

^ ser. 32 Kgosi e ne ya letla Bajuda gore ba lwe le ka letsatsi la bobedi gore ba fenye baba ba bone. (Esethere 9:12-14) Le gompieno, Bajuda ba sa ntse ba gopola phenyo eo ngwaga le ngwaga ka dikgakologo mo moletlong o o bidiwang Purime, o o teeletsweng ka bola jo Hamane a ileng a bo latlhela fa a ne a batla go fedisa Baiseraele.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Dipotso Kaga Esethere

Ke ka ntlha yang fa Moredekai a ne a letla gore Esethere a nyalwe ke moheitane?

Ga go na sepe se se tshegetsang maiphako a bakanoki bangwe a gore Moredekai e ne e le motho yo o ratang go itsholegela molemo yo o neng a batla gore Esethere a nyalwe ke kgosi ka ntlha ya maemo. E re ka Moredekai e ne e le Mojuda yo o ikanyegang, o ne a ka se ka a amogela lenyalo le le ntseng jalo. (Duteronome 7:3) Go ya ka dipolelo tsa bogologolo tsa Bajuda, Moredekai o ne a leka go thibela lenyalo leo. Ga go lebege go ne go ka direga gore ene kgotsa Esethere, baagi ba baeng mo nageng e e busiwang ke mmusaesi yo o neng a tsewa jaaka modimo, ba nne le se ba ka se buang mo kgannyeng eno. Fa go ntse go ya, go ne ga bonala sentle gore Jehofa o ne a dirisa lenyalo la ga Esethere go sireletsa batho ba gagwe.—Esethere 4:14.

Ke ka ntlha yang fa buka ya Esethere e sa umake leina la Modimo, Jehofa?

Go bonala sentle gore Moredekai e ne e le ene mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa buka eno. Gongwe buka eno kwa tshimologong e ne e beilwe le direkoto tsa segosi tsa Peresia pele e busediwa kwa Jerusalema. Go dirisiwa ga leina la ga Jehofa go ka tswa go ne go ka tlhotlheletsa baobamedi ba medimo ya kwa Peresia go senya buka eno. Le fa go ntse jalo, seabe sa ga Jehofa mo kgannyeng eno se bonala sentle. Se se kgatlhang ke gore, mo mokwalong wa ntlhantlha wa Sehebera, leina la Modimo le fitlhilwe mo mokgweng wa go kwala o mo go one go lebegang mafoko a rulagantswe ka boomo gore ditlhaka tsa ntlha kgotsa tsa bofelo tsa mafoko a a latelanang di bope leina la Modimo.—Esethere 1:20, ntlha e e kwa tlase go NW.

A buka ya Esethere ga e boammaaruri mo go tsa hisitori?

Batshwayadiphoso ba re ga e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, bakanoki bangwe ba lemogile gore mokwadi wa buka eno o ne a bontsha gore o itse dilo tse dintsi ka bogosi jwa Peresia, dikago tsa yone le dingwao tsa koo. Ke boammaaruri gore mekwalo e e sa ntseng e le teng e e seng ya Baebele ga e umake Kgosigadi Esethere, mme e ka se ka ya bo e le ene fela mongwe wa segosi yo o sa umakwang mo direkotong tsa setšhaba. Mo godimo ga moo, dipego tse e seng tsa Baebele di bontsha gore monna yo o bidiwang Mardukâ, leina la Seperesia le le tsamaisanang le la Moredekai, e ne e le modiredi wa ntlo ya segosi kwa Shushane ka nako e e tlhalosiwang mo bukeng eno.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Boporofeti jo bo Neng Jwa Diragadiwa

Fa Esethere le Moredekai ba ne ba femela batho ba Modimo, ba ne ba diragatsa boporofeti jo bongwe jwa Baebele. Dingwaga di feta 1 200 pele go direga, Jehofa o ne a tlhotlheletsa tlhogo ya lotso e bong Jakobe go bolelela pele jaana malebana le mongwe wa bomorwawe: “Benjamine o tla nna a gagola jaaka phiri. Mo mosong o tla ja phologolo e e tshwerweng mme mo maitseboeng o tla kgaoganya thopo.” (Genesise 49:27) Mo “mosong” wa hisitori ya dikgosi tsa Iseraele, ditlogolwana tsa ga Benjamine di ne di akaretsa Kgosi Saulo le batho ba bangwe ba ba maatla ba ba neng ba tlhabanela batho ba ga Jehofa. Mo “maitseboeng” a hisitori ya bogosi joo, fa dikgosi tsa Iseraele di ne di sa tlhole di busa, Esethere le Moredekai, ba ka bobedi e neng e le ba lotso lwa Benjamine, ba ne ba lwantsha baba ba ga Jehofa mme ba ba fenya. Ka tsela nngwe, gape ba ne ba kgaoganya thopo, ka gonne dikhumo tsa ga Hamane e ne ya nna tsa bone.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Esethere o ne a bontsha go leboga kutlwelobotlhoko ya kgosi ka boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Esethere o ne a nna pelokgale mme a senola boikepo jwa ga Hamane

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Esethere le Moredekai ba ne ba romela melao kwa Bajudeng ba ba mo Mmusomogolong wa Peresia