Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Vatican Codex—Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Letlotlo?

Vatican Codex—Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Letlotlo?

 Vatican Codex—Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Letlotlo?

VATICAN e na le dilo di le dintsi tse di tlhwatlhwakgolo. Ditshwantsho tsa yone tse di takilweng mo maboteng, ditshwantsho tse di gabilweng mo majeng le dikago tsa yone tsa bogologolo di dira gore bontle jwa yone bo gogele. Le fa go ntse jalo, ka makgolokgolo a dingwaga go ne go letlelelwa batho ba ba rileng fela go tsena mo go nngwe ya matlotlo a yone a magolo. Kwa Laeboraring ya Vatican go ne go bolokilwe mokwalo o o botlhokwatlhokwa wa seatla o o re thusang go tlhaloganya dikarolo tsa Lefoko la Modimo le le ileng la kwalwa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. O itsewe e le Vatican Codex. *

Mekwalo e mengwe e mebedi ya bogologolo ya Baebele, e leng wa Alexandrine le Sinaitic e bakanoki ba e tsayang e le tlhwatlhwakgolo e na le hisitori e e kgatlhang ya dilo tse di neng tsa ribololwa le tse di neng tsa bolokiwa gore di se ka tsa senngwa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga go itsiwe gore Vatican Codex e tswa kae.

Letlotlo le le Fitlhilweng

Vatican Codex e tswa kae? Lekgetlo la ntlha fa e ne e umakiwa e ne e le fa e tsenngwa mo lenaaneng la dibuka tse di mo Laeboraring ya Vatican ka lekgolo la bo15 la dingwaga. Bakanoki ba akanya gore e ka tswa e gatisitswe kwa Egepeto, Kaesarea kgotsa Roma. Le fa go ntse jalo, morago ga go sekaseka dikgopolo tseno, Porofesa J. Neville Birdsall wa Yunibesithi ya Birmingham, kwa Engelane, o ne a konela ka go re: “Ka bokhutshwane ga re ka ke ra tlhomamisega ka letlha le lefelo le Vatican Codex e tswang kwa go lone, tota le fa bakanoki ba ile ba tsaya matsapa, ga ba kgone go itse kwa e tswang gone pele ga lekgolo la bo lesometlhano la dingwaga.” Le fa go ntse jalo, ga twe Vatican Codex ke mongwe wa mekwalo ya seatla e e botlhokwatlhokwa ya Baebele. Ka ntlha yang?

Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, batho bangwe ba ba neng ba kwalolola Baebele ba ne ba dira diphoso fa ba ne ba e kwalolola. Baranodi ba ba neng ba batla go ranola go tswa mo motsweding o o ka ikanngwang, ba ne ba tshwanetse go batla mekwalo ya seatla e e ka ikanngwang e e kwadilweng ka tsela e mekwalo ya ntlhantlha e neng e kwadilwe ka yone. Ruri bakanoki ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlhoafaletse go sekaseka Vatican Codexmokwalo wa seatla wa Segerika wa lekgolo la bonè la dingwaga C.E.—e e neng e na le dingwaga tse di kwa tlase ga 300 morago ga gore Baebele e wediwe! Mekwalo eno ya bogologolo e na le mokwalo o o feletseng wa Sehebera le wa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, ntle le dikarolo di le mmalwa tse di neng tsa latlhega fa nako e ntse e ile.

Balaodi ba Vatican ba ne ba okaoka go naya bakanoki ba Baebele mekwalo eno ya bogologolo ka lobaka lo loleele. Mokanoki yo o itsegeng wa mekwalo e bong Sir Frederic Kenyon o ne a re: “Ka 1843 fa [Mokanoki wa Baebele Konstantin von] Tischendorf, a se na go leta dikgwedi di le mmalwa o ne a letlwa gore a e bone diura di le thataro. . . . Ka 1845 mokanoki yo mogolo wa Moesemane e bong Tregelles o ne a letlwa go e bona mme a se ka a letlelelwa go kwalolola sepe mo go yone.” Tischendorf o ne a kopa go bona codex gape mme morago ga go kwalolola ditsebe di le 20 tsa yone o ne a se ka a letlwa go e bona gape. Ka jalo, jaaka Kenyon a tlhalositse, “morago ga go dira kopo ya gore a e sekaseke o ne a newa malatsi a le marataro  gore a e ithute, mme seo sa dira gore a nne le malatsi a le 14 a mo go one a neng a dirisa diura di le tharo mo letsatsing lengwe le lengwe; mme e re ka Tischendorf a ne a kgona go dirisa nako e ntsi ya gagwe, ka 1867 o ne a kgona go gatisa mokwalo wa seatla o o gaisang yotlhe e e kileng ya gatisiwa.” Moragonyana Vatican e ne ya gatisa mokwalo wa bogologolo o o gaisang o o kileng wa nna gone.

