Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Jesu o Swetse mo Sefapaanong?

A Ruri Jesu o Swetse mo Sefapaanong?

 A Ruri Jesu o Swetse mo Sefapaanong?

BUKA nngwe ya tshedimosetso ya re: “Sefapaano ke letshwao le le tlwaelegileng thata mo Bokereseteng.” Ditshwantsho di le dintsi tsa bodumedi tse di pentilweng le tse di takilweng di bontsha Jesu a kokotetswe mo sefapaanong. Ke ka ntlha yang fa letshwao leno le aname jaana mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete? A ruri Jesu o swetse mo sefapaanong?

Batho ba le bantsi ba ka re karabo e mo Baebeleng. Ka sekai, go ya ka thanolo ya Tswana Central, ka nako ya fa Jesu a bolawa, batho ba ba neng ba lebile ba ne ba sotla Jesu e bile ba mo raya ba re a ‘fologe mo sefapaanong.’ (Mathaio 27:40, 42) Dithanolo tse dingwe di le dintsi tsa Baebele di bua se se tshwanang. Today’s English Version e bolela jaana ka Simone wa kwa Kurene: “Masole a ne a mo pateletsa go sikara sefapaano sa ga Jesu.” (Mareko 15:21) Mo ditemaneng tseno, lefoko “sefapaano” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika e leng staurosʹ. A go na le lebaka le le utlwalang la go bo lefoko leno le ranotswe jalo? Bokao jwa lefoko leo le le neng le dirisiwa kwa tshimologong ke bofe?

A e Ne e Le Sefapaano?

Go ya ka mokanoki mongwe wa Mogerika e bong W. E. Vine, lefoko staurosʹ “tota le kaya pale kgotsa kota e e tlhamaletseng. Dikebekwa di ne di bolawa ka go kokotelwa mo dikoteng tse di ntseng jalo. Lefoko leno mmogo le lediri la lone stauroō, le le kayang go bofelela mo koteng kgotsa mo paleng, kwa tshimologong a ne a farologane le lefoko le le dirisiwang mo dikerekeng go kaya dipale tse pedi tse di dirilweng go nna sefapaano.”

Thanodi ya The Imperial Bible-Dictionary ya re lefoko staurosʹ “tota le ne le kaya kota e e tlhamaletseng kgotsa pale e go ka kgwagediwang sengwe le sengwe fela mo go yone kgotsa e e ka tlhomelwang fa fatshe.” Thanodi eno e tswelela ka go re: “Tota le mo Baromeng crux (lefoko la Selatine le lefoko sefapaano [cross] le tswang mo go lone) go bonala kwa tshimologong le ne le kaya pale e e tlhamaletseng.” Ka jalo ga go gakgamatse go bo buka ya tshedimosetso ya The Catholic Encyclopedia e re: “Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore kwa tshimologong sefapaano e ne e le pale fela e e tlhamaletseng e e looditsweng kwa godimo.”

Go na le lefoko le lengwe la Segerika e leng xyʹlon, le bakwadi ba Baebele ba neng ba le dirisa fa ba tlhalosa se Jesu a bolaetsweng mo go sone. Thanodi ya A Critical Lexicon and Concordance to the English and Greek New Testament e tlhalosa xyʹlon e le “legong kgotsa kota.” E tswelela e re, fela jaaka staurosʹ, xyʹlon “e ne e le pale kgotsa kota fela e e tlhamaletseng e Baroma ba neng ba kokotela batho mo go yone, ba go neng ga twe ba bolaetswe mo sefapaanong.”

Go dumalana le seno, thanolo ya King James Version e balega jaana mo go Ditiro 5:30: “Modimo wa borraetsho o ne a tsosa Jesu, yo lo neng lwa mmolaya mme lwa mo pega mo setlhareng [xyʹlon].” Le  fa dithanolo tse dingwe di ranola staurosʹ di re ke “sefapaano,” gape di ranola xyʹlon di re ke “setlhare.” Mo go Ditiro 13:29, thanolo ya The Jerusalem Bible e bua jaana ka ga Jesu: “E rile ba sena go dira sotlhe se se boleletsweng pele ka ga gagwe mo dikwalong, ba ne ba mo folosa mo setlhareng [xyʹlon] ba bo ba mo fitlha.”

