Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Ruta Bana Gore ba Nne le Maikarabelo

Go Ruta Bana Gore ba Nne le Maikarabelo

George: * “Go ne go diragala selo se le sengwe maitseboa mangwe le mangwe. Morwaake yo o nang le dingwaga di le nnè e bong Michael o ne a tlogela ditshamekisi tsa gagwe di tletsetletse gotlhe mo ntlong. Ke ne ke batla gore a di phuthe pele ga ke mo robatsa. Mme Michael o ne a galefa a bo a goa a sa kgaotse. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tlalelana ke bo ke mo omanya ka bogale, mme seo se ne se dira gore re utlwe botlhoko. Ke ne ke batla gore nako ya go robala e nne e e itumedisang. Ka jalo, ke ne ke ineela ke bo ke phutha ditshamekisi tseo.”

Emily: “Mathata a ne a simolola fa morwadiake yo o nang le dingwaga di le 13 e bong Jenny a sa tlhaloganye se morutabana wa gagwe a neng a batla gore a se dire mo tirong ya sekolo e a neng a ba neile yone. Fa Jenny a sena go goroga a tswa kwa sekolong, o ne a lela ura yotlhe. Ke ne ka mo kgothaletsa gore a kope morutabana wa gagwe gore a mo thuse, mme Jenny o ne a re morutabana wa gagwe o bogale, ka jalo o ne a tshaba go bua le ene. Ke ne ke raelesega go ya kwa sekolong ka yone nako eo go ya go ikopanya le morutabana yoo. Ke ne ke ipolelela gore ga go na ope yo o nang le tshwanelo ya go utlwisa ngwanake botlhoko jalo!”

A KA dinako tse dingwe o a tle o ikutlwe jaaka George le Emily? Fela jaaka batsadi bano, batsadi ba le bantsi ga ba kgone go tlogela bana ba bone fela ba le mo mathateng kgotsa ba sa itumela. Go tlwaelegile gore batsadi ba leke go sireletsa bana ba bone. Le fa go ntse jalo, maemo a a tlhalosiwang fa godimo a ne a naya batsadi bao tshono ya go ruta bana ba bone thuto ya botlhokwa ya go nna le maikarabelo. Gone ke boammaaruri gore, dilo tse ngwana wa dingwaga di le 4 le wa dingwaga di le 13 ba ka di ithutang ga di kitla di tshwana.

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga o kitla o nna gone ka metlha go sireletsa ngwana wa gago mo dikgwetlhong tse a lebanang le tsone mo botshelong. Kgabagare ngwana o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ‘rwale morwalo wa gagwe’ wa maikarabelo. (Bagalatia 6:5; Genesise 2:24) E le gore bana ba kgone go itlhokomela, mokgele wa batsadi e tshwanetse go nna go ruta bana ba bone gore ba se ka ba nna pelotshetlha, ba  amege ka batho ba bangwe le go nna bagolo ba ba kgonang go sikara maikarabelo. Eo ga se kgetsi e potlana!

Se se itumedisang ke gore batsadi ba na le sekao se se molemo sa ga Jesu le tsela e a neng a dirisana le barutwa ba gagwe ka yone. Jesu o ne a se na bana. Le fa go ntse jalo, mokgele wa gagwe fa a ne a tlhopha le go thapisa barutwa ba gagwe e ne e le go ba nonotsha gore ba tswelele ka tiro le fa a sena go tsamaya. (Mathaio 28:19, 20) Se Jesu a ileng a kgona go se dira, ke se motsadi mongwe le mongwe a batlang go se dira fa a ntse a godisa bana ba gagwe gore ba nne le maikarabelo. A re sekasekeng dintlha tse tharo tsa sekao se Jesu a neng a se tlhomela batsadi.

‘Tlhomela Bana ba Gago Sekao’

Fa Jesu a tloga a swa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Johane 13:15) Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba tshwanetse go tlhalosa le go bontsha ka ditiro gore tota go nna le maikarabelo go kaya eng.

Ipotse jaana: ‘A ka metlha ke bua ka maikarabelo a me ka tsela e e molemo? A ke tle ke bue kafa go kgotsofatsang ka gone go direla batho ba bangwe ka natla? Kgotsa a ka metlha ke a ngongorega le go ipapisa le batho ba go lebegang dilo di ba tsamaela sentle?’

