Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bothata Jwa Bodumedi

Bothata Jwa Bodumedi

Bothata Jwa Bodumedi

GO BOLELA gore bodumedi ke jone jo bo bakang dikgotlhang go raya gore go ka bo go na le dintwa di le mmalwa fa bodumedi bo ka bo bo seyo. A seo se a utlwala? A re ka fedisa dintwa ka go fedisa bodumedi? Le fa o ka araba jang, boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo ke gore: Bodumedi ga bo ise bo dire gore batho ba nne seoposengwe. Akanya ka mabaka mangwe a go bo seno se le boammaaruri.

Go Kgaoganngwa ke Bodumedi

Batho ba kgaogantswe ke bodumedi mme madumedi a le mmalwa a magolo a tswelela go lwa. A go na le lebaka la go dumela gore Babuda, Bahindu, Bajuda, Bakeresete le Bamoseleme ba tla tsamaya ba nna mmogo ka kutlwano?

Boammaaruri jo bongwe jo bo utlwisang botlhoko ke go bona dikgaogano tse di leng gone gareng ga madumedi ao a magolo. Ka sekai, go ya ka diphopholetso, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a kgaogane ka dikereke tse di fetang 30 000. Bodumedi jwa Iselamo le jone bo kgaogane ka ntlha ya ditumelo tsa jone tse di ganetsanang. Go ya ka setheo sengwe sa bobegadikgang kwa Botlhabagare, mokanoki mongwe wa Momoseleme e bong Mohsen Hojjat, bosheng jaana o ne a dumela gore “go sa utlwane ga Bamoseleme ke lone lebaka la konokono le le bakang mathata a a mo dinageng tsa Boiselamo.” Madumedi mangwe a a nang le tlhotlheletso e kgolo, a a jaaka Bobuda, Bohindu le Bojuda le one a kgaogantswe go nna makoko a mantsi a a gogagoganang.

Go Itshunya Nko ga Bodumedi mo Dipolotiking

Go lebega bodumedi bo na le tlhotlheletso mo e ka nnang mo go sengwe le sengwe se se amanang le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Makasine wa dikgang wa The Economist o akgela ka gore, “batho ba bodumedi ba ntsha maikutlo a bone phatlalatsa malebana le sengwe le sengwe, go akaretsa le mo dilong tsa kgwebo. Bodumedi bo simolola le go tlhagelela mo dilong tse di amanang le ikonomi.” Seno se dira gore bo kgaoganye batho go na le gore bo ba kopanye. Mme gone tlhotlheletso e e senyang le go feta ke hisitori e e sa bolong go nna gone ya go itshunya nko ga bodumedi mo dipolotiking.

Mo pegong ya bosheng e go builweng ka yone mo setlhogong se se fetileng, setlhopha sa baitsehisitori se ile sa bolela gore “gantsi bodumedi ke jone jo bo bakang dintwa fa bo dirisana thata le balaodi ba naga kgotsa bo ikgolagantse thata le bone.” Mme boammaaruri jo bongwe jo bo ka se ganediweng ke gore: Bodumedi ga bo bolo go inaakanya le dipolotiki le mekgatlho ya sesole, go fitlha le gompieno.

Tlhakatlhakano e e Kotsi

Mo dinageng di le dintsi, madumedi a a itsegeng thata e setse e le one a a rotloetsang bosetšhaba le bomorafe. Ka ntlha ya seo, ga go tlhole go na le pharologano fa gare ga letlhoo la bosetšhaba, go tlhaolana ka bomorafe, dikgotlhang tsa ditso le bobaba mo madumeding. Tlhakatlhakano eno e lekane sentle go ka kgaoganya lefatshe.

Se se tlhakanyang tlhogo ka kgang eno yotlhe ke gore madumedi a le mantsi a iphaka gore a emela Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, e leng Mmopi. A go a utlwala gore mothatayotlhe, Mmopi yo o botlhale e bile a le lorato a ka tswa a tshegetsa madumedi a a kgaoganyang batho le a a nang le molato wa madi?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ile tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone