Malawi, Afrika

Babadi ba a Botsa . . .

Holo ya Bogosi ke Eng?

Holo ya Bogosi ke Eng?

Holo ya Bogosi ke lefelo la go obamela le Basupi ba ga Jehofa ba le dirisang go tshwara ditirelo tsa bone tsa bodumedi. Go na le Diholo tsa Bogosi di le diketekete go ralala lefatshe lotlhe. Beke nngwe le nngwe, diphuthego di feta 105 000 tsa Basupi ba ga Jehofa di kopana mo diholong tseno.

Holo nngwe le nngwe ya Bogosi e na le lefelo le le dirisediwang dithulaganyo tsa go ithuta Baebele le go reetsa dipuo tse di neelwang. Mo mafelong ano a mantsi, go na le serala se motho yo o rutang Baebele a emang mo go sone fa a ruta kgotsa a tshwara dipokano. Gantsi go na le manno a batho ba le 100 go ya go 300. Gape Holo ya Bogosi e ka nna le phaposi e le nngwe kgotsa go feta, ofisi le laeborari e nnye e e nang le dikgatiso tsa Baebele le dibuka tse dingwe tse leloko lengwe le lengwe la phuthego le ka di dirisang go dira dipatlisiso.

Le fa go ntse jalo, mo Holong ya Bogosi ga o kitla o bona ditshwantsho tsa bodumedi le medingwana kgotsa matshwao mangwe a a amanngwang ka tsela nngwe le dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ga go na dialetara, ditshwantsho, difapaano kgotsa matshwao. Ka ntlha yang? Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore go dirisa dilo tseno go kgatlhanong le taelo e e mo Baebeleng ya gore re ‘tshabe kobamelo ya medingwana.’ (1 Bakorintha 10:14; Johane 4:24) Dikereke di le dintsi le ditempele di kgabisitswe thata. Diholo tsa Bogosi tsone di agetswe go tshwara dipokano mme ga di magasigasi. Ntlhakgolo ke se se dirwang mo teng ga dikago tseno e seng tsela e di lebegang ka yone.

Ke eng fa e bidiwa Holo ya Bogosi? Dipokano tse di tshwarwang mo Holong ya Bogosi di bua thata ka dithuto tse di mo Baebeleng le molaetsa wa yone wa konokono o o malebana le “Bogosi jwa Modimo” jo Jesu a neng a bua thata ka jone mo bodireding jwa gagwe. (Luke 4:43) Ka jalo, leina Holo ya Bogosi, le le neng la tlhamiwa ka bo1930, le tlhalosa boikaelelo jwa dikago tseno—go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri le go nna lefelo la konokono la tiro ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Ke gone ka moo Diholo tsa Bogosi di sa dirisediweng ditiro tsa setšhaba kgotsa tsa kgwebo. Go ntshiwa meneelo ka go rata gore go agiwe Diholo tseno, di bolokwe di le mo boemong jo bo siameng le go duelela ditshenyegelo. Ga go tsamaisiwe sejana sa koleke. Go na le moo, go na le lebokose le mongwe le mongwe yo o ratang a ka tsenyang moneelo wa gagwe mo go lone.

Diholo tsa Bogosi di dirisediwa boikaelelo jo bo tshwanang mo lefatsheng lotlhe mme gone dikago tseno di farologana ka bogolo le ka mokgwa o di agilweng ka one. Bogolo jwa tsone le tsela e di agiwang ka yone di ya ka gore go na le didirisiwa dife tsa go aga mo lefelong leo, maemo a bosa le gore Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong leo ba na le madi a a kana kang. Dikago dingwe di agilwe ka ditena, magong le maje. Tse dingwe tsone ga di na mabota a ditena mme di na le mabota a lotlhaka lwa bamboo e bile di ruletswe ka bojang.

Baeng ba ka tla kwa dipokanong kwa go nngwe le nngwe ya Diholo tseno tsa Bogosi. (Bahebera 10:25) Tota e bile, go na le puo e e neelwang beke le beke, e e tlotlang ka setlhogo se se theilweng mo Baebeleng mme e itumelelwa ke maloko a phuthego a a nnang gone ka metlha le baeng. O lalediwa go etela Holo ya Bogosi e e mo lefelong la lona.

Engelane, Great Britain