Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?

Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?

Atamalana le Modimo

Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?

Duteronome 10:12, 13

GO IKOBA kgotsa go se ikobe—tshwetso eno ka metlha ga e bonolo. Fa motho a le bogale kgotsa a batla dilo tse di ka se kgonegeng mo bathong ba a ba laolang, ba ka mo ikobela fela ka go ikgoga. Mme Jehofa Modimo ene o kgona go dira gore baobamedi ba gagwe ba mo ikobele ka go rata. Ka ntlha yang? Go araba potso eno, mma re sekaseke mafoko a ga Moshe a a mo go Duteronome 10:12, 13. *

Fa Moshe a ne a sobokanya dilo tse Modimo a di batlang mo go rona, o ne a botsa potso eno e e kgatlhang: “Ke eng se Jehofa Modimo wa gago a se kopang mo go wena?” (Temana 12) Modimo o na le tshwanelo ya go re batla sengwe le sengwe fela se a se batlang mo go rona. Tota e bile ke Morena Molaodimogolo, Motswedi le Motlamedi wa botshelo. (Pesalema 36:9; Isaia 33:22) Jehofa o na le tshwanelo ya go re kopa gore re mo ikobele. Le fa go ntse jalo, ga a batle gore re mo ikobele fela ka gonne re ikutlwa re patelesega go dira jalo. O re kopa eng? Go “nna kutlo go tswa pelong.”—Baroma 6:17.

Ke eng se se ka re tlhotlheletsang go ikobela Modimo ka go rata? Moshe o tlhalosa sengwe sa dilo tse di ka re thusang go dira jalo: “Boifa Jehofa Modimo wa gago.” * (Temana 12) Fa re boifa Modimo re tla batla go tila go mo utlwisa botlhoko.

Selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go ikobela Modimo ke eng? Moshe o ne a bolela jaana: “Rata [Jehofa] le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago.” (Temana 12) Go rata Modimo go akaretsa se se fetang kafa motho a ikutlwang ka gone. Buka nngwe ya ditshupiso e tlhalosa jaana: “Madiri a Sehebera a a tlhalosang kafa motho a ikutlwang ka teng ka dinako tse dingwe a kaya le ditiro tse di tlhotlhelediwang ke tsela e motho a ikutlwang ka yone.” Buka eno ya re go rata Modimo go kaya go mo “direla ka lorato.” Ka mafoko a mangwe, fa re rata Modimo ka tsela ya mmatota, re tla itshwara ka ditsela tse re itseng gore di a mo itumedisa.—Diane 27:11.

Re tshwanetse go ikobela Modimo go ya bokgakaleng bofe? Moshe a re: “O tsamaye mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe [Modimo].” (Temana 12) Jehofa o batla gore re dire dilo tsotlhe tse a re laelang go di dira. A go mo ikobela jalo ka bojotlhe go ka se re solegele molemo? Ga go a nna jalo.

Go ikobela Modimo ka go rata go tla re tlisetsa masego. Moshe o ne a kwala jaana: “Boloka ditaelo . . . tse ke go di laolelang gompieno, gore o solegelwe molemo.” (Temana 13) Ee, ditaelo tsotlhe tsa ga Jehofa—sengwe le sengwe se a re kopang go se dira—di solegela rona molemo. A go ka direga gore di se ka tsa re solegela molemo? Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ka gone, o re neile ditaelo tseno gore re solegelwe molemo go ya go ile. (Isaia 48:17) Go dira sotlhe se Jehofa a se re kopang go ka re sireletsa mo mathateng a mantsi gompieno le go dira gore re bone masego a mantsi mo isagweng mo Bogosing jwa gagwe. *

Go ikoba kgotsa go se ikobe—fa go tliwa mo dilong tse Jehofa a batlang gore re di dire, go na le tshwetso e le nngwe fela e e botlhale e re ka e dirang. Ka metlha go molemo go mo ikobela ka bojotlhe le ka go rata. Go dira dilo jalo ka boikanyegi go tla dira gore re atamalane le Jehofa, Modimo yo o lorato yo ka metlha a re batlelang dilo tse di molemo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Le fa Moshe a ne a lebisitse mafoko a gagwe go Baiseraele ba bogologolo, totatota a dira mo go botlhe ba ba batlang go itumedisa Modimo gompieno.—Baroma 15:4.

^ ser. 6 Mo bukeng yotlhe ya Duteronome, Moshe o ne a gatelela gore go boifa Modimo e tshwanetse go nna molaomotheo o o kaelang batlhanka ba Gagwe.—Duteronome 4:10; 6:13, 24; 8:6; 13:4; 31:12, 13.

^ ser. 9 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3, “Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?,” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.