A o Ne o Itse?
A o Ne o Itse?
“Ba ntlo ya ga Kaesara” ba ba neng ba romelela Bafilipi ditumediso tsa Bokeresete ka Paulo e ne e le bomang?
▪ Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Filipi a le kwa Roma mo e ka nnang ka 60 go ya go 61 C.E., mme Kaesara yo a neng a mo umaka e ne e le Mmusimogolo Nero. Mme ke mang wa ntlo ya ga Nero yo o neng a ka romelela Bakeresete ba kwa Filipi ditumediso?—Bafilipi 4:22.
Go tla bo go le phoso go akanya gore polelwana “ba ntlo ya ga Kaesara” e ne e kaya masika a a gaufi a mmusimogolo yono. Go na le moo, e ne e kaya batho botlhe ba ba neng ba direla mmusimogolo, go akaretsa makgoba le ba ba neng ba golotswe mo bokgobeng ba ba neng ba nna kwa Roma le kwa diporofenseng tsa yone. Ka jalo, polelwana “ba ntlo ya ga Kaesara” e ne e akaretsa batlhanka ba le diketekete. Ba ne ba dira ditiro tse di farologaneng tsa go okamela kgotsa tsa botlhanka mo matlong a segosi a mmusimogolo le mo dikagong tse dingwe tsa gagwe. E bile bangwe ba ne ba ka nna le seabe mo tsamaisong ya puso.
Go bonala gore bangwe ba batlhanka ba mmusimogolo kwa Roma ba ne ba nna Bakeresete. Ga go itsiwe gore a seo se ne se bakilwe ke go rera ga ga Paulo kwa Roma. Mme gone go lebega ba ne ba kgatlhegela phuthego ya kwa Filipi thata. E re ka Filipi e ne e le kolone ya Baroma e bile batho ba le bantsi ba e neng e kile ya nna masole le batlhanka ba puso ba ne ba nna mo go yone, go ka direga gore bangwe ba Bakeresete ba koo e ne e le ditsala tsa batho ba Paulo a neng a romela madume a bone.
Go nyala seyantlo mo go umakiwang mo Molaong wa ga Moshe e ne e le eng?
▪ Kwa Iseraele wa bogologolo, fa monna a ne a tlhokafala a se na ngwana wa mosimane, go ne go lebeletswe gore morwarraagwe a nyale mosadi wa gagwe mme a tshole bana le ene gore a tsweledise pele losika lwa monna yo o tlhokafetseng. (Genesise 38:8) Thulaganyo eno, e moragonyana e neng ya tsenngwa mo Molaong wa ga Moshe, e ne e itsiwe e le go nyala seyantlo. (Duteronome 25:5, 6) Se Boase a neng a se dira, se se tlhalosiwang mo bukeng ya Ruthe, se bontsha gore seno se ne se ka dirwa ke banna ba bangwe ba losika lwa monna yo o tlhokafetseng fa e le gore ga a na bomorwarraagwe.—Ruthe 1:3, 4; 2:19, 20; 4:1-6.
Se se bontshang gore go nyala seyantlo go ne go dirwa mo motlheng wa ga Jesu ke gore, Basadukae ba ne ba bua ka gone, jaaka go kwadilwe mo go Mareko 12:20-22. Rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus o ne a re mokgwa ono o ne o sa thuse fela gore losika lwa monna yo o tlhokafetseng lo tswelele lo le teng mme gape o ne o dira gore boswa bo se ka jwa tswa mo lelapeng e bile o dira gore motlholagadi a tlhokomelwe sentle. Mo metlheng eo, mosadi o ne a se na tshwanelo ya go rua dithoto tsa monna wa gagwe boswa. Le fa go ntse jalo, ngwana yo o tshotsweng mo lenyalong la seyantlo o ne a na le tshwanelo ya go rua boswa jwa dithoto tsa monna yo o tlhokafetseng.
Molao o ne o letla ba losika gore ba ka gana go nyala seyantlo. Mme go ne go tsewa e le matlhabisaditlhong fa monna a gana “go aga ntlo ya ga morwarraagwe.”—Duteronome 25:7-10; Ruthe 4:7, 8.