Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa ya Haramagedona e Tla Lwelwa Kae?

Ntwa ya Haramagedona e Tla Lwelwa Kae?

Babadi ba a Botsa

Ntwa ya Haramagedona e Tla Lwelwa Kae?

Ntwa ya Haramagedona ga e kitla e lwelwa mo lefelong lengwe le le rileng. Go na le moo, e tla lwelwa mo lefatsheng lotlhe. Ka ntlha yang? Ka gonne matlhakore a mabedi a a lwang a magolo thata mo e leng gore ga go na lefelo lepe le a ka kgonang go lwela mo go lone.

Gape Aramagedona kgotsa Haramagedona, e bidiwa “ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” Jehofa Modimo o tla dirisa Morwawe Keresete Jesu go phutha mophato wa baengele go lwa kgatlhanong le matsholo a a kopaneng a babusi botlhe ba ba boikepo ba lefatshe leno.—Tshenolo 16:14; 19:11-16.

Ditšhaba di tlhotlhelediwa ka tsela nngwe ke mephato ya ga Satane gore di tseye karolo mo ntweng eno. Baebele ya re “dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke madimona” di tswela kwa “dikgosing [babusi] tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni, go ya go di phuthela mmogo kwa  . . lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera.”—Tshenolo 16:14-16.

Go gaisa dibuka tse dingwe tsa Baebele, buka ya Tshenolo e dirile gore babadi ba bantsi ba Baebele ba leke go tlhaloganya se e se buang. Babadi ba bantsi ba ba nang le boikutlo jwa gore buka ya Tshenolo e tshwanetse go tsewa ka tsela ya mmatota, ba ile ba kaya lefelo le ba dumelang gore ntwa eno e tla simolola kwa go lone, mme ba ntse ba beile leitlho ditiragalo tse di diregang mo lefelong leo. Kgopolo ya gore Haramagedona e kaya lefelo lengwe le le rileng e sa ntse e le teng mo bukeng ya Segerika e e tlhalosang buka ya Tshenolo, e e kwadilweng mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E. ke Oecumenius.

Fa John F. Walvoord, poresidente ya pele ya Dallas Theological Seminary a tlhalosa maikutlo a baruti ba Bangangatlelatumelo ba nang le one, a re Haramagedona ke “ntwa ya bofelo e e kotsi ya kgaratlho ya lefatshe e e tla lwelwang kwa Botlhabagare.” Walvoord o e tlhalosa e le yone karolo ya botlhokwa ya ntwa eno e e tla lowang mo isagweng kwa “‘Thabeng ya Megido,’ e leng thaba e nnye e e kwa bokone jwa Palesetina kwa bofelong jwa mokgatšha o o sephara.”

Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa buka ya Tshenolo ga se go re bontsha lefelo la mmatota le le bidiwang Haramagedona. Mafoko a yone a a simololang a tlhalosa gore pego eno e neetswe “ka ditshupo.” (Tshenolo 1:1) Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go bolela jaana mo bukeng ya bone ya Studies in the Scriptures, Volume IV: “Ga re a tshwanela go lebelela gore batho ba tla phuthelwa kwa Thabeng ya Megido ka tsela ya mmatota.”

Ditiragalo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng kwa Megido di tshwantshetsa boemo jo baba ba Modimo ba tla iphitlhelang ba le mo go jone jwa go se falole. Ka jalo, ka Haramagedona, Modimo o tla tlhomamisa gore ditiro tsotlhe tse di seng kafa molaong le boikepo jotlhe, go sa kgathalesege gore bo tla fitlhelwa kae mo lefatsheng leno, bo tla nyelediwa ruri.—Tshenolo 21:8.

Batho ba ba ratang Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete, ga ba a tshwanela go boifa Haramagedona. Ntwa ya Modimo e kgatlhanong fela le batho ba Modimo a ba lebang e le baikepi ba ba sa ikwatlhayeng. Ntwa ya gagwe ga e kitla e fedisa mongwe le mongwe. Baebele ya re: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo ka gone.” (2 Petere 2:9) Tsholofelo e e itumedisang e e mo go Pesalema 37:34 ya re: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.”