Lee

Lee

A le Ne le Tlhamilwe?

Lee

● Lee la nonyane le ile la bidiwa “sephuthelwana se se gakgamatsang.” Ka ntlha yang?

Ela tlhoko: Le fa e lebega e le thata, kgapetla e e nang le calcium e ntsi ya lee la koko e ka nna le maroba a a fitlhang go 8 000 a o a bonang fela ka maekerosekoupo. Maroba ano a dira gore okesejene e kgone go tsena le gore khabonetaeokosaete e tswe—seno se botlhokwa ka gonne se dira gore kokoana e kgone go hema. Le fa go ntse jalo, kgapetla eno le dintha di le mmalwa di thibela dibaketeria gore di se ka tsa tshwaetsa kokoana e e mo leeng. Albumen—sengwe se se tshwanang le gelatin se se nang le selekanyo se se kwa godimo sa metsi—e dira gore lee le kgone go emelana le kgatelelo.

Babatlisisi ba ka rata go tsaya malebela mo tseleng e lee le dirilweng ka yone e le gore ba kgone go dira dilo tse di ka kgonang go emelana botoka le kgatelelo le go dira sengwe se se ka sireletsang maungo mo dibaketerieng le mo diparasaeteng. Le fa go ntse jalo, Marianne Botta Diener o ne a kwala jaana mo makasineng wa Vivai: “Go tsaya malebela mo dilong tsa tlholego ga go motlhofo.” O bolela gore maiteko a a setseng a dirilwe go fitlha jaanong a senya tikologo.

O akanya eng? A “sephuthelwana se se gakgamatsang” seno, e leng lee, se nnile gone ka bosone fela? Kgotsa a se ne se tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MO TENG GA LEE

Kgapetla

Tlae

Chalaza (e tshwara tlae)

Lotha lo lo ka fa ntle

Lotha lo lo ka fa gare

Germinal disc (mo kokoana e simologang gone)

Albumen e e tshesane

Albumen e e kima

Phatlha e e se nang sepe