Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 3

Babelona mo Hisitoring ya Baebele

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 3

Setlhogo seno ke sa boraro mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa tse di tlhagang mo dikgatisong tse di latelanang tsa “Tsogang!” tse di buang ka mebusomegolo e e supa ya hisitori ya Baebele. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwadilwe ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle go go setlhogo ga dipuso tsa batho e tla fela.

MOTSE wa bogologolo wa Babelona, o o neng o le mo dipoeng tse di nonneng mo e ka nnang dikilometara di le 80 kwa borwa jwa motse o jaanong o bidiwang Baghdad, o ne o le montle tota. E re ka Babelona e ne e na le mabota a magolo a mabedi mme e dikologilwe ke mosele, e ne e lebega e ka se ka ya tlhaselwa. Motse ono o ne o itsege ka ditempele tsa one tse dikgolo, ditshingwana tsa mo dithabeng le ditora tsa tempele. Bosheng jaana, Babelona e ile ya bidiwa nngwe ya metse e megolo go gaisa ya bogologolo.

Mo Baebeleng, e ile ya bidiwa “Mohumagadi wa Magosi” mme e ne e le motsemogolo wa mmusomogolo wa boraro wa lefatshe mo hisitoring ya Baebele. (Isaia 47:5) Fela jaaka mebusomegolo e e tlileng pele ga yone ya Baegepeto le Baasiria, Mmusomogolo wa Babelona o ile wa nna le seabe se segolo mo hisitoring ya Baebele, e leng se se re thusang go bapisa se Baebele e se bolelang ka one le se metswedi ya tshedimosetso ya lefatshe e se bolelang.

Hisitori E e Ka Ikanngwang

Buka ya Baebele ya Daniele e re bolelela gore monna mongwe yo leina la gagwe e leng Beleshasare  o kile a nna kgosi ya Babelona. (Daniele 5:1) Le fa go ntse jalo, metswedi mengwe ya tshedimosetso ya lefatshe mo nakong e e fetileng e ile ya bolela gore Beleshasare ga a ise a ko a nne kgosi, le fa a ne a le maatla. A Baebele e ne e dirile phoso? Baithutamarope ba ile ba ribolola disilindara tsa letsopa di le mmalwa mo matlotleng a Ure kwa Mesopotamia. Mokwalo wa cuneiform o o neng o le mo go nngwe ya disilindara o ne o na le thapelo ya ga Kgosi Nabonidase wa Babelona a rapelela “Bel-sar-ussur, morwaake yo mogolo.” Go ya ka New Bible Dictionary, dipatlisiso tse di dirilweng moragonyana di ile tsa tlhomamisa gore Beleshasare “e ne e le moemedi wa kgosi ka nako e e fetang halofo ya nako e rraagwe a busitseng ka yone, e leng nako e ka yone maemo a gagwe a neng a lekana le a kgosi.”

Hisitori le yone e bontsha gore Babelona wa bogologolo e ne e le motse o batho ba one ba neng ba tlhoafaletse bodumedi thata, o tletse tepodinaledi le boitseanape. Ka sekai, fa re bala Esekiele 21:21, re utlwa gore kgosi ya Babelona e ne ya dirisa boitseanape gore e itse gore a e ka tlhasela Jerusalema. Baebele ya re kgosi e ile ya ‘leba mo sebeteng.’ Ke eng fa e ne e leba mo sebeteng? Bababelona ba ne ba dirisa serwe seno go sekaseka ditshupo tsa botlhodi. Buka ya Mesopotamian Astrology e re bolelela gore mo setsheng se le sengwe fela sa Babelona wa bogologolo, baithutamarope ba ile ba fitlhela “dibete tse di dirilweng ka [letsopa] di le 32, tsotlhe di kwadilwe” ditshupo tsa botlhodi.

Moithutamarope yo o itsegeng e bong Nelson Glueck o kile a re: “Ke ntse ke ribolola dilo ka dingwaga di le 30, sengwe le sengwe se ke neng ke se ribolola ke ne ke se sekaseka mo Baebeleng mme mo dilong tse di amanang le hisitori, ga ke ise ke ko ke fitlhele phoso epe mo Baebeleng.”

