Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Lekgoba la Metswedi ya Tshedimosetso ya Ileketeroniki?

A ke Lekgoba la Metswedi ya Tshedimosetso ya Ileketeroniki?

Basha ba Botsa Jaana

A ke Lekgoba la Metswedi ya Tshedimosetso ya Ileketeroniki?

Ke eng se batho ba bararo bano ba tshwanang ka sone?

“Ke rata thata go romela le go amogela melaetsa ya founo! Ke akanya gore ke selo se se molemo go gaisa. Gongwe o ka nna wa re go laola botshelo jwa me.”—Alan. *

“Mmè o ne a nthekela thelebishene e e nnang mo kamoreng ya me mme ke ne ke itumetse tota! Le fa go ntse jalo, go na le gore ke robale bosigo, ke ne ke feleletsa ke lebeletse thelebishene go fitlha bosigo thata. Ke ne ka tlhopha go lebelela thelebishene go na le gore ke iphe nako le ba lelapa la gaetsho le ditsala.”—Teresa.

“Ka lobaka lo lo rileng, ke ne ke sa kgone go ya gope kgotsa go dira sepe ke ipotsa gore a ga go na mongwe yo o nthomeletseng sengwe mo atereseng ya me ya Internet. Fa nka thanya mo gare ga bosigo, ke ne ke tshwanetse go ya mo Internet. Nako nngwe le nngwe fela e ke neng ke e bona, ke ne ke kwala sengwe se sesha mo atereseng ya me ya Internet.”—Anna.

Ke ofe wa basha ba bararo ba ba fa godimo fano ba wena o ka ba tlhalosang e le makgoba a mofuta mongwe wa motswedi wa tshedimosetso ya ileketeroniki?

Alan Teresa Anna

FA BATSADI ba gago ba ne ba simolola dingwaga tsa bone tsa bolesome, thelebishene le radio e ne e le tsone fela metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki. Ka nako eo, difouno e ne e le difouno fela—di ne di fetisa melaetsa ya mantswe fela mme go ka direga gore di ne di tlhometswe mo loboteng. A seno se utlwala se siilwe ke nako? Mosetsana mongwe yo o bidiwang Anna o ne a ka rialo. A re: “Batsadi ba me ba godile ka nako ya fa go ne go se na didirisiwa dipe tsa ileketeroniki. Ke gone ba lekang go tlhaloganya gore ba ka dirisa jang dilo dingwe mo difounong tsa bone tsa selula!”

Gompieno o ka kgona go araba founo, wa reetsa mmino, wa lebelela thulaganyo nngwe, wa tshameka motshameko mongwe, wa kwalela ditsala tsa gago e-mail, wa tsaya setshwantsho le go dirisa Internet—dilo tseno tsotlhe o di dira mo sedirisiweng se o kgonang go se tsenya mo potleng ya gago. E re ka o godile go na le dikhomputara, difouno tsa selula, dithelebishene le Internet, o ka nna wa akanya gore ga go na sepe se se phoso fa o di dirisa ka dinako tsotlhe. Mme batsadi ba gago bone ba ka nna ba akanya gore o lekgoba la tsone. Fa ba go bolelela gore ba tshwenyegile, o se ka wa akanya gore ba buisiwa ke ka go bo ba sa tlhaloganye dilo tsa bosheng. Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ne a bolela jaana: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene.”—Diane 18:13.

A o ipotsa gore ke eng se se ka tswang se dira gore batsadi ba gago ba tshwenyege? Itlhatlhobe ka dintlha tse di latelang go bona gore a go na le matshwao a a supang gore o lekgoba la mofuta mongwe wa motswedi wa tshedimosetso wa ileketeroniki.

‘A ke Lekgoba?’

Buka nngwe ya tshedimosetso e tlhalosa go nna lekgoba e le “boitshwaro jo bo feteletseng jwa go boeletsa sengwe gangwe le gape mme motho a sa kgone kgotsa a sa batle go se tlogela, le fa seo se ka tswa se na le ditlamorago tse di kotsi.” Go ya ka tlhaloso eo, basha botlhe ba bararo ba ba nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno ke makgoba kgotsa ba kile ba nna makgoba a metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki. Go tweng ka wena? Ela tlhoko dikarolo tse di farologaneng tsa tlhaloso eo fa tlase fano. Bala mafoko a a nopotsweng mme o bone gore a o kile wa bua kgotsa wa dira sengwe se se tshwanang le seo. Go tswa foo o bo o kwala dikarabo tsa gago.

