Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong

Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong

“Mongwe [le mongwe wa lona] a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; . . . kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—BAEF. 5:33.

PINA: 87, 3

1. Le fa gantsi lenyalo le simolola ka boitumelo, ke eng se banyalani ba ka se lebelelang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

MONYADI o itumela tota fa a bona monyadiwa wa gagwe a tla go ema gaufi le ene ka letsatsi la lenyalo. Le monyadiwa o ikutlwa fela jalo. Ka nako ya fa ba ne ba ratana, lorato lwa bone lo ile lwa nonofa thata jaana mo ba ipaakanyeditseng go ikana gore ba tla ikanyega mo lenyalong. Gone ke boammaaruri gore ba tla tlhoka go dira diphetogo mo matshelong a bone e re ka jaanong ba simolola lelapa le lesha. Lefoko la Modimo le na le kgakololo e e molemo e e thusang mo lenyalong, ka gonne Mosimolodi wa lenyalo o batla gore banyalani ba itumele le gore lenyalo la bone le atlege. (Dia. 18:22) Le fa go ntse jalo, Baebele e bua puo phaa gore batho ba ba nyalanang mo tsamaisong eno ba tla “nna le pitlagano mo nameng.” (1 Bakor. 7:28) Banyalani ba ka dira jang go fokotsa pitlagano mo lenyalong la bone? Mme ke eng se se ka ba thusang gore ba atlege mo lenyalong?

2. Ke mefuta efe ya lorato e banyalani ba tshwanetseng go nna le yone?

2 Baebele e gatelela botlhokwa jwa lorato mo lenyalong. Lorato lwa bopelonomi (kgotsa phi·liʹa ka Segerika) lo tshwanetse go nna gone mo lenyalong. Lorato lo baratani ba ratanang ka lone (eʹros) lo dira gore banyalani ba itumele mme lorato lo ba lelapa ba nang le lone (stor·geʹ) lo botlhokwa fa go na le bana mo lelapeng. Le fa go ntse jalo, lorato lo lo theilweng mo melaometheong (a·gaʹpe) lo tlhomamisa gore lenyalo le a atlega. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana ka lorato lono: “Mongwe [le mongwe wa lona] . . . a rate mosadi wa gagwe . . . jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baef. 5:33.

MAIKARABELO A MONNA LE MOSADI BA NANG LE ONE MO LENYALONG

3. Banyalani ba tshwanetse go ratana go le kana kang?

3 Paulo o ne a kwala a re: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baef. 5:25) Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go ratana fela jaaka le ene a ile a ba rata. (Bala Johane 13:34, 35; 15:12, 13.) Banyalani ba tshwanetse go ratana thata jaana mo mongwe le mongwe wa bone a iketleeleditseng go swela yo mongwe fa go tlhokega. Mme fa go na le dikgogakgogano tse di masisi mo lenyalong, go ka nna thata gore yo mongwe a iketleeletse go swela yo mongwe. Le fa go ntse jalo, lorato lwa a·gaʹpe “lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” Boammaaruri ke gore, “lorato ga lo ke lo fela.” (1 Bakor. 13:7, 8) Fa banyalani ba ba boifang Modimo ba nna ba gopotse maikano a bone e bile ba ikanyega mo lenyalong, ba tla kgona go dirisana mmogo e bile ba tla latela melaometheo ya ga Jehofa fa ba rarabolola mathata ape fela a ba lebanang le one mo lenyalong.

4, 5. (a) Maikarabelo a monna ke eng mo lelapeng? (b) Mosadi o tshwanetse go leba botlhogo jang? (c) Ke diphetogo dife tse banyalani bangwe ba neng ba tshwanelwa ke go di dira?

4 Paulo o ne a kwala jaana a bua ka maikarabelo a banyalani ba nang le one: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego.” (Baef. 5:22, 23) Thulaganyo eno ga e dire gore monna a akanye gore o botoka go na le mosadi wa gagwe. Tota e thusa mosadi gore a diragatse karolo ya gagwe e Modimo a neng a akantse ka yone fa a ne a re: “Ga go molemo gore monna [Adame] a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” (Gen. 2:18) Monna wa Mokeresete o tshwanetse go etsa sekao sa “tlhogo ya phuthego” e bong Keresete ka go dirisa botlhogo jwa gagwe ka tsela e e lorato. Fa a dira jalo, mosadi wa gagwe o tla ikutlwa a sireletsegile, a itumetse e bile o tla mo tlotla, o tla mo ema nokeng le go mo ikobela.