“E ne Ya Bolokiwa Sentle”

Vatican Codex e ne e na le mokwalo o o ntseng jang? Buka ya The Oxford Illustrated History of the Bible e tlhalosa gore “e kwalolotswe sentle le mafoko a yone otlhe a peletilwe sentle e bile mokwalo wa yone ke wa maemo a a kwa godimo.” Buka eo ya ditshupiso e tswelela pele jaana: “Ka jalo, re ka swetsa ka go re e kwalolotswe ka tsela e bakanoki ba neng ba tlwaetse go kwala ka yone.”

Bakanoki ba botlhokwa ba babedi ba ba neng ba kgatlhiwa ke Vatican Codex ke B. F. Westcott le F.J.A. Hort. Thanolo ya bone ya New Testament in the Original Greek, e e neng ya gololwa ka 1881 e bile e ranotswe go tswa mo mekwalong ya seatla ya Vatican le Sinaitic e sa ntse e le yone ya konokono e e dirisiwang thata ke baranodi go ranola Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go akaretsa le The Emphasised Bible, ya ga J. B. Rotherham le Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso bangwe ba akanya gore Westcott le Hort ba ne ba sa tshwanela go ikanya Vatican Codex. A codex e ne e ranotswe sentle go tswa mo mekwalong ya ntlhantlha? Kgatiso ya Bodmer e e kwadilweng mo papiraseng magareng ga 1956 le 1961 e ne ya kgatlha bakanoki ka gonne papirase eo e ne e na le dikarolo tsa Luke le Johane tse e neng e le tsa mo tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E. A e ne e tla tshwana le se se neng sa tlhaga moragonyana mo go Vatican Codex?

Philip B. Payne le Paul Canart ba ne ba kwala jaana mo Novum Testamentum: “Mokwalo wa Vatican le wa Bodmer o o mo papiraseng o tshwana ka tsela e e tlhomologileng. E re ka mekwalo eno e tshwana, go a utlwala gore re swetse ka go re mokwadi wa ntlhantlha wa Vatican o ne a kwalolola go tswa mo mokwalong wa seatla o o tshwanang le wa Bodmer o o kwadilweng mo papiraseng. Ka jalo, mokwadi a ka tswa a kwalolotse mo mokwalong wa seatla wa bogologolo kgotsa mo go o mongwe o le one o neng o kwalolotswe mo mokwalong wa bogologolo wa seatla.” Porofesa Birdsall o ne a re: “Mekwalo eno e mebedi ya bogologolo e ne e tshwana fela thata. . . . [Codex] e kwalolotswe ka kelotlhoko: tsela e e kwadilweng ka yone e bontsha gore mokwalolodi wa yone o ne a sekaseka mokwalo wa bogologolo le go o kwalolola ka kelotlhoko.”

E Solegela Baranodi Molemo

Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha mekwalo ya bogologolo e tshwanang le mekwalo ya ntlhantlha ya seatla. Le fa go ntse jalo, go bapisa Vatican Codex le mekwalo e mengwe ya bogologolo go thusitse bakanoki go lemoga gore go ne go kwadilwe eng mo mekwalong ya ntlhantlha ya seatla. Ka sekai, Mokwalo wa Seatla o o sa ntseng o le gone wa Sinaitic o le one o kwadilweng mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., ga o na dibuka tsa bogologolo go simolola ka Genesise go fitlha ka Ditiragalo wa Ntlha. Mme gone tsela e di tlhagang ka yone mo Vatican Codex e thusa go tlhomamisa gore ke dibuka tsa boammaaruri tsa Baebele.

Go ya ka The Oxford Illustrated History of the Bible, “dikarolo tse di buang ka Keresete le ka thuto ya gore go na le medimo e meraro mo go a le mongwe” e ne e le kgang e bakanoki bangwe ba neng ba ganetsana ka yone. Vatican Codex e ne ya thusa jang go tlhalosa dikarolo tseno?

Ela tlhoko sekai seno. Jaaka go begilwe mo go Johane 3:13, Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho.” Baranodi bangwe ba okeditse ka mafoko a a reng “[yo o] kwa legodimong.” Mafoko ano a ba okeditseng ka one a naya kgopolo ya gore Jesu o ne a le kwa legodimong le mo lefatsheng ka nako e le nngwe—e leng kgopolo e e tshegetsang thuto ya gore go na le medimo e meraro mo go a le mongwe. Mafoko ao a ba a dirisitseng a tlhagelela mo mekwalong e le mmalwa ya bogologolo ya mo lekgolong la botlhano le la bolesome la dingwaga C.E. Le fa go ntse jalo, go bo mafoko ao a seyo mo mekwalong ya seatla ya Vatican le ya Sinaitic, go dirile gore baranodi ba le bantsi ba gompieno ba a ntshe. Seno se dirile gore batho ba se ka ba  tlhakana tlhogo mme ba itse gore Keresete ke mang e bile polelo eo e dumalana le Dikwalo. Go na le gore Jesu a nne mo mafelong a le mabedi ka nako e le nngwe, o ne a tla a tswa kwa legodimong mme go ise go ye kae o tla boela kwa legodimong, a “tlhatlogela” kwa go Rraagwe.—Johane 20:17.