Boitshwaro jo bo sa laolesegeng. “Ke ne ke a tle ke fetse diura di le dintsi ke tshameka metshameko ya ileketeroniki. E ne e dira gore ke se ka ka robala ka nako mme e bile ke ne ke bua fela ka yone le batho ba bangwe. Ke ne ke itlhaola mo go ba lelapa la gaetsho mme ke ne ke akanya thata ka yone.”—Andrew.

Go ya ka wena, o tshwanetse go dirisa nako e kana kang ka letsatsi mo metsweding ya tshedimosetso ya ileketeroniki? ․․․․․

Batsadi ba gago ba akanya gore o tshwanetse go dirisa nako e kana kang? ․․․․․

Nako yotlhe e o e dirisang letsatsi le letsatsi go kwala melaetsa ka founo, go lebelela thelebishene, go romela le go lebelela ditshwantsho le go dira dikakgelo mo Internet, go tshameka metshameko ya ileketeroniki jalo le jalo, e kana kang? ․․․․․

Fa o sena go lebelela dikarabo tsa gago fa godimo, a o ka re o dirisa metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki ka tsela e e feteletseng?

□ Ee □ Nnyaa

Go palelwa kgotsa go sa ikaelela go tlogela. “Batsadi ba me ba mpona ke kwala melaetsa ka founo ka dinako tsotlhe mme ba mpolelela gore ke dira jalo ka tsela e e feteletseng. Mme fa ke ipapisa le bana ba bangwe ba ba lekanang le nna ka dingwaga, tota ga ke dire sepe. Ee gone ke boammaaruri, fa ke ipapisa le batsadi ba me, ke kwala melaetsa go ba gaisa. Mme tota go tshwana le go bapisa diapole le dinamune—ba na le dingwaga di le 40 mme nna ke na le dingwaga di le 15.”—Alan.

A batsadi ba gago kgotsa ditsala tsa gago di kile tsa go bolelela gore o fetsa nako e ntsi thata mo motsweding mongwe wa tshedimosetso ya ileketeroniki?

□ Ee □ Nnyaa

A o ile wa palelwa kgotsa wa se ikaelele go laola tsela e o dirisang mofuta oo wa motswedi wa tshedimosetso ka yone?

□ Ee □ Nnyaa

Ditlamorago tse di kotsi. “Ditsala tsa me di nna di kwalelana melaetsa ka founo ka dinako tsotlhe—tota le fa di kgweetsa. A bo seo se le kotsi jang ne!”—Julie.

“Fa ke ne ke simolola go nna le founo, ka metlha ke ne ke nna ke founela kgotsa ke kwalela mongwe molaetsa ka yone. E ne e le sone fela se ke neng ke se dira. Go ne ga senya kamano ya me le ba lelapa la gaetsho tota le ditsala dingwe tsa me. Gone jaanong ke lemoga gore fa ke ikintshitse le ditsala tsa me mme ke bua le bone, ba nnela go ntsena ganong ba bo ba re: ‘Iketle pele tlhe. Ke tshwanetse go araba molaetsa mo founong.’ Leo ke lebaka le le dirang gore ke se ka ka atamalana thata le ditsala tseo.”—Shirley.

A o a tle o bale kgotsa o kwale melaetsa ya founo fa o ntse o kgweetsa kgotsa ka nako ya dithuto tsa sekolo?

□ Ee □ Nnyaa

Fa o tlotla le ba lelapa la gaeno kgotsa ditsala, a o nnela go ba kgoreletsa ka go araba di-e-mail, founo kgotsa melaetsa ya founo?

□ Ee □ Nnyaa

A tsela e o dirisang metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki ka yone e go jela nako e o e tlhokang ya go robala kgotsa a e go itaya tsebe gore o se ka wa ithuta?

□ Ee □ Nnyaa

Kafa o ka Nnang Tekatekano ka Teng

Fa e le gore o dirisa mofuta mongwe wa motswedi wa tshedimosetso wa ileketeroniki—e ka tswa e le khomputara, founo ya selula kgotsa sedirisiwa sepe se sengwe—ipotse dipotso tse nnè tse di fa tlase fano. Go dirisa kgakololo e e theilweng mo Baebeleng le go latela dikaelo di le mmalwa tse di utlwalang sentle go tla go thusa gore o nne o babalesegile le go di laola.

1. Di bua ka eng? “Tlatsang megopolo ya lona ka dilo tse di molemo le tse di tlhokang go bakwa: dilo tse di boammaaruri, tse di ikanyegang, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang le tse di tlotlegang.”—Bafilipi 4:8, Today’s English Version.

Nna o ikgolaganya le ditsala le ba lelapa mme o tlotle le bone ka dikgang le dintlha tse di agang.—Diane 25:25; Baefeso 4:29.

