Letsatsi le le Boitshepo la Beke le Beke—A le A Tlhokega?
Baebele ya Reng . . .
Letsatsi le le Boitshepo la Beke le Beke—A le A Tlhokega?
GO RALALA lefatshe dimilione tsa Bamoseleme, Bajuda le batho ba ba ipitsang gore ke Bakeresete ba beetse kwa thoko letsatsi le le lengwe beke le beke go dira ditiro tse di kgethegileng tsa bodumedi. Ka ntlha yang? Ka sekai, Ibrahim yo e leng Momoseleme yo o ineetseng e bile a ya kwa lefelong la kobamelo la Bamoseleme Labotlhano mongwe le mongwe go ya go rapela le go reetsa thero o tlhalosa jaana: “Ke batla go ikutlwa ke atamalane le Modimo le go nna le kagiso ya mogopolo.”
A Baebele e ruta gore Modimo o batla gore re boloke letsatsi lengwe le le boitshepo beke le beke? A go obamela ka letsatsi le le rileng ke tsela ya go nna le kamano e e molemo le Modimo?
Thulaganyo ya Nakwana
Dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng, Modimo o ne a dirisa moporofeti Moshe go kwala melao e e rileng e e kgethegileng. Molao oo o ne o akaretsa thulaganyo ya malatsi a boikhutso kgotsa Bosabata, a a neng a beetswe kwa thoko gore e nne a kobamelo. Letsatsi le le neng le dirisiwa thata go nna la boikhutso e ne le Sabata ya beke le beke. E ne e simolola fa letsatsi le phirima ka Labotlhano mme e bo e tswelela pele go fitlha ka Matlhatso fa letsatsi le phirima.—Ekesodo 20:8-10.
A batho ba ditšhaba tsotlhe ba ne ba tshwanetse go boloka letsatsi leo la boikhutso la beke le beke? Nnyaa, ba ne ba sa tshwanela. Molao wa ga Moshe o ne o neetswe Baiseraele fela mmogo le basokologi ba bone. Modimo o ne a raya Moshe a re: “Bomorwa Iseraele ba tshwanetse go boloka sabata . . . Ke sesupo ka bosakhutleng fa gare ga me le bomorwa Iseraele.” *—Ekesodo 31:16, 17.
Baebele ya re Molao wa ga Moshe e ne e le “moriti wa dilo tse di tlang.” (Bakolosa 2:17) Ka jalo, Sabata e ne e le karolo ya thulaganyo ya nakwana ya kobamelo e e neng e emela thulaganyo ya nako e e tlang, e e gaisang ya ntlha. (Bahebera 10:1) Baebele e bontsha gore go ya ka Modimo, Molao o o neng o neilwe Baiseraele, go akaretsa le molao wa go boloka letsatsi la Sabata la beke le beke, o ne wa khutla fa Jesu a ne a swa. (Baroma 10:4) O ne wa emisediwa ka eng?
Tsela e Ntšha ya Kobamelo
Mofuta wa kobamelo o o neng o amogelesega mo Modimong morago ga gore Molao wa ga Moshe o diragatse boikaelelo jwa one o tlhalosiwa sentle mo Baebeleng. A o akaretsa go obamela ka letsatsi le le rileng beke le beke?
Dikwalo di bontsha gore melao mengwe e e neng e filwe Baiseraele e ne e dira gape le mo bathong ba ba mo phuthegong ya Bokeresete. Melao eno e ne e akaretsa taelo ya go ithiba mo kobamelong ya medingwana le mo kgokafalong mmogo le mo go jeng madi. (Ditiro 15:28, 29) Go bonala sentle gore, melao e e malebana le Sabata ya beke le beke e ne e sa akarediwa mo melaong e Bakeresete ba neng ba tshwanetse go e ikobela.—Baroma 14:5.
Ke eng gape se Baebele e se re bolelelang malebana le kafa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba obamela ka teng? Ba ne ba kopana ka metlha gore ba rapele, ba bale Dikwalo, ba reetse dipuo le go opela dipina tse di bakang Modimo. (Ditiro 12:12; Bakolosa 3:16) Kwa dipokanong tseno, Bakeresete ba ne ba newa taelo, ba nonotsha tumelo ya bone e bile ba ne ba kgothatsana.—Bahebera 10:24, 25.