5 Cathy [1] o dumela gore motho o tshwanetse go dira diphetogo fa a sena go tsena mo lenyalong, a re: “Pele ke nyalwa, ke ne ke kgona go itlamela ke sa ikaega ka ope. Ke ne ka tshwanelwa ke go dira diphetogo e re ka jaanong ke ne ke tlhoka go ikaega ka monna wa me. Go ne go se motlhofo ka dinako tsotlhe mme gone re ile ra atamalana thata fa re dira dilo ka tsela e Jehofa a reng re di dire ka yone.” Monna wa gagwe e bong Fred a re: “Go dira ditshwetso ga e bolo go nna selo se ke fitlhelang go le thata go se dira. Mme fa ke sena go nyala, go akanyetsa motho yo mongwe pele ke dira ditshwetso, go ne go dira gore go nne thata le go feta. Mme ke ile ka thusiwa ke go rapela Jehofa ke mo kopa gore a nkaele le go reetsa dikakantsho tsa mosadi wa me. Seo se dira gore go nne le tirisanommogo mo lelapeng!”

6. Lorato lo nna jang “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano” fa go na le mathata mo lenyalong?

6 Lenyalo le tla atlega fa banyalani ba sa tlhome mogopolo thata mo makoeng a mongwe le mongwe wa bone a nang le one. Ba ‘tswelela ba itshokelana e bile ba itshwarelana ba gololesegile.’ Boammaaruri ke gore, banyalani ka bobedi ba tla dira diphoso. Le fa go ntse jalo, fa seo se direga, ba tshwanetse go ithuta mo diphosong tsa bone, ba itshwarelane le go letla lorato gore lo nne “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakol. 3:13, 14) Mo godimo ga moo, “lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” (1 Bakor. 13:4, 5) Dikgotlhang di tshwanetse go rarabololwa ka bonako. Ka jalo, banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go rarabolola dikgotlhang pele letsatsi le phirima. (Baef. 4:26, 27) Go ikopela maitshwarelo go tlhoka gore motho a ikokobetse le go nna pelokgale mme go dira jalo go ka thusa banyalani go rarabolola mathata le go dira gore ba atamalane thata.

BOTLHOKWA JWA GO NNA TEKATEKANO

7, 8. (a) Baebele e na le kgakololo efe malebana le tlhakanelodikobo mo lenyalong? (b) Ke eng fa banyalani ba tshwanetse go bontshana lorato?

7 Baebele e na le kgakololo e e ka thusang banyalani go nna tekatekano fa go tla mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. (Bala 1 Bakorintha 7:3-5.) Go botlhokwa thata gore banyalani ba akanyetse maikutlo le dilo tse yo mongwe a di tlhokang. Fa monna a tshwara mosadi wa gagwe makgwakgwa, go ka nna thata gore mosadi a itumelele tlhakanelodikobo. Banna ba laelwa gore ba dirisane le basadi ba bone “go ya ka kitso.” (1 Pet. 3:7) Mo lenyalong, ga go ope yo o tshwanetseng go pateletsa yo mongwe go tlhakanela dikobo, go na le moo, e tshwanetse go nna selo se se itiragalelang fela. Go farologana le banna, basadi bone ba tsaya nako pele ba nna mo seemong se se siameng sa go tlhakanela dikobo, le fa go ntse jalo, maikutlo a banyalani ka bobedi a tshwanetse a bo a le mo seemong se se siameng pele ba tlhakanela dikobo.

8 Baebele ga e na melao e e tlhalosang mekgwa le ditsela tse banyalani ba tshwanetseng go di latela pele ba tlhakanela dikobo, le fa go ntse jalo, e umaka ditsela tse banyalani ba ka bontshanang lorato ka tsone. (Sefela 1:2; 2:6) Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go dirisana ka lorato.

9. Ke eng fa banyalani ba sa tshwanela go kgatlhegela go tlhakanela dikobo le motho yo e seng molekane wa bone wa lenyalo?

