Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Tatar—Botshelo Jwa Bone Jwa Nako e e Fetileng, Jwa Gone Jaanong le Jwa mo Isagweng

Ba-Tatar—Botshelo Jwa Bone Jwa Nako e e Fetileng, Jwa Gone Jaanong le Jwa mo Isagweng

Ba-Tatar—Botshelo Jwa Bone Jwa Nako e e Fetileng, Jwa Gone Jaanong le Jwa mo Isagweng

FA KE ne ke le ngwana ke ne ke a tle ke utlwe go twe: “Ngapa Mo-Russia mme o tla bona Mo-Tartar [Tatar].” Ka metlha ke ne ke akanya gore ke Mo-Russia mme bosheng jaana ba losika ba ne ba mpolelela gore rremogolo e ne e le Mo-Tatar. * Fa ke bolelela ditsala tsa me seno, bangwe ba bone ba ne ba mpolelela gore le bone ba tlholega mo morafeng wa Ba-Tatar.

Ga ke bolo go kgatlhegela go ithuta ka batho ba ba tumileng ba Ba-Tatar mmogo le dilo tse ba di fitlheletseng mo go tsa botaki, mo metshamekong le mo dikarolong tse dingwe. Ka sekai, monna mongwe yo e leng moitse wa tanse ya ballet e bong Rudolf Nureyev e bile a na le tlhotlheletso e kgolo mo tanseng, o tsholetswe mo lelapeng la Ba-Tatar kwa Russia. Mo e ka nnang Ba-Tatar ba le dimilione di le supa ba nna kwa dinageng tse e kileng ya bo e le tsa Soviet Union. Mma ke go bolelele gore ke ithutile eng ka Ba-Tatar.

Botshelo Jwa Bone Jwa Nako e e Fetileng

Ba-Tatar ba ile ba umakiwa fa go ne go buiwa ka batho ba kwa Mongolia le ba kwa Turkey ka makgolokgolo a le mantsi a dingwaga. Mo lekgolong la bo13 la dingwaga, ba ne ba nna le seabe mo matsholong a dintwa a a neng a simololwa ke Genghis Khan, yo e leng moeteledipele wa Mo-Mongolia. * Mmusomogolo wa gagwe o ne wa anamela kwa karolong e kgolo e e lekanang ka bogolo le naga e pele e neng e le Soviet Union. Ka 1236, mo e ka nnang masole a gagwe a le 150 000 a ne a leba ntlheng ya Yuropa, e e simololang kwa bophirima jwa Dithaba Tsa Ural. Ke mo ba neng ba simolola go tlhasela metse ya Russia gone.

Fa Ba-Mongolia ba ne ba fenya Russia, ka bonako fela morago ga foo, ba ne ba bona naga e e nang le Ba-Mongolia le Ba-Turkey, e e neng e le kwa karolong e e kwa bophirima, e bangwe ba e bitsang Golden Horde. Motsemoshate wa yone e leng, Sarai Batu, o ne o le kwa karolong e e kwa tlase ga Noka ya Volga. Naga eno e ne e akaretsa karolo ya Siberia le Dithaba Tsa Ural, mmogo le mogolagang wa dithaba tse di kwa thoko tsa Carpathian le Caucasus tse di kwa Ukraine le Georgia. Go ne ga tlhongwa dinaga tse di busiwang ke dikgosana e le go tlotla Horde. Mo lekgolong la bo15 la dingwaga, Horde e ne ya ikgaoganya go nna dikgaolo tse di jaaka Crimea, Astrakhan le Kazan’.

Tatarstan le Motsemoshate wa Yone, Kazan’

Gompieno mo e ka nnang batho ba le dimilione di le nnè ba nna kwa Repaboliking ya Tatarstan e e nang le batho ba ditšhaba tse di farologaneng mme e le kwa ntlheng e e kwa botlhabatsatsi jwa Russia e e kwa Yuropa. Kgaolo eo e bogolo jwa disekwerekilometara di le 68 000 mme e itsege e le nngwe ya “dinaga tsa Puso ya Russia tse ikonomi ya tsone e golang thata.” Tatarstan ke yone e e di gogang kwa pele mo go ntsheng oli le gase mo dikgaolong tsa Russia. Madirelo a yone a dira difofane le dikoloi mme repaboliki eno e na le maemeladifofane a le mmalwa.