O se ka wa anamisa tshebo e e kotsi, wa romelela ba bangwe melaetsa kgotsa ditshwantsho tsa boitsholo jo bo sa siamang, kgotsa wa leba ditshwantsho tsa bidio kgotsa dithulaganyo tsa boitsholo jo bo repileng.—Bakolosa 3:5; 1 Petere 4:15.

2. Ke se dirisa leng? “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1.

Nna o lekanyetsa gore o dirisa nako e kana kang o founa le go founelwa, o romela le go amogela melaetsa ya founo, o lebeletse dithulaganyo dingwe kgotsa o tshameka metshameko. Go bontsha tlotlo, tima sedirisiwa sa gago ka nako ya dilo tse di botlhokwa, tse di jaaka dipokano tsa kobamelo. O ka nna wa araba melaetsa eo moragonyana.

O se ka wa letla tsela e o dirisang metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki ka yone e tsaya nako e o e beetseng kwa thoko gore o nne le ditsala le ba lelapa, go ithuta kgotsa go nna le seabe mo dilong tsa semoya.—Baefeso 5:15-17; Bafilipi 2:4.

3. Ke tsalana le bomang? “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:33.

Nna o dirisa metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki go nonotsha kamano e o nang le yone le batho ba ba go kgothaletsang gore o nne le mekgwa e mentle.—Diane 22:17.

O se ka wa itsietsa—o tla simolola go amogela ditekanyetso, puo le tsela ya go akanya ya batho ba o tlhophang go itsalanya le bone ka e-mail, ka go kwala melaetsa ya founo, mo thelebisheneng, mo dibidiong kgotsa mo Internet.—Diane 13:20.

4. Ke dirisa nako e kana kang? “Lo tlhomamise ka dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

Nna o boloka rekoto ya gore o dirisa nako e kana kang mo metsweding ya tshedimosetso ya ileketeroniki.

O se ka wa itlhokomolosa dikakgelo tsa ditsala tsa gago kgotsa kaelo ya batsadi ba gago fa ba go bolelela gore o dirisa nako e ntsi thata mo mofuteng mongwe wa metswedi ya tshedimosetso.—Diane 26:12.

Fa Andrew yo o nopotsweng pelenyana a bua ka go dirisa metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki ka tekatekano, o sobokanya kgang eno sentle jaana: “Go monate go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki mme e le fela ka nako e khutshwane. Ke ile ka ithuta gore ke se ka ka letla botegeniki gore e nne sekgoreletsi se se nkgaoganyang le ba lelapa la gaetsho le ditsala.”

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Batsadi ba me ba ne ba tle ba ntheye ba re, ‘Tsela e o dirisang founo ya selula ka teng, e kete re ka e kgomaretsa mo diatleng tsa gago!’ Kwa tshimologong, go ne go ntshegisa mme moragonyana ke ne ka lemoga gore ba ne ba sa dire motlae. Gone jaanong ke fokoditse tsela e ke kwalang melaetsa ya founo ka yone mme ga ke ise ke ko ke itumele jaana!”

“Ke ne ke a tle ke ikutlwe gore ke tshwanetse go tlhola melaetsa mo Internet nako nngwe le nngwe fa e le gone. Ke ne ke itlhokomolosa tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae le dithuto tsa me tse dingwe. E re ka jaanong ke fokoditse, go ntse jaaka e kete go tlositswe sengwe se se bokete mo magetleng a me. Selo se se botlhokwa ke go nna tekatekano.”

[Ditshwantsho]

Jovarny

Mariah

[Lebokoso mo go tsebe 26]

“KE NE KE LE LEKGOBA LA GO DIRA DITSALA MO INTERNET”

“Dingwaga di se kae tse di fetileng, lelapa la gaetsho le ne la fuduga. Ke ne ke batla go nna ke ikgolagantse le ditsala tsa me mme ba ne ba nkopa gore le nna ke simolole go dirisa mokgwa wa go romelelana ditshwantsho ka Internet. Go ne go lebega e le tsela e e molemo ya go nna ke ikgolagantse le bone. Ke ne ke tla bua le batho ba ke ba itseng fela, go ne go ka senyega kae?

“Kwa tshimologong, dilo di ne di tsamaya sentle. Ke ne ke a tle ke ye mo Internet gangwe ka beke ke lebelela ditshwantsho tsa ditsala tsa me mme ke bo ke kwala dikakgelo tsa me go tswa foo, ke bo ke bala dikakgelo tsa bone tse ba di kwadileng ka ditshwantsho tsa me. Mme go ise go ye kae ke ne ke akanya fela ka gone. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ke nnela go dirisa Internet ka dinako tsotlhe. E re ka ke ne ke fetsa nako e ntsi thata ke dirisa Internet, batho ba e neng e le ditsala tsa ditsala tsa me ba ne ba simolola go lemoga seo mme ba ntaletsa go nna ditsala tsa bone. Jaaka o itse—tsala e tla bo e go bolelela gore motho yoo o siame mme le wena o bo o mo amogela. Ka bonako fela o tla bo o setse o na le ditsala di le 50 mo Internet.