9 Fa banyalani ba rata Modimo le moagelani, ga ba kitla ba letla sepe kgotsa ope gore a senye lenyalo la bone. Manyalo mangwe a ile a nna le mathata kgotsa a thubega ka gonne molekane yo mongwe a tshwakgotswe ke ditshwantsho tsa thobalano. Banyalani ba tshwanetse go tila mokgwa ono kgotsa go tila go nna le kgatlhego ya go tlhakanela dikobo le mongwe o sele ntle le molekane wa bone wa lenyalo. Gape ga ba a tshwanela go tshameka ka maikutlo a lorato a motho yo ba sa nyalanang le ene kgotsa go bontsha motho yoo kgatlhego ka gonne go dira jalo go tla bo go sa bontshe lorato. Go nna re gopotse gore Modimo o kgona go bona dikakanyo le ditiro tsa rona go tla re thusa gore re batle go mo itumedisa le go nna re le phepa mo matlhong a gagwe.—Bala Mathaio 5:27, 28; Bahebera 4:13.

FA GO NA LE MATHATA MO LENYALONG

10, 11. (a) Tlhalo e aname go le kana kang? (b) Baebele ya reng ka go kgaogana? (c) Ke eng se se ka thusang banyalani gore ba se ka ba itlhaganelela go kgaogana?

10 Mathata a a masisi a a sa feleng mo lenyalong a ka dira gore mongwe wa banyalani kgotsa banyalani ka bobedi ba akanyetse go kgaogana kgotsa go tlhala. Mo mafatsheng a mangwe, manyalo a le mantsi a felela ka tlhalo. Tlhalo ga se bothata jo bo kalo mo phuthegong ya Bokeresete, le fa go ntse jalo, mathata a a ntseng a etegela pele a a nnang gone mo manyalong a batho ba Modimo, ke tlhoba boroko.

11 Baebele ya re: “Mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe; mme fa tota a ka mo tlogela, a a nne a sa nyalwa kgotsa go sa nneng jalo a boelane gape le monna wa gagwe; le monna yo o nyetseng ga a a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe.” (1 Bakor. 7:10, 11) Go kgaogana ga se selo se motho a tshwanetseng go se tsaya motlhofo fela. Ke kgang e e masisi. Le fa go kgaogana go ka tswa go lebega e le tharabololo ya mathata a a masisi a a nnang gone mo lenyalong, gantsi go oketsa mathata. Fa Jesu a sena go boeletsa taelo ya Modimo ya gore monna o tla tlogela mmaagwe le rraagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe, o ne a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:3-6; Gen. 2:24) Tota le banyalani ga ba na tshwanelo ya go kgaoganya “se Modimo a se kopantseng.” Jehofa o tsaya lenyalo e le kgolagano ya botshelo jotlhe. (1 Bakor. 7:39) Fa banyalani ba nna ba gopotse gore rotlhe re tla ikarabelela mo Modimong, seo se tla ba tlhotlheletsa go dira sotlhe se se mo maatleng a bone go rarabolola dikgotlhang ka bonako pele di etegela pele.

12. Ke eng se se ka dirang gore banyalani ba akanyetse go kgaogana?

12 Go lebelela dilo tse di ka se kang tsa direga go ka nna ga baka mathata mo lenyalong. Fa lenyalo le sa nne ka tsela e motho a neng a lebeletse gore le nne ka yone, seno se ka dira gore a se ka a itumela, a ikutlwe a tsieditswe le e leng go galefa thata. Gape mathata a ka bakwa ke tsela e motho a godisitsweng ka yone kgotsa go sa utlwane malebana le tsela e madi a tshwanetseng go dirisiwa ka yone, ba bogogadi le tsela ya go godisa bana. Le fa go ntse jalo, go itumedisa thata go bona bontsi jwa banyalani ba Bakeresete ba rarabolola mathata a lenyalo ka gonne ba latela kaelo ya Modimo.

13. Motho a ka kgaogana le molekane wa gagwe ka mabaka afe a a utlwalang?

13 Ka dinako tse dingwe, go botoka go kgaogana. Bangwe ba ile ba bona go tshwanela go kgaogana le balekane ba bone ka gonne balekane bao ba sa batle go tlamela lelapa, ba ba sotla kgotsa ba tsenya bomoya jwa bone mo kotsing. Banyalani ba Bakeresete ba ba nang le mathata a a masisi ba tshwanetse go kopa bagolwane gore ba ba thuse. Bagolwane bano ba ba nang le maitemogelo ba ka thusa banyalani gore ba dirise kgakololo e e mo Lefokong la Modimo. Gape banyalani ba tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo, go kopa Jehofa gore a ba thuse go dirisa melaometheo ya Baebele le go bontsha dikarolo tsa leungo la moya o o boitshepo.—Bagal. 5:22, 23. [2]

