Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE ENG se motho yo pele e neng e le leloko la segongwana sengwe e bile a tshwakgotswe ke diokobatsi a neng a se dira gore a tlogele mekgwa eno e e kotsi? Ke eng fa leloko la setlhopha sengwe sa mmino wa rock le ne la beola moriri wa lone o moleele le go fetola tsela e le neng le ikutlwa ka yone ka mmino o le neng le o rata? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa monna yo pele a neng a sa rate bodume-di le go ikobela balaodi gore e nne moreri? Ela tlhoko se batho bano ba se buang.

“Ke ne ka Fenya Bothata Jwa go Dirisa Diokobatsi ka Tsela e e Feteletseng.”—PETER KAUSANGA

DINGWAGA: 32

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: NAMIBIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LELOKO LA SEGONGWANA SENGWE E BILE O NE A TSHWAKGOTSWE KE MARIJUANA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa Kehemu, mongwe wa metse e menè e megolo ya toropo ya Rundu. Batho ba motse ono ba ne ba itshedisa ka go rekisa lebelebele, dikgong le magala.

Mmè o ne a tlhokafala fa ke ne ke na le dingwaga di le pedi fela, ka jalo ke godisitswe ke mmèmogolo. Re ne re tshela botshelo jo bo sa raraanang. Ke ne ke se seganana, mme ka ntlha ya kgatelelo ya balekane, ke ne ka feleletsa ke le mo mathateng. Kwa sekolong ke ne ka nna leloko la segongwana sengwe. Seo se ne sa dira gore ke feleletse ke lwantsha batho mo mebileng, ke ba kgerisa, ke utswa diteemane le go dirisa bojalwa le diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Ke ne ka tshwarwa makgetlo a mabedi le go tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya bogodu le go tsietsa.

Ke tlogetse sekolo ke le mo mophatong wa borobedi mme ka feleletsa ke fudugile mo motseng o ke goletseng mo go one le go tlogela segongwana. Ke ne ke batla go tlogela tsela e ke neng ke tshela ka yone. Mme gone ke ne ke sa ntse ke tshwakgotswe ke marijuana. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tsamaya sekgala se seleele go ya go reka sekerete sa marijuana.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Mo masimologong a bo1999, ke ne ka kopana le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba naya batho dikgatiso mo mmileng. Ba ne ba ntlotla le go ntshwara ka seriti, mme seo se ne sa nkama fela thata. Molaetsa o ke neng ka o bala mo dikgatisong tse ba neng ba nneile tsone o ne wa ntlhatswa pelo gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo mme go ise go ye kae ka lemoga gore ke tshwanetse go fetola tsela e ke tshelang ka yone fa ke batla go itumedisa Jehofa Modimo.

Ke ne ka baya letlha le ke ikaeletseng go tlogela motsoko ka lone mme go tswa foo ka latlha sotlhe fela se se neng se ka dira gore ke nne le keletso ya go goga. Gape ke ne ka bolelela ditsala tsa me gore di se ka tsa tlhola di nnaya disekerete le go di kopa gore di se ka tsa tlhola di goga fa di na le nna. Le fa ke ne ke dirile jalo, dilo ga di a ka tsa nna jaaka ke ne ke rulagantse. Ka makgetlo a le mabedi ke ne ka palelwa ke go laola keletso ya me mme ka goga disekerete le marijuana. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa nkgoba marapo. Ke ne ke sa lebale molaomotheo ono o o mo go Diane 24:16: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” Kgabagare ke ne ka fenya bothata jono.

Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka ga Jehofa, keletso ya go batla go nna tsala ya gagwe le yone e ne e ntse e gola. Temana nngwe ya Baebele e e neng ya nkama ke e e mo go Pesalema 27:10 e e reng: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” Fa ke ntse ke ithuta Baebele ka tlhoafalo, ke ne ka lemoga boammaaruri jwa mafoko ao. Ke ne ka tsaya Jehofa e le motho wa mmatota e bile e le Rre yo o lorato.

Gape ke ne ka kopanela le Basupi ba ga Jehofa ka metlha. Ke ne ke lemoga gore botsala jwa bone ke jwa mmatota le gore ba a ratana. Ga ke ise ke tsamaye ke ikutlwe ka tsela eo.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA TENG: Ka ntlha ya go thusiwa ke Jehofa le Basupi mmogo le nna, ke ne ka fetola tsela e ke ipaakanyang ka yone, e ke aparang ka yone le e ke itshwarang le go bua ka yone. Fa ke akanya ka dinako tse di fetileng, ke akanya gore botshelo jwa me bo fetogile fela jaaka jwa seboko se se fetogang go nna serurubele se sentle. Ba losika ba itumelela gore ke dirile diphetogo tseno mme seo se dira gore ba ntshepe. Gompieno ke nyetse mme ke leka ka natla go rata mosadi wa me le go tlhokomela banake.