Kazan’ ke toropokgolo e e tlhabologileng ya batho ba le milione, mo noka ya Volga le ya Kazanka di kopanang gone. Ke nngwe ya ditoropokgolo tse dintsi tsa Russia tse di agileng diteishene tse dintle tsa diterena tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe. * Seteishene sengwe le sengwe se na le moono wa sone. Dingwe tsa tsone di kgabisitswe ka mokgabiso wa segompieno mme tse dingwe di kgabisitswe ka mekgabiso ya kwa botlhabatsatsi kgotsa ya bogologolo. Seteishene sengwe sa kwa Kazan’ se kgabisitswe ka ditshwantsho tse di dirilweng ka mebala e le 22 ya mosaic tse di emelang ditlhamane tsa Ba-Tatar.

Kazan Federal University e ne ya simololwa ke Mmusimogolo wa Mo-Russia e bong Alexander I ka 1804 mme e na le nngwe ya dilaeborari tse dikgolo go gaisa kwa Russia. Ke boremelelo jo bo nang le tlhotlheletso e kgolo mo thutong le mo setsong e bile ke yunibesithi ya ntlha mo diyunibesithing tsa kwa Tatarstan. Mo dikgatisong di le 5 000 000 tse di mo laeboraring eno, go na le dikgatiso tsa bogologolo di le 30 000 tse di kwadilweng ka seatla mme dingwe tsa tsone ke tsa lekgolo la borobongwe la dingwaga C.E.

Go a itumedisa go tsamaya mo Mmileng o o bidiwang Bauman o o mo gare ga toropo. Karolo eno e tletse ka mabenkele le mafelo a mantle a a rekisang dino tse di fisang (cafés). Fa nna le mosadi wa me re ne re etetse toropokgolo eno bosheng jaana le go e bona, re ne ra itumelela go tsaya loeto lo lo lapolosang ka mokoro mo Nokeng ya Volga.

Dingwe tsa dilo tse di ileng tsa re kgatlha thata kwa Kazan’ ke kago nngwe ya phemelo e e itsegeng. Kago eno ya bogologolo ya phemelo mmogo le dikago tsa yone tsa lekgolo la bo16 la dingwaga, ke yone fela kago ya phemelo ya Tatar kwa Russia e e sa ntseng e le gone go fitlha gompieno. Mo dipoteng tse di agilweng ka maje tsa Kremlin ya kwa Kazan’ go na le Syuyumbeki Tower, dikago tsa puso ya Tatarstan, lefelo la kobamelo la Bamoseleme le kereke ya Orthodox.

Ka 2000, kago eno e e bidiwang Kremlin ya kwa Kazan’ e ne ya nna kago ya Hisitori ya Lefatshe ya mokgatlho wa UNESCO. Fa go le bosigo dikago tseno tsa phemelo di lebega bontle thata. Seno se dirwa ke dipone tse di bonesang mo nokeng e e fa gaufi.

Batho le Puo ya Bone

Batho ba Ba-Tatar ke bone ba bantsi thata mo bathong ba Ba-Turkey ba ba kwa Russia mme go bolelwa fa palogotlhe ya bone e le 5 500 000. Mme ga go itsiwe gore tota ke ba le kae ba bone ba ba nnang mo nageng eno yotlhe e kgolo.

Puo ya Se-Tatar ke nngwe ya dipuo tsa Ba-Turkey. Dipuo tseno di akaretsa Se-Azerbaijani, Se-Bashkir, Se-Kazakh, Se-Kirghiz, Se-Nogai, Se-Turkey, Se-Turkoman, Se-Tuvinian, Se-Uzbek le Se-Yakut. Dingwe tsa dipuo tseno di batlile di tshwana mo e leng gore batho ba ba di buang ba kgona go tlhaloganyana.

