Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA

Go Bontsha Gore o a Leboga

Go Bontsha Gore o a Leboga

KGWETLHO

Go leboga ke selo se se botlhokwa thata se se dirang gore lenyalo le atlege. Le fa go ntse jalo, banna le basadi ba le bantsi ba tlogela go lemoga dilo tse di siameng tse balekane ba bone ba di dirang, ba bo ba sa tlhole ba ba akgola. Mo bukeng ya Emotional Infidelity, mogakolodi mongwe o ne a re banyalani ba le bantsi ba ba yang kwa go ene “ba tshwenyegile thata ka se se sa diregeng [mo manyalong a bone] go na le go lemoga se se diregang. Fa ba nketetse, ba mpolelela se ba batlang se fetoga e seng se ba sa batleng se fetoga. Phoso e banyalani bano ba e dirang ke go sa bontshane lorato le go sa leboge.”

Wena le molekane wa gago lo ka tila jang kotsi eo?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go leboga go fokotsa mathata a lenyalo. Fa monna le mosadi ba lemoga dilo tse di molemo tse mongwe le mongwe wa bone a nang le tsone ba bo ba akgolana, lenyalo la bone le a nonofa. Tota e bile, ba ka kgona go tila mathata fa ba bontshana gore ba a leboga.

Basadi. Buka e re buileng ka yone fa godimo ya Emotional Infidelity ya re: “Basadi ba le bantsi ga ba lemoge kgatelelo e banna ba nang le yone ya go tlhokomela malapa a bone.” Mo mafelong a mangwe, banna ba lebana le kgatelelo eo le fa bone le basadi ba bone ba bereka.

Banna. Gantsi banna ba nyatsa matsapa a basadi ba a tsayang go tlhokomela lelapa, e ka tswa e le ka go bereka, go godisa bana kgotsa go dira ditiro tsa mo lapeng. Fiona * yo o nang le dingwaga di le tharo a nyetswe, a re: “Rotlhe re dira diphoso mme fa ke dirile phoso, ke ikutlwa molato. Ka jalo, fa monna wa me a nkakgolela go bo ke dirile sengwe mo ntlong, jaaka ditiro tsa mo lapeng, seo se dira gore ke lemoge gore o a nthata le fa ke dira diphoso. Gape seo se dira gore ke itumele le go ikutlwa ke se nosi!”

Go farologana le seo, fa molekane yo mongwe a ikutlwa a tlhokomologilwe, seo se ka dira gore a se ka a tlhola a ikanyega mo lenyalong. Mosadi mongwe yo o bidiwang Valerie a re: “Fa molekane wa gago a sa go bontshe gore o a go rata, go motlhofo go kgatlhegela mongwe yo o dirang gore o ikutlwe o le botlhokwa.”

 SE O KA SE DIRANG

Nna kelotlhoko. Mo bekeng e e tlang, ela tlhoko dilo tse di siameng tse molekane wa gago a di dirang. Gape ela tlhoko dilo tse a di dirang tse di dirang gore go nne monate mo lapeng—dilo tse gongwe o ntseng o di tsaya di se botlhokwa. Fa beke e fela, kwala lenaane la (1) dilo tse o di ratang ka molekane wa gago le (2) dilo tse molekane wa gago a di dirileng gore go nne monate mo lapeng.—Molaomotheo wa Baebele: Bafilipi 4:8.

Goreng o tshwanetse go nna kelotlhoko? Mosadi mongwe yo o bidiwang Erika a re: “Fa o setse o na le dingwaga di le mmalwa o le mo lenyalong, o ka simolola go tlhokomologa dilo tse molekane wa gago a di dirang. O tlogela go lemoga dilo tse di siameng tse a di dirang mme o ela tlhoko dilo tse a sa di direng.”

Ipotse jaana: ‘A ga ke bone matsapa a molekane wa me a a tsayang?’ Ka sekai, fa monna wa gago a baakanya dilo tse di senyegileng mo lapeng, a o a mo leboga kgotsa o akanya gore ke tiro ya gagwe go dira jalo? A o tsaya gore ga o tlhoke go leboga mosadi wa gago ka go bo a tsaya matsapa go tlhokomela bana fela ka gonne o akanya gore ke tiro ya gagwe? Itlwaetse go ela tlhoko matsapa a molekane wa gago a a tsayang le go lebogela dilo tsotlhe tse a di dirang gore lelapa la lona e nne le le itumetseng.—Molaomotheo wa Baebele: Baroma 12:10.

Mo leboge ka pelo yotlhe. Baebele ya re re se ka ra bua fela gore re a leboga mme gape re bontshe gore re a leboga. (Bakolosa 3:15) Ka jalo, itlwaetse go leboga molekane wa gago. Monna mongwe yo o bidiwang James a re: “Fa mosadi wa me a bontsha gore o lebogela dilo tse ke di dirang, seo se dira gore ke leke go nna monna yo o botoka le go dira sotlhe se nka se kgonang gore re itumelele lenyalo la rona.”—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 4:6.

Fa banyalani ba bontshana gore ba a leboga, lenyalo la bone le tla nonofa. Monna wa mongwe yo o bidiwang Michael a re: “Ke akanya gore manyalo a mantsi a ka se thubege fa banyalani ba nna ba akantse ka dilo tse ba di ratang ka molekane wa bone. Fa go nna le mathata, ba ka se akanye ka go tlhalana ka gonne ba nna ba gopotse dilo tse di kgatlhang ka balekane ba bone.”

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.