Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Patlisiso e e dirilweng ke British Broadcasting Corporation mo bathong ba le 13 000 go tswa kwa dinageng di le 26 e bontsha gore “bonweenwee ke bothata jo go buiwang thata ka jone mo lefatsheng.” Le fa go ntse jalo, go ne ga tsewa khumanego e le bothata jo bogolo thata mo lefatsheng.—BBC NEWS, BRITAIN.

“Dikereke go ralala United States di tsenya didirisiwa tsa GPS mo difikantsweng tsa botsalo jwa lesea Jesu. Mo dingwageng tsa bosheng, go nnile le ditiragalo di le dintsi tsa go utswiwa ga difikantswe tseo mo nageng yotlhe.”—THE WEEK, U.S.A.

“Komiti ya kgakololo ya [U.S.] Food and Drug Administration e akantsha gore batho ba ba nang le bolwetse jo bo sa foleng jwa letsapa le le tseneletseng ba tshwanetse go thibelwa go aba madi a bone ka go bo e tshwenyegile ka gore bolwetse jono bo ka tswa bo amana le baerase e e fetofetogang.”—THE WALL STREET JOURNAL, U.S.A.

Lesedi le Bolaya Dibaketeria Tse di sa Sweng

Go ile ga simololwa botegeniki jo bosha kwa Yunibesithing ya Strathclyde, Glasgow, kwa Scotland, jo bo dirisang lesedi le le bogale go bolaya dibaketeria tse di sa sweng kwa dikokelong. Go lebega mokgwa ono o mosha wa go tlosa dibaketeria e le one o o dirang thata go fokotsa ditwatsi go na le go phepafatsa le go di bolaya fela.

Go Tlosa Dikgwa le Malaria

Go tlosiwa ga dikgwa tsa boboatsatsi go amanngwa le go oketsega ga bolwetse jwa malaria ka diperesente tse di ka nnang 50. Ke se babatlisisi ba ileng ba se bua fa ba sena go sekaseka tshedimosetso e e tswang kwa dikgaolong di le 54 tsa boitekanelo kwa Brazil mmogo le mo ditshwantshong tsa sathalaete tse di bontshang go kgaolwa ga ditlhare. Go ile ga fitlhelwa gore monang o o bidiwang Anopheles darlingi ke one o o anamisang malaria thata kwa kgaolong e go neng go dirwa dipatlisiso kwa go yone. Sarah Olson, mokwadi yo o di gogang kwa pele mo pegong eno a re: “Go lebega sekgwa se se kgaotsweng ditlhare se se bulegileng e bile se na le makadiba a lesedi la letsatsi le tlhabelang mo go one go sekae e le lefelo le le ratwang thata ke menang eno.” Mafelo a batho ba tshwarwang ke malaria thata kwa go one ke a kwa go one dikgwa di sentsweng thata ka go rengwa.

Di-squid Tse di Fofang

Bosupi jwa ditshwantsho bo sa tswa go bontsha gore mefuta mengwe ya di-squid e dirisa tsela e difofane tsa jete di fofang ka yone. Makasine wa Scientific American wa re, baithutatshelo ba ditshedi tsa lewatle ba ne ba lemoga gore “squid se se bonnye jwa disentimetara di le 20 se ka kgona go tlola bogodimo jwa dimetara di le pedi go tswa mo metsing se bo se fofela bokgakala jwa dimetara di le 10, se phaphatsa mafafa a tsone le go tshopha maoto a yone a matelele.” Ka go gopa metsi mme di bo di a ntsha ka bonako, di-squid di kgona go nna le lobelo lo lo lekaneng go kgona go tlolela ka kwa ntle ga lewatle. Go lebega fa ditshwantsho di bontsha gore fa di-squid di fofa di dirisa mafafa a tsone jaaka diphuka.