14. Baebele ya reng malebana le Bakeresete ba ba nyalaneng le balekane ba e seng baobamedi ba ga Jehofa?

14 Ka dinako tse dingwe, Mokeresete o nyalane le mongwe yo a iseng a nne motlhanka wa ga Jehofa. Baebele e ntsha mabaka a a utlwalang a go bo banyalani bao ba tshwanetse go nna mmogo. (Bala 1 Bakorintha 7:12-14.) Le fa molekane yo e seng motlhanka wa ga Jehofa a ka tswa a itse kgotsa a sa itse, o ‘itshepisitswe’ ka gonne o nyalane le moobamedi wa ga Jehofa. Bana ba bone ba “boitshepo” mme seo se dira gore ba amogelwe ke Modimo. Paulo a re: “Mosadi yo o nyetsweng, o itse jang gore o tla boloka monna wa gago? Kgotsa, monna yo o nyetseng, o itse jang gore o tla boloka mosadi wa gago?” (1 Bakor. 7:16) Mo diphuthegong tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa, go na le banyalani ba ba ileng ba kgona go thusa balekane ba bone gore ba direle Jehofa.

15, 16. (a) Ke kgakololo efe e Baebele e e nayang basadi ba Bakeresete ba banna ba bone e seng baobamedi ba Modimo? (b) Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa molekane “yo o sa dumeleng a tsamaya”?

15 Moasepotoloi Petere o gakolola basadi ba Bakeresete gore ba tshwanetse go ikobela banna ba bone, “e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho . . . boitshwaro jwa [basadi ba bone] jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” Fa basadi ba bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo,” ba ka thusa banna ba bone go nna baobamedi ba boammaaruri go na le gore ba leke go pateletsa banna ba bone go amogela dithuto tsa Bokeresete.—1 Pet. 3:1-4.

16 Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa molekane yo e seng moobamedi wa ga Jehofa a batla gore ba kgaogane? Baebele ya re: “Fa yo o sa dumeleng a tsamaya, mo lese a tsamaye; mokaulengwe kgotsa kgaitsadi ga a mo bokgobeng mo maemong a a ntseng jalo, mme Modimo o lo bileditse kagisong.” (1 Bakor. 7:15) Seno ga se reye gore Mokeresete yono o gololesegile go nyala gape, mme gone ga go reye gore o tshwanetse go pateletsa molekane yoo gore a se ka a tsamaya. Go kgaogana go ka mo leretse kagiso. Mme Mokeresete yono a ka nna le tsholofelo ya gore molekane yo o tsamaileng o tla boa ka maikaelelo a go dirisana mmogo go boloka lenyalo la bone mme kgabagare a nne moobamedi wa boammaaruri wa ga Jehofa.

LENYALO LE MAIKARABELO A A TLANG PELE MO BOTSHELONG JWA RONA

Fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, re tla kgona go itumela le go feta mo lenyalong (Bona serapa 17)

17. Ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo matshelong a banyalani ba Bakeresete?

17 E re ka re tshela mo “metlheng ya bofelo,” re lebana le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Tim. 3:1-5) Le fa go ntse jalo, fa re na le kamano e e nonofileng le Jehofa, ga re kitla re tlhotlhelediwa ke dilo tse di sa siamang tsa lefatshe leno. Paulo o ne a re: “Nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba nang le basadi ba nne jaaka e kete ba ne ba se na bone, . . . le ba ba dirisang lefatshe jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo.” (1 Bakor. 7:29-31) Paulo o ne a sa reye gore banyalani ba tshwanetse go itlhokomolosa maikarabelo a bone. Go na le moo, e re ka nako e khutshwafaditswe, ba ne ba tshwanetse go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele.—Math. 6:33.

18. Ke eng fa Bakeresete ba kgona go nna le manyalo a a itumetseng le a a atlegileng?

18 Le fa re tshela mo dinakong tse di thata e bile manyalo a le mantsi a thubega, re ka kgona go nna le manyalo a a itumetseng le a a atlegileng. Eleruri, banyalani ba ba ngaparelang phuthego ya ga Jehofa, ba dirisa kgakololo e e mo Dikwalong e bile ba letla moya o o boitshepo go ba kaela, ba tla kgona go boloka “se Modimo a se kopantseng mmogo.”—Mar. 10:9.

^ [1] (serapa 5) Maina mangwe a fetotswe.

^ [2] (serapa 13) Bona Dintlha Tse di Oketsegileng mo bukeng ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” mo setlhogong se se reng, “Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana.”