“Ke Bone Bokao Jwa Mmatota Jwa Botshelo.”—MARCOS PAULO DE SOUSA

DINGWAGA: 29

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: BRAZIL

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: LELOKO LA SETLHOPHA SA MMINO WA ROCK

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ba lelapa la gaetsho ba ne ba nna mo toropong ya Jaguariuna kwa São Paulo. Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki ba ba ineetseng mme fa ke le mosha, ke ne ke thusa moruti ka nako ya mmisa. Ka ntlha ya seo, baithuti ka nna kwa sekolong se segolwane ba ne ba mpitsa Moruti. Le fa go ntse jalo, fa ke na le dingwaga di le 15 ke ne ka simolola go rata mmino wa rock. Ke ne ka simolola go itsalanya le baopedi ba mmino wa rock. Ke ne ka godisa moriri wa me. Mme ka 1996, rre o ne a nthusa go reka diletswa tsa mmino tsa meropa.

Ka 1998, ke ne ka nna leloko la setlhopha sa mmino wa rock. Mmino o re neng re o tshameka e ne e le wa bosatane e bile o kgothaletsa dilo tse di sa siamang. O ne o tlotlomatsa thubakanyo. Mmino ono o ne wa tlhotlheletsa tsela e ke neng ke akanya ka yone, ke itshwara ka yone le e ke neng ke ikutlwa ka yone. Ke ne ka simolola go akanya thata ka dilo tse di sa siamang le go nna dikgoka.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ke kopane le Basupi ba ga Jehofa la ntlha ka 1999. Ba ne ba kopa go ithuta Baebele le nna, ke ne ka dumela le fa tota ke ne ke se na kgatlhego e e kalo. Le fa go ntse jalo, se ke ileng ka se ithuta mo Baebeleng se ile sa fetola tsela e ke neng ke leba botshelo ka yone.

Ke ne ke itsege ke le “monna wa moriri o moleele,” “naledi ya mmino wa rock” kgotsa “moletsi wa meropa.” Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go lemoga gore go nna leloko la setlhopha sa mmino go dirile gore ke nne le moya wa boithati le wa kgaisano mme ke ne ke sa tlhole ke kgotsofalela tsela e ke itsegeng ka yone. Ke ne ka lemoga gore botshelo jwa diopedi tse ke neng ke di tseela kwa godimo bo ne bo se na bokao. Ke ile ka tlhaloganya ka iketlo gore fa ke batla go itumedisa Jehofa Modimo, ke tshwanetse go tlogela mmino wa rock le tsela e ke neng ke tshela ka yone ya boitsholo jo bo sa siamang le kobamelo ya medingwana e e neng e tsamaisana le yone.

Ke ne ke rata mmino le moriri wa me o moleele. Mme ka ipotsa gore a ke tla kgona go tshela ntle le tsone. Gape ke ne ke galefa ka bonako mme ke ne ke itse gore ke tshwanetse go ithuta go laola mokgwa ono. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka simolola go rata Jehofa thata. Go ithuta ka lorato lwa Modimo, bopelotelele le bopelotlhomogi jwa gagwe go ile ga dira gore ke mo rate. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go fetoga, mme o nthusitse. Ke bone kafa Bahebera 4:12 e leng boammaaruri ka gone. Temana eo ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”

Fa ke simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka lemoga gore ba ne ba farologane. E ne e le lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me ke bona batho ba bontshana lorato lwa mmatota. Lorato lono lo ne lwa bonala sentle kwa dikopanong tse dikgolo tse di neng di tshwerwe ke Basupi. Ke ne ke kgatlhilwe ke tsela e baithaopi ba ba tlhoafetseng ba neng ba thusa ka yone gore ba bangwe ba itumelele dikokoano tseo.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA TENG: Ka thuso ya ga Jehofa, jaanong ke kgona go laola bogale jwa me. Ke tsaya gore ga ke tlhole ke na le moya wa boithati le wa boikgodiso.

Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe ke ne ke tle ke gopole tsela e ke neng ke tshela ka yone pele—mme ga ke tlhole ke e gopola. Jaanong botshelo jwa me bo na le bokao jwa mmatota. Ke itumelela gore ke ithuta go kgatlhegela batho ba bangwe le go ba akanyetsa.

