Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Bogosi Jwa Bogologolo Jwa Lidia bo re Amang ka Gone Gompieno

Kafa Bogosi Jwa Bogologolo Jwa Lidia bo re Amang ka Gone Gompieno

 Kafa Bogosi Jwa Bogologolo Jwa Lidia bo re Amang ka Gone Gompieno

OKA tswa o ise o ke o utlwe ka bogosi jwa bogologolo jwa Lidia, ka jalo o ka nna wa gakgamadiwa ke go lemoga gore dilo tse di neng tsa ribololwa koo di ne tsa fetola tsela e lefatshe le dirang kgwebo ka yone. Baithuti ba Baebele le bone ba ka nna ba gakgamadiwa ke go lemoga gore dilo tse di tlhamilweng kwa Lidia di re naya lesedi malebana le boporofeti jo bo sa tlhaloganngweng motlhofo jwa Baebele. Batho ba kwa Lidia ba ne ba ribolola eng? Pele ga re araba potso eno, re tla kgatlhiwa ke go ithuta sengwe ka mmusomogolo ono o o batlileng o lebalwa.

 Dikgosi tsa kwa Lidia di ne di busa go tswa kwa motsemogolong wa bone, Saredisa, o o kwa karolong e e bophirima e ka nako eo e neng e bidiwa Asia Minor mme gone jaanong e bidiwang Turkey. Kgosi ya bofelo ya Lidia, Croesus, yo o neng a ikgobokanyeditse dikhumo tse dintsi, o ne a latlhegelwa ke mmusomogolo wa gagwe mo e ka nnang ka 546 B.C.E., mme o ne wa tsewa ke Kurose yo Mogolo wa kwa Peresia—ene Kurose yo o neng a fenya Mmusomogolo wa Babelona dingwaga di le mmalwa moragonyana.

Go bolelwa gore borakgwebo ba ba botlhale ba kwa Lidia ke bone ba ntlha go dirisa madi a tshipi. Gouta le selefera di ne di sa bolo go dirisiwa e le madi a go reka sengwe, mme ka ntlha ya gore ditena le dipalamonwana tsa gouta di ne di sa lekane ka bogolo, batho ba ne ba tshwanela ke go lekanya madi nako le nako fa ba reka. Ka sekai, kwa Iseraele, moporofeti wa Modimo e bong Jeremia o ne a reka lefatshe lengwe mme a re: “Ka simolola go mo lekanyetsa bokete jwa madi, dishekele di le supa le dipapetla tsa selefera di le lesome.”—Jeremia 32:9.

Kwa Lidia, balekane ba ga Jeremia ba ne ba lemoga sengwe se se neng sa dira gore go gweba go nne motlhofo—go dirisa madi a tshipi a boima jo bo tshwanang a a neng a tempilwe otlhe ka setempe sa semmuso. Madi a ntlha a tshipi a kwa Lidia a ne a dirilwe ka motswako wa gouta le selefera o o bidiwang electrum. Fa Croesus a nna kgosi, o ne a dira madi a tshipi a selefera ka selefera e e itshekileng le madi a gouta ka gouta e e itshekileng. Batho ba kwa Lidia ba ne ba tlhama mokgwa wa go dira madi a tshipi ka dimetale tse pedi tse di sa tshwaneng, mokgwa o mo go one madi a tshipi a le 12 a selefera a neng a lekana le ledi le le lengwe la gouta. Mme mokgwa ono o ne wa kgorelediwa ke batho ba ba neng ba dira madi a tshipi a e seng a mmatota ka go dirisa gouta e e tlhakaneng le dimetale tse dingwe tsa maemo a kwa tlase. Ka jalo bagwebi ba ne ba tlhoka go nna le tsela e e motlhofo ya go bona gore a gouta e e dirisitsweng go dira madi ano ga e a tlhakanngwa le sepe.

Batho ba kwa Lidia ba ne ba lemoga gore mo lefelong la bone go ne go na le mofuta mongwe wa leje le lentsho le le neng le tla ba thusa go rarabolola bothata jwa bone le le bidiwang leje la kwa Lidia. Fa ledi la tshipi le gotlhiwa mo lejeng leno le le seng borethe go le kalo, le ne le dira letshwao. Fa mmala wa letshwao leno o bapisiwa le mebala ya matshwao a dimetale tse dingwe tse di nang le gouta, o kgona go bona gore ledi la tshipi le na le selekanyo se se kana kang sa gouta. Ba ne ba kgona go lemoga gore madi a gauta ke afe ka go dirisa leje la go tlhatlhoba madi a tshipi go bona gore a na le selekanyo se se kana kang sa gouta. Go itse ka maje a go tlhatlhoba madi a tshipi go re thusa jang go tlhaloganya Baebele?

Maje a go Tlhatlhoba a Tshwantshetso mo Baebeleng

Fa bagwebi ba ne ba ntse ba tsweletse ka mokgwa ono wa go dirisa leje leno go tlhatlhoba madi a gouta, lefoko le le reng “leje la go tlhatlhoba” le ne la feleletsa le kaya mokgwa wa go tlhatlhoba. Ka Segerika, e leng puo e karolo e nngwe ya Baebele e kwadilweng ka yone, lefoko leno le ne le dirisiwa gape go kaya go tlhokofadiwa ga batho.

