Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshegetsa Bogosi Jwa Modimo Gone Jaanong!

Tshegetsa Bogosi Jwa Modimo Gone Jaanong!

A re re go tla setsuatsue se segolo mo motseng wa lona. Puso e ntsha molaetsa wa potlako: “TSWANG MO MOTSENG! SIELANG GOLO GONGWE!” O ne o ka dirang? O ne o ka siela kwa lefelong le le sireletsegileng.

Rotlhe re tlile go lebana le mathata a a tshwanang le ano. Jesu o ile a tlhalosa seno e le “pitlagano e kgolo.” (Mathaio 24:21) Ga re ka ke ra tshabela tiragalo eno gope. Mme gone, go na le sengwe se re ka se dirang gore re sireletsege. Re ka dira eng?

Mo therong ya kwa thabeng, Jesu o ile a re: “Nnang lo batle pele bogosi [jwa Modimo] le tshiamo ya gagwe.” (Mathaio 6:33) Re ka dira seo jang?

Batla Bogosi Jwa Modimo pele. Re tshwanetse go tsaya Bogosi Jwa Modimo bo le botlhokwa. (Mathaio 6:25, 32, 33) Goreng? Ka gonne batho ga ba kgone go rarabolola mathata a a mo lefatsheng. Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo ka rarabololang mathata a batho.

Batla tshiamo ya gagwe. Leka ka natla go tshela ka melao le melaometheo ya Modimo. Goreng re tshwanetse go dira jalo? Ka gonne fa re sa tshele ka melao le melaometheo ya Modimo, dilo ga di na go re tsamaela sentle. (Diane 16:25) Mme fa re tshela ka yone re tla itumedisa Modimo mme le rona re tla itumela.—Isaia 48:17, 18.

Nnang lo batle pele Bogosi Jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. Jesu o ile a re bangwe ba tla iteega tsebe ka gonne ba akanya gore madi a tla dira gore ba sireletsege. Ba bangwe ba letla ditlhobaelo tsa botshelo di ba kgoreletsa go batla Bogosi Jwa Modimo pele.—Mathaio 6:19-21, 25-32.

Le fa go ka tswa go ntse jalo, Jesu o ile a re solofetsa gore re tla nna le dilo tsotlhe tse re di tlhokang gone jaanong fa re tshegetsa Bogosi Jwa Modimo gape re tla nna le masego a mantsi a bo tlileng go re tlisetsa one mo nakong e e tlang. —Mathaio 6:33.

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba batla Bogosi Jwa Modimo pele le tshiamo ya gagwe mme gone ba sule ba ise ba bone go boga le kutlobotlhoko di fedisiwa. Mme ba ne ba sireletsegile. Jang?

Ba ne ba tshela ka melao ya Modimo. Mme seo se ne sa ba sireletsa ka gonne ga ba a ka ba wela mo mathateng a a tshwanang le a batho ba bangwe ba ba neng ba itlhokomolosa melao ya Modimo. Le fa ba ne ba lebana le diteko di le dintsi mo botshelong, ba ne ba thusiwa ke tsholofelo e ba neng ba na le yone ya gore Bogosi Jwa Modimo bo tla tla. Gape Modimo o ile a ba naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore ba kgone go fenya mathata a ba neng ba tla lebana le one.—2 Bakorintha 4:7-9.

A O TLA BATLA BOGOSI PELE?

Bakeresete ba ba neng ba tshela ka motlha wa ga Jesu Keresete ba ile ba tsaya taelo eno ya gagwe tsia mme ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo karolong e ba neng ba nna mo go yone. (Bakolosa 1:23) A go na le batho ba ba dirang jalo gompieno?

Ee! Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore go setse nako e e khutshwane fela gore Bogosi Jwa Modimo bo fedise lefatshe leno. Ka jalo ba dira ka natla go diragatsa mafoko ano a ga Jesu a a reng: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

A o tla reetsa dikgang tse di molemo? Re go kgothaletsa gore o etse sekao sa Bakeresete ba bogologolo ba kwa Makedonia ba ba neng ba nna kwa motseng wa Berea. Fa ba ne ba utlwa Paulo a ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ba ne ba amogela molaetsa wa gagwe ka “mogopolo o o tlhagafetseng thata.” Go tswa foo, ba ne “ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko” go bona gore a se Paulo a neng a ba bolelela sone e ne e le nnete. Mme ba ne ba dirisa se ba se ithutileng.—Ditiro 17:11, 12.

Le wena o ka dira se se tshwanang. Fa o batla Bogosi Jwa Modimo pele le tshiamo ya gagwe, o tla bona tshireletsego gone jaanong e bile mo nakong e e tlang o tla tshela ka kagiso e bile o sireletsegile.