Gone ke boammaaruri gore ga go na motho yo o itekanetseng. Rotlhe re a tle re ikutlwe re imetswe ke mathata ka dinako dingwe. Mme sekao se o se tlhomang ke sone fela se ka kgonang go thusa ngwana wa gago go bona botlhokwa jwa go itshwara ka tsela e e bontshang gore o na le maikarabelo.

LEKA SENO: Fa go kgonega, nako nngwe tsamaya le ngwana wa gago kwa tirong mme o mmontshe tiro e o e dirang go tlamela lelapa ka madi. Thusa mongwe yo o tlhokang thuso o na le ngwana wa gago. Tlotlang ka se lo se itumeletseng fa lo sena go dira tiro eo.—Ditiro 20:35.

Nna Tekatekano mo Dilong Tse o Lebeletseng Gore Bana ba di Dire

Jesu o ne a itse gore go ne go tla tsaya lobaka pele ga barutwa ba gagwe ba ka kgona go dira tiro e a neng a lebeletse gore ba e dire le go sikara maikarabelo. Nako nngwe o ne a ba raya a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke sa ntseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno.” (Johane 16:12) Kwa tshimologong, Jesu ga a ka a kopa barutwa ba gagwe gore ba dire dilo ba le bosi. Go na le moo, o ne a fetsa nako e ntsi a ba ruta dilo di le dintsi. Jesu o ne a ba romela gore ba tsamaye ba le bosi fa a setse a bona gore ba ka kgona.

Ka tsela e e tshwanang, go tla bo go sa utlwale gore batsadi ba kope bana go dira maikarabelo a batho ba ba godileng pele ba tshwanelega. Le fa go ntse jalo, fa bana ba ntse ba gola, batsadi ba tshwanetse go bona gore ke ditiro dife tse ba ka di kgonang. Ka sekai, batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone gore ba nne ba le phepa, ba phepafatse dikamore tsa bone, ba tshware nako le gore ba dirise madi sentle. Fa ngwana a simolola sekolo, batsadi ba lebeletse gore ngwana wa bone a tseye tiro ya gagwe ya sekolo e le maikarabelo a a botlhokwa a a tshwanetseng go a dira.

Batsadi ba tshwanetse go dira se se fetang fela go naya ngwana wa bone maikarabelo. Gape ba tshwanetse go mo ema nokeng mo maitekong a a a dirang gore a atlege. Rre yo o umakilweng pelenyana e bong George, o ne a lemoga gore lengwe la mabaka a go bo Michael a ne a galefa fa go twe a phuthe ditshamekisi e ne e le ka gonne tiro eo e ne e le boima. George a re: “Go na le gore ke omanye Michael gore a phuthe ditshamekisi tsa gagwe, ke ne ka mo ruta kafa a ka dirang tiro eo ka gone.”

Tota ke eng se a neng a se dira? George a re: “Sa ntlha, ke ne ka tlhoma nako e a neng a tshwanetse go phutha ditshamekisi ka yone, maitseboa mangwe le mangwe. Go tswa foo, ke ne ke di phutha le Michael, re simolola pele ka tse di mo karolong e nngwe ya kamore go ya kwa go tse dingwe go fitlha re fetsa. Ke ne ka dira gore tiro eno e nne e e itumedisang ka go bona gore ke mang yo o ka kgonang go di phutha ka bonako. Go ise go ye kae, tiro eno e ne ya nna se re se dirang ka metlha pele re robala. Ke ne ka solofetsa Michael gore fa a ka dira tiro eo ka bonako, ke tla mmalela polelo e nngwe gape pele a robala. Mme fa a palelwa ke go dira jalo ka nako, ke ne ke se kitla ke mmalela polelo e nngwe gape.”

 LEKA SENO: Sekaseka gore mongwe le mongwe wa bana ba gago a ka kgona go dirang se se tla thusang gore dilo di tsamaye sentle mo lelapeng la gago. Ipotse jaana, ‘A go na le dilo tse ke sa ntseng ke di direla banake tse ba ka kgonang go di itirela?’ Fa go le jalo, dira mmogo le bone go fitlha ba kgona go dira tiro eo ba le bosi. Ba tlhalosetse gore go tla nna le ditlamorago, e ka ne e le tse di molemo kgotsa tse di bosula, go ikaegile ka gore ba dirile tiro e ba e abetsweng jang. Go tswa foo, tlhomamisa gore ba lebana le ditlamorago tseo go ya ka se ba se dirileng.