Ka gonne badisa ba kgolegelo e ne e le bone ba ba neng ba tlhokofatsa magolegwa, lefoko leno le ne le dirisiwa gape mo badiseng ba kgolegelo. Ka jalo, Baebele e tlhalosa ka setshwantsho sa ga Jesu se mo go sone motlhanka yo o sa lebogeng a neng a neelwa “bagolegi” kgotsa go ya ka dithanolo dingwe “batlhokofatsi.” (Mathaio 18:34; American Standard Version, Darby, King James Version) The International Standard Bible Encyclopaedia e bolela jaana malebana le temana eno: “Gongwe go tsenngwa mo kgolegelong ka bogone fela go ne go tsewa e le ‘tlhokofatso’ (kwantle ga pelaelo go ne go le jalo), mme ka jalo re tshwanetse go tlhaloganya lefoko ‘batlhokofatsi’ gore le kaya bagolegi.” Seno se re thusa go tlhaloganya temana nngwe e e kgatlhang ya Baebele.

 Thamalakane e a Rarabololwa

Babadi ba ba tlhoafetseng ba Baebele ga ba bolo go ipotsa gore go tlile go diragala eng ka Satane. Baebele ya re: “Diabolo . . . a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo le sulefera, koo sebatana mmogo le moporofeti wa maaka ba neng ba setse ba le gone; mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile.” (Tshenolo 20:10) Ntlha ya gore Jehofa a ka tlhokofatsa motho ka bosakhutleng ga e tsamaisane le lorato le tshiamiso ya gagwe. (Jeremia 7:31) Mo godimo ga moo, Baebele e bontsha gore botshelo jo bo sa khutleng ga se katlholo go na le moo ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Baroma 6:23) Ka jalo, go bonala sentle gore Tshenolo 20:10 e kwadilwe ka puo ya tshwantshetso. Sebatana sa naga le bodiba jwa molelo ke dilo tsa tshwantshetso. (Tshenolo 13:2; 20:14) A go tlhokofatsa le gone ke ga tshwantshetso? Mafoko ano a ka tswa a kaya eng?

Jaaka re setse re bone, lefoko la Segerika le le reng “tlhokofatso” le tswa mo lefokong le le reng “leje la go tlhatlhoba” mme le ka kaya go tlhokofadiwa ga magolegwa. Ka jalo, go tlhokofadiwa ga ga Satane ka bosakhutleng go ka tswa go kaya go tsenngwa ga gagwe ka bosakhutleng mo kgolegelong e e babalesegileng thata—loso ka bolone.

Leje la go tlhatlhoba la kwa Lidia le re thusa go tlhaloganya sengwe gape ka go “tlhokofadiwa” ga ga Satane ka bosakhutleng go go tsamaisanang le lorato lwa Modimo. Fela jaaka leje la go tlhatlhoba la kwa Lidia le ne le dirisiwa e le mokgwa wa go tlhatlhoba madi, go “tlhokofadiwa” ga ga Satane ka bosakhutleng, kgotsa loso, e tla nna bosupi jo bo nnetseng ruri jwa gore fa go ka nna le botsuolodi bope kgatlhanong le Jehofa mo isagweng bo tla fela. Ga go kitla go tlhokega gore bolaodi jwa ga Jehofa bo gwetlhiwe ka lobaka lo lo rileng lwa nako e le go supa gore motho yo o mo gwetlhang o phoso.

Go tlhaloganya lebaka la go bo bagwebi ba ne ba dirisa leje la go tlhatlhoba la kwa Lidia le go tlhaloganya mafoko a tshwantshetso a a neng a tlhalosiwa ke mokgwa oo, go re thusa go tlhaloganya gore Satane o tlile go diragalelwa ke eng. Se se tla mo diragalelang e tla nna jaaka leje la go tlhatlhoba la katlholo le le tla dirang gore go se ka ga tlhola go tlhokega gape gore Modimo a letlelele botsuolodi.—Baroma 8:20.

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Go tlhokofadiwa ga ga Satane ka tsela ya tshwantshetso go bontsha gore go atlholwa ga gagwe ka bosakhutleng go tla nna jaaka leje la go tlhatlhoba

[Mmapa mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lewatle le Lentsho

LIDIA

SAREDISA

Lewatle la Mediterranean

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Marope a kwa saredisa wa bogologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Mo metlheng ya bogologolo go ne go dirisiwa dikale go lekanya madi

[Motswedi wa Setshwantsho]

E. Strouhal/Werner Forman/Art Resource, NY

[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Leje la go tlhatlhoba le sa ntse le le teng le mo metlheng ya gompieno

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Coins: Courtesy Classical Numismatic Group, Inc.; touchstone: Science Museum/Science & Society Picture Library

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Electrum coin: Courtesy Classical Numismatic Group, Inc.