Palo ya batho ba ba buang dipuo tsa kwa Turkey mo lefatsheng e fitlha go dimilione di le dintsi. Mo mebileng ya ditoropo tse di mo Tatarstan, batho ba dirisa puo ya Se-Tatar le ya Se-Russia, fela jaaka makwalodikgang, dibuka, radio le thelebishene di dira. Mafelo a bobogelo kwa Tatarstan a dirisa puo ya Se-Tatar go dira metshameko e e amanang thata le hisitori ya Ba-Tatar, ditlhamane tsa bone le botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.

Matshwao a mabenkele le a diterata kwa Kazan’ le kwa ditoropong tse dingwe a kwadiwa ka puo ya Se-Russia le Se-Tatar. Se-Russia se na le mafoko a le mantsi a a tswang mo puong ya Se-Tatar. Ka 1928, ka nako ya puso ya Soviet Union, Se-Tatar se se kwadiwang se ne sa fetolwa go tswa go dialefabete tsa Searabia go nna dialefabete tsa Selatine. Fa e sa le ka 1939, Se-Tatar se ntse se kwadiwa ka mokwalo wa Se-Cyrillic o o tshwanang le wa Se-Cyrillic sa Se-Russia.

Dingwao Tsa Setšhaba

Ba-Tatar e kile ya bo e le batsomi le barui ba diphologolo. Tota le gompieno, bontsi jwa dijo tse ba di apayang tsa setso di akaretsa nama. Nngwe ya dijo tseno ke belesh, e e ratiwang thata ke bontsi jwa malapa a Ba-Tatar. Gantsi e dirwa jaaka pie, mme mo teng e bo e tsenngwa ditapole, nama, eiye le ditswaiso. Yone e bakiwa mo e ka nnang diura di le pedi. Go tswa foo, “pie” eno e segwa mo tafoleng mo pele ga mongwe le mongwe e ntse e kua mosi.

Gareng ga malatsi a Ba-Tatar a boikhutso a bosetšhaba, gongwe le le itsegeng thata e bile e le la bogologolo ke Sabantui. Le theilwe mo ngwaong ya boheitane e mo go yone batho ba rapelang mmogo le go ntshetsa modimo wa letsatsi le meya ya bagologolwane ditlhabelo. Batho ba ba dirang seno ba dumela gore ditlhabelo tse di ntseng jalo di tla tlhomamisa gore losika lwa bone lo a tswelela, diphologolo tsa bone di tsala thata le gore naga ya bone e a ungwa.

Ba-Tatar ba rata dipitse. Ke karolo ya botlhokwa ya setso sa bone e bile di amanngwa le go fuduga thata ga bone mo nakong e e fetileng. Kazan’ e na le nngwe ya dipatlelo tsa kgaisano tsa bapalami ba dipitse tse dintle go gaisa mo lefatsheng mme e na le matlwana a dipitse a le 12 le tliliniki ya tsone. Tota e bile go na le phulu e dipitse di thumang mo go yone!

Isagwe ya Bone

Koran ya re: “Eleruri Re kwadile jaana mo Dipesalemeng, morago ga Torah: ‘Eleruri motlhanka wa me yo o siameng o tla rua lefatshe.’” (Sura 21, Al-Anbiyā [Baporofeti], temana 105). Go bonala gore mafoko ano a tshotswe mo dipesalemeng tsa ga Dafide tse di kwadilweng mo Baebeleng dingwaga di le 1 500 pele Koran e kwalwa. Pesalema 37:29 e balega jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”

Batho bano ba ba siameng le ba ba itumetseng ba tla tswa mo setšhabeng le mo setsong sefe? Boporofeti jo bo mo go Injil (Diefangele Tsa Bakeresete Tsa Tesetamente e Ntšha) bo a re: “Boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 7:9) Abo e tla bo e le botshelo jo bo itumedisang jang ne mo isagweng go tshela le bakaulengwe ba ditšhaba tse di farologaneng ba ba tla tlatsang lefatshe! *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Ba-Tatar ke setlhopha se segolo sa lotso lwa Ba-Turkey se se fitlhelwang thata kwa Russia.

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng, “Bakgarakgatshegi ba Kwa Asia ba ba Neng ba Tlhoma Mmusomogolo” mo makasineng wa Tsogang! wa May 2008.

^ ser. 9 Ditoropokgolo tse dingwe tsa Russia tse di nang le diteishene tsa diterena tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe di akaretsa Yekaterinburg, Moscow, Nizhniy Novgorod, Novosibirsk, St. Petersburg le Samara.