“Go ise go ye kae, ke ne ka fitlhela gore ka metlha ke ne ke nnela go akanya ka go dirisa Internet. Tota le fa ke le mo atereseng eo ya Internet, ke ne ke akanya ka gore ke tla boa leng gape go tla go e tlhola le gore ke tsenye ditshwantsho tse disha. Ke ne ke tla bala kakgelo nngwe fano, ke bo tsenya bidio fale mme go ise go ye kae go tla bo go setse go fetile diura di le dintsi.

“Go ile ga ntsaya ngwaga le halofo mme kgabagare ke ne ka lemoga gore ke lekgoba. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke laola thata tsela e ke dirisang Internet ka yone mme ke tlhoma mogopolo mo go direng ditsala le batho ba ke ba bonang ba ba nang le ditekanyetso tsa boitsholo tse di tshwanang le tsa me. Dingwe tsa ditsala tsa me ga di tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ke dirile jalo mme ke bakile.”—Ellen, 18.

[Lebokoso mo go tsebe 26]

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Ka dinako dingwe o ka nna wa gakgamala fa o simolola motlotlo o o ka ga boitlosobodutu le batsadi ba gago. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Cheryl a re: “Nako nngwe rre o ne a belaela gore nngwe ya di-CD tsa me tsa mmino e ne e sa siama. Ke ne ka mmotsa gore a re ka nna mmogo mme ra reetsa CD eo yotlhe. O ne a dumela. Morago ga foo, o ne a mpolelela gore ga a bona sepe se se sa siamang ka yone!”

Fa tlase fano, kwala potso e wena o ka ratang go e botsa batsadi ba gago malebana le metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

A ngwana wa gago yo o simololang dingwaga tsa bosha o dirisa nako e ntsi mo Internet, a o romela le go amogela melaetsa e mentsi ya founo kgotsa a o na le kamano e e botoka le MP3 ya gagwe go gaisa e a nang le yone le wena? Fa e le gore go ntse jalo, o ka dira eng?

O ka nna wa tseela ngwana wa gago sedirisiwa seo. Mme o se ka wa tsaya gore didirisiwa tsotlhe tsa metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki ga di a siama. Tota e bile, gongwe le wena o dirisa mofuta mongwe wa motswedi wa tshedimosetso wa ileketeroniki o o neng o seyo ka nako ya batsadi ba gago. Ka jalo, go na le gore o tseele ngwana wa gago sedirisiwa seo—kwantle ga fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo—ke eng fa o sa dirise tshono eno go thapisa morwao kgotsa morwadio go dirisa metswedi ya tshedimosetso ya ileketeroniki ka botlhale le ka tekatekano? O ka dira seo jang?

Nna fa fatshe mme o tlotle le ngwana wa gago ka kgang eno. Sa ntlha, mmolelele gore ke eng se se go tshwenyang ka tsone. Sa bobedi, reetsa gore a reng. (Diane 18:13) Sa boraro, leka go bona tharabololo e e ka berekang. O se ka wa boifa go tlhoma melao e e tlhomameng mme o nne tekatekano. (Bafilipi 4:5) Ellen, yo o umakilweng pelenyana, a re: “Fa ke ne ke na le bothata jwa go kwala melaetsa ka founo, batsadi ba me ga ba a ka ba ntseela founo; ba ne ba nkaela gore ke e dirise jang. Tsela e ba neng ba rarabolola bothata jono ka teng e ile ya nthusa gore ke nne tekatekano malebana le go kwala melaetsa ya founo, tota le fa batsadi ba me ba seyo go mpaya leitlho.”

Go tweng fa morwao kgotsa morwadio a iphemela? O se ka wa swetsa ka gore o itlhokomolosa kgakololo ya gago. Go na le moo, nna pelotelele mme o neye ngwana wa gago nako ya gore a akanye ka kgang eno. Go ka direga gore o setse a dumalana le wena mme o tla dira diphetogo tse di tlhokegang. Basha ba le bantsi ba tshwana le mosha yo o bidiwang Hailey, yo o bolelang jaana: “Kwa tshimologong ke ne ka kgopisega fa batsadi ba me ba ne ba mpolelela gore ke lekgoba la khomputara. Mme moragonyana, fa ke ntse ke akanya ka gone, ke ne ka lemoga gore ba ne ba nepile.”

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

A o laola didirisiwa tsa gago tsa ileketeroniki kgotsa a di a go laola?