“Ke Itumelela go Thusa Batho ba Bangwe.”—GEOFFREY NOBLE

DINGWAGA: 59

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: UNITED STATES

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A SA RATE BODUMEDI LE GO IKOBELA PUSO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke godiseditswe kwa Ipswich, Massachusetts, toropo ya batho ba ba nang le madi a mantsi e e fa thoko ga lewatle. Fa ke setse ke godile, ke ne ka tlhopha go nna kwa lefelong le le kwa kgakala kwa Vermont. Go ya ka tsela e go neng go tshelwa ka yone kwa Amerika Bokone, nna le lekgarebe la me re ne re tshela botshelo jo bo sa raraanang. Re ne re se na motlakase, ka jalo re ne re thuthafatsa ntlo ya rona le go apaya dijo ka dikgong tse re neng re di tsaya kwa sekgweng. Re ne re na le ntlwana ya boithomelo ya mosima mme gantsi mo ngwageng go ne go se na metsi. Re ne re sa batle go tshela jaaka batho ba ba tlhabologileng e bile le tsela e re neng re lebega ka yone e ne e bontsha seo. Ka nako nngwe, ke ne ka itlotlomatsa ka gonne ke ne ke feditse dikgwedi di le thataro ke sa kame moriri.

Ka nako eo, United States e ne e le mo Ntweng ya Vietnam. Seno se ne sa ama tsela e ke neng ke leba balaodi ka yone. Ke ne ke bona boitimokanyi mo pusong le mo bodumeding. Mme ka lemoga gore ga di ka ke tsa nthusa le gore mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go itirela tshwetso ya se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka jalo ke ne ke sa bone sepe se se phoso ka go utswa se ke neng ke se tlhoka.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Nna le lekgarebe la me re ne ra simolola go bala Baebele mme re ne re sa e tlhaloganye. Ke ne ke dirisa diokobatsi mme ke leka go di tlogela. Lekgarebe la me le ne le batla gore re nyalane mme re nne le bana. Ka nako eo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a re etela, mme a simolola go ithuta Baebele le rona.

Go ise go ye kae ke ne ka tlogela mekgwa ya me e e bosula; le fa go ntse jalo, go ne go le thata tota gore ke fetole tsela e ke neng ke leba balaodi ka yone. Ke ne ke sa dumele sengwe le sengwe. Fa ke gola ke ne ke sa ikobele melao yotlhe, ka jalo go ne go le thata mo go nna go tshela ka melao ya motho yo mongwe.

Ga ke bolo go dumela gore go na le Mmopi, mme ke ne ke ikakanyetsa fela gore a ka tswa a ntse jang. Le fa go ntse jalo, fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka kgona go bona botho jwa ga Jehofa Modimo sentle. Ke ne ke kgona go bona sentle gore ke eng se a neng a batla gore ke se dire. Dilo tse Modimo a lebeletseng gore ke di dire di ne di utlwala sentle. Gape ke ithutile gore o ikaeletse go dira lefatshe paradaise. (2 Petere 3:13) Boammaaruri jono bo ile jwa dira gore ke batle go fetoga gore ke tshwanelegele go mo direla.

Ke ne ka kgatlhwa thata ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba gana go nna le seabe ka gone mo ntweng. Go ne go se na bodumedi jo bongwe jo ke neng ke bo itse jo bo neng bo latela melaometheo ya Baebele jaaka jono mo lefatsheng lotlhe.

Ke ne ke itse gore fa ke batla go direla Jehofa, ke tshwanetse go fetola tsela e ke lebegang ka yone. Kwa tshimologong, ke ne ke sa kgone go apara ka tsela e e neng e kgothalediwa ke Basupi. Nna le fa e le ditsala tsa me re ne re se na dihempe, marokgwe kgotsa ditlhako. Tota le thai ke ne ke se na yone! Mme ke ne ka beola moriri wa me le go tokafatsa tsela e ke lebegang ka yone. Le fa go ntse jalo, ke gopola lekgetlo la ntlha fa ke ne ke rera ka ntlo le ntlo. Go ne go na le galase e ke neng ke kgona go bona tsela e ntšha e ke neng ke lebega ka yone. Ke ne ka ipotsa jaana, ‘Tota ke lebega jang?’ Kgabagare, ke ne ka tlwaela tsela e ntšha e ke neng ke lebega ka yone.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA TENG: Ke ne ka nyala lekgarebe la me, mme re sa ntse re itumetse mo lenyalong. Bobedi jwa rona re ile ra kgona go godisa bana ba rona ba bararo gore ba rate Jehofa le go mo direla. Gape ke ile ka itumelela go thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Baebele jo bo ileng jwa nthusa go fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone.

Ke ne ke tle ke ikgogomose ke sa re sepe ka gore batho ba bangwe ba akanyang ka nna. Gone jaanong ke itumelela go amega ka batho ba bangwe le gore le bone ba amega ka nna.

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

“Ka dinako tse dingwe ke ne ke tsamaya sekgala se seleele go ya go reka sekerete sa marijuana”

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

“Se ke ileng ka se ithuta mo Baebeleng se ile sa fetola tsela e ke neng ke leba botshelo ka yone”

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Ke ne ke sa kgone go apara ka tsela e e neng e kgothalediwa ke Basupi”