^ ser. 25 Tshedimosetso e e oketsegileng malebana le maikaelelo a Modimo e fitlhelwa mo boroutšhareng jwa The Guidance of God—Our Way to Paradise, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

LEINA LA MODIMO KA PUO YA SE-TATAR

Buka ya Dinnər Tarixb (Religions of the World) e e kwadileng ke mokwadi wa Mo-Tatar e bong, M. Khuzhayev, e bolela gore Adame o ne a bopiwa ke Yakhve Allah kgotsa Jehofa Modimo. Gape kgatiso ya Pentateuch—e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele ya segompieno—e na le mokwalo o o kwa tlase mo go Genesise 2:4, o o bolelang jaana ka leina la Modimo: “Go ka direga gore Bahebera ba bogologolo ba ne ba bitsa leina leno ba re Yahveh.”

[Lebokoso mo go tsebe 26]

BASUPI BA GA JEHOFA KWA TATARSTAN

Basupi ba ga Jehofa kwa Russia ba tshwara ditlelase gore ba rute puo ya Se-Tatar ka gonne ba eletsa thata go bolelela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Mosadi mongwe wa kwa Tatarstan o ne a re: “Go itse Modimo ka puo ya me go ne ga nkama fela thata mo ke neng ka tsholola dikeledi.”

Ka 1973 setlhopha se sennye sa Basupi ba ga Jehofa sa Ba-Tatar se ne sa simolola go tshwara dipokano tsa go ithuta Baebele ka puo ya Se-Tatar. Ka bo1990, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go gatisa dikgatiso tsa Baebele ka puo ya Se-Tatar. * Mme ka 2003, go ne ga tlhomiwa phuthego ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa ya Se-Tatar kwa Naberezhnye Chelny, e e mo Repaboliking ya Tatarstan. Gompieno, go na le diphuthego di le robedi tsa puo ya Se-Tatar le ditlhopha di le 20 tsa puo eno kwa Russia.

Ka 2008, batlakopanong ba ba tswang kwa toropong ya Astrakhan, Kgaolo ya Volga, Dithaba Tsa Ural, Siberia Bophirima le ba ba tswang kwa karolong e e kgakala ya bokone, ba ne ba nna gone kwa kopanong ya kgaolo ya puo ya Se-Tatar. Gone jaanong go na le diphuthego le ditlhopha di le 36 tsa puo ya Se-Tatar, Se-Russia le Puo ya Diatla ya Se-Russia, mo batho ba le 2 300 ba nnang le seabe ka tlhoafalo mo go ruteng batho boammaaruri ka Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 37 Watch Tower Bible and Tract Society e gatisitse Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse di fetang 560.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  27]

MOATLELETE O NNA MODISA

Pyotr Markov o ne a tsholelwa kwa motseng wa Tatarstan ka 1948. O ne a itsege thata ka bokgoni jwa gagwe jwa go tsholetsa ditshipi le wrestling mo lefelong leo ka dingwaga di le 30. Nako nngwe o ne a tsholetsa tshipi e e boima jwa dikilogerama di le 32 ka makgetlo a le 130. Gone jaanong fa e sa le e nna Mosupi wa ga Jehofa, o itsege thata ka go bua le batho ka Modimo ka dipuo tsa Se-Tatar le Se-Russia le go ba neela thuso ya go lebana le mathata a botshelo.

Ka go dira jalo, Pyotr o etsa Mmopi yo o amegang ka batho yo go buiwang jaana ka ene mo go Isaia 40:11: “O tla disa motlhape wa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di amusang o tla di etelela pele ka tlhoko.”

[Setshwantsho]

Pyotr, gone jaanong ke modisa wa semoya

[Mmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

RUSSIA

DITHABA TSA URAL

MOSCOW

St. Petersburg

REPABOLIKI YA TATARSTAN

Kazan’

Noka ya Volga

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kago ya Kremlin ya kwa Kazan’ mo Nokeng ya Kazanka

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Michel Setboun/​CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Belesh” ke dijo tse di ratiwang ke malapa a le mantsi a Ba-Tatar