Ga go na gope mo Baebele e reng dipokano tsa Bokeresete di ne di tshwanetse go tshwarwa ka Sontaga
kgotsa ka letsatsi lengwe le le rileng mo bekeng. Ka jalo, ke eng fa batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba tsaya letsatsi la Sontaga e le letsatsi le le boitshepo? Mokgwa wa go obamela ka Sontaga o ne wa simolola morago ga gore Baebele e wediwe go kwalwa mme mefuta e mentsi ya ditumelo le dingwao tse di sa tsweng mo Baebeleng di ne tsa simolola go nna teng.A moragonyana Modimo o ne a tlhoma gape letsatsi le batho ba neng ba tla kopana ka lone gore ba mo obamele? Nnyaa. Tsela e kobamelo ya boammaaruri e tshwanetseng go nna ka teng e tlhalosiwa ka botlalo mo Baebeleng. Ga go a ka ga okediwa Dikwalo Tse di Boitshepo ka mekwalo e mengwe e e tlhotlheleditsweng. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Le eleng fa rona kgotsa moengele mongwe go tswa kwa legodimong a ne a ka lo bolelela sengwe a re ke dikgang tse di molemo kwantle ga se re neng ra se lo bolelela e le dikgang tse di molemo, a a hutsege.”—Bagalatia 1:8.
Kobamelo e e Lapolosang e e Itumedisang Modimo
Le fa baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba boloka letsatsi le le boitshepo la beke le beke ka kelotlhoko, kobamelo ya bone e ne e sa amogelesege mo Modimong ka gonne dipelo tsa bone di ne di le boikepo. Ba ne ba rata madi e bile ba tseela kwa tlase batho ba ba tlwaelegileng ba maemo a a kwa tlase. Ba ne ba eletsa go nna le maemo a a kwa godimo, ba le bosula e bile ba inaakantse thata mo dikgogakgoganong tsa dipolotiki tsa motlha wa bone. (Mathaio 23:6, 7, 29-33; Luke 16:14; Johane 11:46-48) Ba ne ba iphaka gore ba emela Modimo. Le fa go ntse jalo, ba ile ba fetola Sabata e Modimo a neng a ikaeletse gore e nne letsatsi le le lapolosang go nna thulaganyo e e gatelelang ya melao e e itiretsweng ke batho.—Mathaio 12:9-14.
Go bonala sentle gore go boloka letsatsi le le boitshepo la beke le beke ga se tsela ya go obamela Modimo ka tsela e e tla mo itumedisang. Ke eng se se tlhokegang? Jesu o ne a ntsha taletso eno e e kgatlhang: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) Kobamelo e e theilweng mo dithutong tsa ga Jesu eleruri e a lapolosa. Ga se ya boitimokanyi e bile ga e na meetlo e e imelang.
Go ralala lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba latela ka kelotlhoko tsela e balatedi ba ga Jesu ba bogologolo ba neng ba obamela ka yone. Basupi ba na le thulaganyo ya beke le beke ya go ithuta Baebele. Malatsi a dipokano tsa bone di tshwarwang ka one a ikaegile ka maemo a mo lefelong la bone, e seng ka meetlo e e seng ya Dikwalo. Ke eng fa o sa ye kwa go nngwe ya dipokano tse di ntseng jalo mo lefelong la lona mme o iponele kobamelo eno e e lapolosang?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 Mafoko a a mo Baebeleng a a reng “ka bosakhutleng” ga se gore a kaya fela goyagoile. Gape a ka kaya nako e telele e e sa tlhomamang.
A O KILE WA IPOTSA GORE . . .
● A o tshwanetse go obamela Modimo ka letsatsi le le rileng mo bekeng?—Baroma 10:4; 14:5.
● Ke eng fa re tshwanetse go kopana mmogo go obamela?—Bahebera 10:24, 25.
● Ke eng se se dirang gore kobamelo e nne e e kgotsofatsang ka tsela ya mmatota?—Mathaio 11:28.
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
LABOBEDI
LABORARO
1 LABONE
2 LABOTLHANO
3 MATLHATSO
4 SONTAGA