Ka ntlha ya bokao jwa mafoko a Segerika e leng staurosʹ le xyʹlon, thanodi ya Critical Lexicon and Concordance e e nopotsweng fa godimo ya re: “Mafoko ano ka bobedi ga a dumalane le kgopolo e batho ba nang le yone gompieno ka sefapaano, se re setseng re tlwaetse go se bona mo ditshwantshong.” Ka mafoko a mangwe, se bakwadi ba Diefangele ba neng ba se tlhalosa ba dirisa lefoko staurosʹ, se ne se sa tshwane ka gope le se batho ba se bitsang sefapaano gompieno. Ka jalo, go a tshwanela go bo Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e dirisa polelwana e e reng ‘kota ya tlhokofatso’ mo go Mathaio 27:40-42 le mo ditemaneng tse dingwe tse go dirisiwang lefoko staurosʹ mo go tsone. Ka tsela e e tshwanang, thanolo ya Complete Jewish Bible e dirisa polelwana “kota e batho ba bolaelwang mo go yone.”

Kwa Sefapaano se Simologileng Teng

Fa e le gore Baebele ga e re Jesu o ne a bolaelwa mo sefapaanong, ke ka ntlha yang fa batho ba dikereke tsotlhe tse di iphakang gore di ruta Baebele le go e dirisa—Bakatoliki, Baporotesetanta le Ba-Orthodox—ba kgabisa dikago tsa bone ka sefapaano le go se dirisa e le letshwao la tumelo ya bone? Go tlile jang gore sefapaano e nne letshwao le le tlwaelegileng thata jaana?

Karabo ke gore sefapaano ga se tlotliwe fela ke batho ba ba tsenang kereke ba ba iphakang gore ba dirisa Baebele mme se tlotliwa le ke batho ba ba sa diriseng Baebele le ba kobamelo ya bone e sa leng e simologa pele ga ya dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Dibuka di le dintsi tsa bodumedi di bontsha gore go dirisa difapaano tsa mefuta e e farologaneng go sa le go simologa bogologolo. Ka sekai, mekwalo ya ditshwantsho ya bogologolo ya Baegepeto le ditshwantsho tsa medimo ya bone le medimo ya sesadi gantsi di bontsha sefapaano se se lebegang jaaka T yo o nang le sediko fa godimo. Se bidiwa ansate kgotsa sefapaano se se nang le molepo mme go dumelwa gore se tshwantshetsa botshelo. Fa nako e ntse e ya, Kereke ya Coptic le tse dingwe di ne tsa simolola go dirisa mofuta ono wa sefapaano thata.

Go ya ka buka ya tshedimosetso ya The Catholic Encyclopedia, “go lebega mofuta wa bogologolo wa sefapaano e ne e le se go neng go twe ke sa ‘gamma’ (crux gammata), se batho ba Botlhaba le baithuti ba marope a bogologolo ba se itseng ka leina la sone la Se-Sanskrit e leng swastika.” Letshwao leno le ne le dirisiwa thata ke Bahindu ba kwa India le Babuda go ralala Asia mme le sa ntse le dirisiwa mo mekgabiseng ya dinaga tseo.

Ga go itsiwe gore tota sefapaano se simolotse go dirisiwa leng e le letshwao la madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Thanodi ya ga Vine  ya Expository Dictionary of New Testament Words ya re: “Mo bogareng jwa lekgolo la bo3 la dingwaga A.D., dikereke di ne di tlogetse kgotsa di sokamisitse dithuto dingwe tsa tumelo ya Bokeresete. E le go tlhatlosa maemo a dikereke tsa botlhanogi, baheitane ba ne ba amogelwa mo dikerekeng le fa ba ne ba ise ba dumele mo dithutong tsa Bokeresete mme bontsi jwa bone ba ne ba letlelelwa go tswelela ba dirisa ditshwantsho le matshwao a bone a boheitane,” go akaretsa le sefapaano.

Bangwe ba bakwadi ba umaka se se neng sa bolelwa ke moobamedi wa modimo wa letsatsi e bong Constantine yo o neng a re, ka 312 C.E. fa a ne a le mo go nngwe ya dintwa tse a neng a di lwa o ne a bona ponatshegelo ya sefapaano se le mo godimo ga letsatsi e bile se na le moano wa Selatine o o reng “in hoc vince” (fenya ka seno). Moragonyana letshwao le go tweng ke la Bokeresete, le ne la tsenngwa mo difolageng, mo dithebeng le mo diaparong tsa masole a gagwe. (Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se se kafa molemeng.) Go bolelwa gore Constantine o ne a sokologela mo Bokereseteng, le fa a ne a kolobediwa morago ga dingwaga di le 25, a lwalela go swa. Bangwe ba ne ba belaela se se neng sa mo tlhotlheletsa go dira jalo. Buka ya The Non-Christian Cross ya re: “Mo boemong jwa go latela dithuto tsa ga Jesu wa Nasaretha, go ne go ntse jaaka e kete o fetolela Bokeresete mo go se a neng a akanya gore batho ba a ba busang ba tla se amogela e le bodumedi jwa lefatshe lotlhe.”

