Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nyenya—Mpho e e Tswang Kwa Modimong

Go Nyenya—Mpho e e Tswang Kwa Modimong

O DIRA eng fa motho a go leba a bo a nyenya? Gantsi le wena o a mo leba o bo o nyenya. Mme seo se dira gore o itumele. Boammaaruri ke gore, fa tsala kgotsa motho yo o sa mo itseng a go leba a bo a nyenya, le wena o feleletsa o nyenya o itumetse. Magdalena o ne a bua jaana ka monna wa gagwe yo o tlhokafetseng: “Georg e ne e le motho yo o ratang go nyenya. Fa a nteba, ke ne ke ikutlwa ke ritibetse e bile ke sireletsegile.”

Fa motho a nyenya, seo se go bontsha gore o itumetse. Mokgatlho wa Psychological Science o ne wa bua jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Internet lo lo bidiwang Observer: “Go bonala go nyenya . . . e le selo se se itiragalelang fela.” Lokwalodikgang lono lwa re tota le ngwana yo o sa tswang go tsholwa “o a nyenya fa o mo lebile o nyenya. Go nyenya go dira gore o bone fa motho a go kgatlhegela mme seo se dira gore le wena o nyenye le ene go mmontsha gore o a mo kgatlhegela.”

Babatlisisi ba kwa Yunibesithing ya Harvard e e kwa United States ba ile ba dira dipatlisiso mo bagoding ba ba lwalang mme ba ela tlhoko gore bagodi bao ba dirisana jang le batlhokomedi ba bone. Babatlisisi bano ba re fa batlhokomedi ba nyenya e bile ba itumetse “bagodi ba ne ba lemoga gore ba a ratiwa, ba a kgathalelwa le gore ba mo diatleng tse di siameng” mme seo se ne se dira gore botsogo jwa bone bo tokafale thata. Mme ga go a ka ga nna jalo mo bagoding ba batlhokomedi ba bone ba neng ba sa ba kgatlhegele e bile ba sa nyenye le bone.

Go nyenya go ka go thusa thata. Babatlisisi ba re motho yo o nyenyang o a itshepa, o itumetse e bile ga a tshwenyege thata. Mme motho yo o nnang a gogile sefatlhego a ka tswa a sa itumela.

GO NYENYA “GO ILE GA NKGOTHATSA”

Magdalena yo o umakilweng fa godimo e ne e le Mosupi wa ga Jehofa ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe. Ene le ba losika lwa gagwe ba ne ba isiwa kwa dikampeng tsa Ravensbrück kwa Jeremane, tse Banasi ba neng ba di dirisa go bogisa batho ba ba sa dumalaneng le dikgopolo tsa bone. Magdalena o ne a re: “Ka dinako tse dingwe batlhokomedi ba dikampa ba ne ba sa batle gore re bue le magolegwa a mangwe. Mme ba ne ba ka se re kganele go nyenya. Fa ke bona mmê le bonnake ba nyenya, ke ile ka kgothala le go nna le maatla a go itshoka.”

Ditlhobaelo tsa botshelo di ka tswa di dira gore go nne thata gore o nyenye. Mme gone se lebale gore, gantsi dilo tse re di akanyang ke tsone di tlhotlheletsang tsela e re ikutlwang ka yone. (Diane 15:15; Bafilipi 4:8, 9) Ka jalo, leka ka natla go akanya ka dilo tse di itumedisang. * Batho ba le bantsi ba ile ba thusiwa ke go bala Baebele le go rapela. (Mathaio 5:3; Bafilipi 4:6, 7) Tota e bile, lefoko “boitumelo” le “boipelo” le mafoko a mangwe a a tsamaisanang le one a tlhagelela makgetlo a le mantsi mo Baebeleng! Goreng o sa bale kgaolo e le nngwe kgotsa di le pedi tsa Baebele letsatsi le letsatsi? Gongwe le wena o ka iphitlhele o nyenya gangwe le gape.

Se letele gore ba bangwe ba nyenye le wena. Tsaya kgato pele mme o nyenye le bone gore ba itumele. Go nyenya ke mpho e e tswang kwa Modimong, ka jalo, e dirise gore o itumele le go itumedisa batho ba bangwe.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng, “A o Nna le ‘Modiro ka Metlha’?” mo makasineng wa Tsogang! wa November 2013.