Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokgwa wa Se-Russia wa go Penta Logong

Mokgwa wa Se-Russia wa go Penta Logong

Mokgwa wa Se-Russia wa go Penta Logong

● Bontsi jwa batho ba ba etelang Russia ba rata go reka dilo tsa mofuta ope fela tse di dirilweng ka diatla, tse di jaaka dimpopi tse di bidiwang matryoshka. Mo metlheng ya bogologolo, bontsi jwa dilo tseo di ne di betliwa ka logong ke banna ba kwa motseng ba ba neng ba na le bokgoni jwa go dira dilo ka diatla. Mokgwa wa go penta logong o bidiwa khokhloma.

Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Ba-Russia ba ne ba jela mo dijaneng tse di betlilweng le tse di pentilweng ka matsetseleko mme ba ne ba dirisa maswana, dinwelo le dijana tse dingwe tse di dirilweng ka logong. Mekgabiso e e neng e dirisiwa mo dilong tseno gantsi e ne e le ya dijalo le diphologolo. Mo metseng yotlhe, batho ba ne ba fetsa nako e ntsi ba dira dilo tsa mefuta e e farologaneng tse di dirilweng ka logong.

Baagi ba mo metseng ba ne ba fetsa nako e ntsi ba dira dilo tseno ka nako ya mariga, e leng nako e go leng tsididi ka yone fa go ne go se na tiro e ntsi mo dipolaseng. Tiro eno ya diatla e ne ya simolola go tsenya lotseno kwa ditoropong le kwa metseng mengwe dingwaga di le 200 kgotsa go feta tse di fetileng. Ka sekai, ka nako nngwe, baagi botlhe ba kwa Semënov ba ne ba emisa tiro ya temothuo mme ba dira dijana, dipoleite, dikopi le maswana a logong a a ka nnang dimilione di le pedi mo ngwageng o le mongwe fela.

Baagi ba motse mongwe o o gaufi le toropo ya Nizhniy Novgorod ba ne ba simolola mokgwa wa go dira dijana tse di thata, tse di pentilweng ka motswako wa gauta. Go ne ga dirwa dipente mmogo le dipente tsa logong tse di kgonang go emelana le molelo mme dilo tse di feditsweng go dirwa di ne di tsenngwa mo ontong. Dionto tse di fisang thata di ne di dira gore dilo tsa mmala o o selefera di nne le mmalanyana wa gauta. Mokgwa ono o sa ntse o dirisiwa le gompieno kwa madirelong a khokhloma a a kwa toropong ya Nizhniy Novgorod.

Mekgabiso ya Khokhloma e akaretsa malomo le dijalo tse di fitlhelwang kwa dikgweng le kwa mafulong a kwa Russia, mmogo le dinonyane le ditlhapi tsa koo. Gantsi go kgabisiwa ka dikala tse di itshopang tsa tlhaga le makakaba a a tlhakantsweng le maungo a a jaaka meretlwa ya mefuta e e farologaneng. Gantsi go dirisiwa mebala e mehibidu, e mentsho, ya gauta le e metala. Gompieno, mo mafelong a le mantsi go ralala lefatshe go dirisiwa dilwana tse di dirilweng ka diatla tse di pentilweng ka mokgwa wa khokhloma go kgabisa ditafole tsa go jela ka mebala e mentle ya metseselegae ya Russia.