Fa e sa le ka nako eo, go ne ga dirisiwa difapaano tse di farologaneng. Ka sekai, thanodi ya The Illustrated Bible Dictionary e re bolelela gore sefapaano se go tweng ke sa ga St. Anthony “se ne se dirilwe jaaka tlhaka e kgolo ya T, e bangwe ba akanyang gore e tswa mo letshwaong la modimo wa [Bababelona] yo o bidiwang Tammuz, e leng tlhaka tau.” Gape go ne go na le sefapaano sa ga St. Andrew se se neng se bopegile jaaka tlhaka X, le se se tlwaelegileng se se dirilweng ka dikota tse pedi, e nngwe e tsentswe go ela mo bogareng jwa e nngwe. Mofuta ono o o umakilweng la bofelo o bidiwa sefapaano sa Selatine mme ka phoso “ga se bolo go itsege e le mofuta wa sefapaano se Morena wa rona a neng a swela mo go sone.”

Se Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga ba Neng ba se Dumela

Baebele e bontsha gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba le bantsi ba ba neng ba reetsa Jesu ba ne ba nna badumedi, mme ba amogela boleng jwa loso lwa gagwe lwa thekololo lwa go intsha setlhabelo. Baebele ya re fa moaposetoloi Paulo a sena go rerela Bajuda kwa Korintha, a neela bosupi jwa gore Jesu ke Keresete, “Kiresepo motlhankedi yo o okametseng wa sinagoge a nna modumedi mo Moreneng, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba dira jalo. Mme ba le bantsi ba Bakorintha ba ba neng ba utlwa ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.” (Ditiro 18:5-8) Go na le gore Paulo a ba itsise ka letshwao kgotsa setshwantsho sengwe sa bodumedi se ba tshwanetseng go se dirisa mo kobamelong, o ne a ruta Bakeresete ka ene go ‘tshaba kobamelo ya medingwana’ le tlwaelo epe fela e e tswang mo kobamelong ya boheitane.—1 Bakorintha 10:14.

Baitsehisitori le babatlisisi ga ba a bona bosupi bope jo bo tlhomamisang gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa sefapaano. Se se kgatlhang ke gore, buka ya History of the Cross e nopola mokwadi mongwe yo o neng a tshela kwa bofelong jwa lekgolo la bo17 la dingwaga yo o neng a botsa jaana: “A Jesu o ne a ka itumelela go bona barutwa ba gagwe ba tlotla kgotsa ba obamela selo [se go tweng] o ne a bolaelwa mo go sone, a boga ka bopelotelele a se na molato, a nyatsa ditlhong?” O ne o ka araba potso eo jang?

Kobamelo e Modimo a e amogelang ga e tlhoke gore re dirise matshwao kgotsa ditshwantsho. Paulo o ne a botsa jaana: “Tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana?” (2 Bakorintha 6:14-16) Ga go gope mo Dikwalo di kgothaletsang gore kobamelo ya Mokeresete e tshwanetse go akaretsa go dirisa selo se se tshwanang le se se dirisitsweng go bapola Jesu.—Bapisa le Mathaio 15:3; Mareko 7:13.

Ka jalo, ke eng se se tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri? Ga se sefapaano kgotsa letshwao lepe le lengwe, mme ke lorato. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:34, 35.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Se bakwadi ba Diefangele ba se tlhalosang se ne se sa tshwane ka gope le se batho ba se bitsang sefapaano gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho se se toroilweng sa lekgolo la bo17 la dingwaga sa motho a bolaelwa mo staurosʹ, se se tswang mo bukeng ya ga lipsius ya “De Cruce”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Setshwantsho se se takilweng mo leboteng sa kwa Eegepeto (sa mo e ka nnang lekgolo la bo14 la dingwaga b.c.e.) se se bontshang sefapaano se se nang le molepo, se se tshwantshetsang botshelo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© DeA Picture Library / Art Resource, NY

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Sefapaano sa gamma mo tempeleng ya Bahindu ya Laxmi Naraya

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go tswa mo bukeng ya The Cross in Tradition, History, and Art (1897)