Ba Neye Dikaelo Tse di Tlhamaletseng

Jesu, fela jaaka morutisi mongwe le mongwe yo o molemo, o ne a itse gore tsela e e di gaisang tsotlhe ya go ithuta ke go dirisa se o se ithutang. Ka sekai, fa Jesu a ne a bona gore e ne e le nako e e tshwanetseng, o ne a romela barutwa ba gagwe “ka bobedi le bobedi pele ga gagwe kwa motseng mongwe le mongwe le lefelo koo ene ka boene a neng a tlile go tla gone.” (Luke 10:1) Le fa go ntse jalo, ga a ka a ba tlogela fela a sa ba naya ditaelo. Pele ga a ba romela o ne a ba naya ditaelo tse di tlhamaletseng. (Luke 10:2-12) Fa barutwa ba gagwe ba boa mme ba mmegela ka katlego ya bone, Jesu o ne a ba akgola le go ba kgothatsa. (Luke 10:17-24) O ile a bontsha gore o a ba ikanya le gore o a ba amogela.

Ke eng se o se dirang fa bana ba gago ba lebane le maikarabelo a a boima? A o leka go sireletsa bana ba gago mo dilong tse ba boifang go di dira, o ba sireletsa gore ba se ka ba kgobega marapo le go palelwa? Selo sa ntlha fela se o ka ratang go se dira ke go “namola” ngwana wa gago kgotsa go mo sikarela maikarabelo ao.

Ela tlhoko: Nako le nako fa o itlhaganelela go “namola” bana ba gago ka tsela nngwe, o dira gore ba akanye eng? A o bontsha gore o a ba ikanya le go dumela gore ba tla kgona go dira maikarabelo a bone? Kgotsa a o dira gore ba akanye gore ke masea a a sa kgoneng go itirela sepe, a a tshwanetseng go ikaega ka wena gore o ba direle sengwe le sengwe?

Ka sekai, Emily yo o umakilweng pelenyana o ne a dira eng ka bothata jwa ga morwadie? Go na le gore a itshunye nko, o ne a swetsa ka gore Jenny a ye go bua le morutabana wa gagwe. Emily le Jenny ba ne ba kwala lenaane la dipotso le Jenny a neng a tshwanetse go ya ka lone kwa sekolong. Go tswa foo, ba ne ba buisana gore o tla bua leng le morutabana. Ba ile ba bo ba ikatisa gore motlotlo oo o tshwanetse go nna jang. Emily a re: “Jenny o ne a nna pelokgale go bua le morutabana wa gagwe mme morutabana o ne a mo akgolela go bo a tsere kgato pele. Jenny o ne a le motlotlo tota—le nna ke ne ke le motlotlo ka ene.”

LEKA SENO: Kwala mathata a ngwana wa gago a lebanang le one gone jaanong. Go bapa le mo o kwadileng teng, kwala gore ke eng se o ka se dirang go thusa ngwana wa gago ntle le go mo “namola.” Ikatise le ngwana wa gago gore ke dikgato dife tse a tshwanetseng go di tsaya gore a fenye bothata joo. Bontsha ngwana wa gago gore o a mo ikanya.

Fa e le gore ka metlha o sireletsa ngwana wa gago mo mathateng, o ka nna wa dira gore a palelwe ke go lebana le mathata a botshelo. Go na le moo, nonotsha bana ba gago ka go ba godisa ka tsela e ba tla kgonang go sikara maikarabelo a bone ka yone. Go dira jalo e tla nna nngwe ya dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse o ka ba nayang tsone.

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

IPOTSE JAANA . . .

  • A ke bontsha gore ke tekatekano mo dilong tse ke lebeletseng gore banake ba di dire?

  • A ke ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira gore ba atlege le go ba bontsha kafa ba ka dirang seo ka gone?

  • Ke leng la bofelo ke ileng ka kgothatsa kgotsa ka akgola ngwanake?