Vatican Codex le yone e re thusa go tlhaloganya sentle ditemana tse di buang ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe. Ela tlhoko sekai seno. Go ya ka thanolo ya King James Version, moaposetoloi Petere o ne a porofeta gore “lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla fisiwa.” (2 Petere 3:10) Dithanolo tse dingwe di balega ka tsela e e tshwanang, di ranotse mafoko ano go ya ka Alexandrine Codex ya lekgolo la botlhano la dingwaga le mekwalo ya seatla ya moragonyana. Babadi ba le bantsi ba Baebele ba ba peloephepa ba sweditse ka gore Modimo o tla senya lefatshe.

Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna lekgolo pele go kwalwa Alexandrine Codex, Vatican Codex (le Mokwalo wa Seatla wa Sinaitic wa mo motlheng oo) e ne ya ranola boporofeti jwa ga Petere ka mafoko a a reng “lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.” A seno se dumalana le Baebele yotlhe? Ee ruri! Lefatshe la mmatota “ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Ka jalo, lefatshe le tla “senolwa” jang? Ditemana tse dingwe di bontsha gore lefoko “lefatshe” le ka dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso. “Lefatshe” le ka bua puo nngwe le go opela dipina. (Genesise 11:1; Pesalema 96:1) Ka jalo, “lefatshe” le ka kaya batho kgotsa mokgatlho wa batho. A ga go gomotse go itse gore Modimo a ka se senye polanete ya rona, go na le moo o tla senola boikepo jotlhe le go fedisa batho botlhe ba ba bo bakang?

“Le Tla Nna ka Bosakhutleng”

Ka maswabi, Vatican Codex e ne ya thibelwa ka makgolokgolo a dingwaga mme gantsi babadi ba Baebele ba ne ba sa kgone go itse bokao jwa mmatota jwa ditemana dingwe tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, fa e sa le Vatican Codex le dithanolo tse di ikanyegang tsa bosheng tsa Baebele di gatisiwa, di thusitse batho ba ba batlang boammaaruri go ithuta se tota Baebele e se rutang.

Gantsi bakwalolodi bangwe ba bogologolo ba ne ba akaretsa mafoko ano mo mekwalong ya bone ya seatla: “Le fa batho ba ba kwadileng dilo tseno ba sa bolo go swa, se ba se kwadileng se nna se le teng ka dingwagangwaga.” Gompieno re anaanela matsapa a bakwalolodi bao ba re sa ba itseng. Le fa re anaanela matsapa a a tserweng ke batho gore Baebele e nne e le gone, re baka Mokwadi wa yone yo bogologolo a neng a tlhotlheletsa moporofeti wa gagwe go kwala jaana: “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.”—Isaia 40:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Vatican Codex gape e bidiwa Vatican Manuscript 1209 kgotsa Codex Vaticanus mme bontsi jwa bakanoki bo e bitsa “B.” Mokwalo ono wa bogologolo (codex) e ne e le mofuta wa ntlhantlha wa buka ya segompieno. Bona setlhogo se se reng “Go Tloga ka Momeno Go ya Go Codex—Kafa Baebele e Nnileng Buka ka Gone,” mo makasineng wa June 1, 2007.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Matlha a Mekwalo ya Bogologolo ya Seatla

Le fa bakwalolodi bangwe ba ne ba kwala matlha a ba feditseng tiro ya bone ka one, bontsi jwa mekwalo ya seatla ya Segerika ga e na tshedimosetso eo. Ka jalo, bakanoki ba ne ba kgona go itse jang matlha a mekwalo ya seatla ya Baebele e neng ya kwalwa ka one? Fela jaaka puo le botaki di farologana go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe, go ntse jalo le ka mokwalo wa seatla. Ka sekai, mokwalo wa ditlhaka tse di kgolo o o neng o kwalwa ka ditlhaka tse dikgolo tse di sekameng mo meleng e e lekalekanang, o ne o dirisiwa mo lekgolong la bonè la dingwaga le mo makgolokgolong a dingwaga morago ga moo. Bakanoki ba ba kelotlhoko ba ba neng ba bapisa mekwalo ya seatla e e se nang matlha ya mekwalo ya ditlhaka tse dikgolo le ditlankana tse di nang le matlha tse di neng di kwadilwe ka tsela e e tshwanang, ba ka kgona go bona gore mekwalo ya seatla e ka tswa e kwadilwe leng.

Gone mme ga se ka metlha mokgwa ono o neng o dira. Porofesa Bruce Metzger wa Seminara ya Thutabodumedi ya kwa Princeton a re: “E re ka tsela e motho a kwalang ka yone e ka se fetoge go le kalo botshelo jotlhe jwa gagwe, ga go kgonege go itse letlha fa go setse go fetile dingwaga di le masome a matlhano.” Go ya ka patlisiso eo e e dirilweng ka kelotlhoko, bakanoki botlhe ba dumalana ka gore Vatican Codex e kwadilwe mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E.