“Ke ntse ke ribolola dilo ka dingwaga di le 30 . . . , mme mo dilong tse di amanang le hisitori ga ke ise ke ko ke fitlhele phoso epe mo Baebeleng.”—Nelson Glueck

Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang

O ne o ka reng fa mongwe a ne a ka go bolelela gore ditoropo tse dikgolo—tse di jaaka Beijing, Moscow kgotsa Washington, D.C.—di tla nna matlotla a go sa nneng ope mo go one? Ga go na pelaelo gore o ne o tla belaela. Le fa go ntse jalo, ke se se ileng sa diragalela Babelona wa bogologolo. Dingwaga di ka nna 200 pele ga foo, mo e ka nnang ka ngwaga wa 732 B.C.E., Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsa moporofeti wa Mohebera e bong Isaia gore a kwale boporofeti jo bo kaga go senngwa ga Babelona yo o maatla. O ne a kwala jaana: “Babelona, mokgabiso wa magosi, . . . o tla nna jaaka fa Modimo a ne a ribegetsa Sodoma le Gomora. Ga a kitla a nniwa, le fa e le go nna le lefelo la bonno kokomana morago ga kokomana.”—Isaia 13:19, 20.

Mme gone ke eng fa Modimo a ne a bolelela pele ka go senngwa ga Babelona? Ka 607 B.C.E., masole a Bababelona a ne a senya Jerusalema mme a isa batho ba ba falotseng kwa Babelona, kwa ba ileng ba tshwarwa makgwakgwa gone. (Pesalema 137:8, 9) Modimo o ne a bolelela pele gore batho ba gagwe ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba itshokele go tshwarwa makgwakgwa jalo ka dingwaga di le 70 ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di boikepo. Morago ga foo, Modimo o ne a tla ba golola le go ba letla gore ba boele kwa nagagaeng ya bone.—Jeremia 25:11; 29:10.

Go dumalana le Lefoko la Modimo la boporofeti, ka 539 B.C.E.—fa dingwaga di le 70 tsa go isiwa botshwarwa ga Bajuda di tloga di fela—motse  wa Babelona o o neng o lebega o ka se tlhaselwe o ne wa fenngwa ke masole a Bameda le Baperesia. Kgabagare, motse oo o ne wa nna mokoa wa matlotla—fela jaaka go ne go boleletswe pele. Ga go na ope yo o neng a ka kgona go opa kgomo lonaka jalo. Ga go na pelaelo gore, go porofeta kgotsa go bolelela pele ditiragalo, go dira gore Mokwadi wa Baebele—Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa—a tlhomologe mo medimong e mengwe.—Isaia 46:9, 10.

Tsholofelo E o Ka e Ikanyang

Go na le boporofeti jo bongwe jo bo diragadiwang ka tsela e e tlhomologileng mo motlheng wa rona. Boporofeti joo bo malebana le Kgosi Nebukadenesare wa Babelona le toro ya gagwe ya setshwantsho se segolo. Mmele wa sone o ne o arogantswe ka dikarolo di le tlhano—tlhogo, sehuba le matsogo, mpa le dirope, maoto mmogo le dinao—nngwe le nngwe ya yone e dirilwe ka dimetale tse di sa tshwaneng. (Daniele 2:31-33) Dikarolo tseno tsa metale di ne di emela mebuso kgotsa magosi a a tlhatlhamanang, a a simololang ka Babelona go ya go fitlha ka Mmusomogolo wa Baesemane le Baamerika, e leng mmusomogolo wa bosupa mo hisitoring ya Baebele.—Daniele 2:36-41.

Daniele o ne a tlhalosa gore mo dinaong le mo menwaneng ya maoto ya setshwantsho, go ne go na le phetogo e e bonalang ya dilo tse di bopilweng ka tsone. Jang? Metale o o neng o sa tswakanngwa le sepe o ne wa emisediwa ka letsopa le le metsi le le tswakantsweng le tshipi. Daniele o ne a tlhalosetsa  Nebukadenesare jaana: “E re ka o ne wa bona tshipi e tlhakane le letsopa le le metsi, ba tla tlhakana le bana ba batho; mme ga ba na go itshupa ba ngaparagane, yo le yole, fela jaaka tshipi e sa tlhakane le letsopa le go bopilweng ka lone.” (Daniele 2:43) Ee, go tswakanya tshipi le letsopa go dira gore go nne le kgolagano e e sa nonofang; ga e “ngaparagane.” A bo seno se tlhalosa sentle jang ne tsela e dipolotiki tsa motlha o re tshelang mo go one di kgaoganeng ka yone!

Gape Daniele o senola tiragalo e nngwe ya botlhokwa. Kgosi Nebukadenesare o ne a bona leje le le neng le tswa kwa thabeng e kgolo mo torong ya gagwe. Leje leno le ne la tsholediwa mme “la itaya setshwantsho mo dinaong tsa sone tsa tshipi tse gape di bopilweng ka letsopa mme la di thubaganya.” (Daniele 2:34) Seo se kaya eng? Daniele o araba jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [ka nako ya mmusomogolo wa bofelo wa lefatshe] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Boporofeti joo bo ne bo lebisa kwa Bogosing jo bo sa tshwaneng le puso epe e e itsiweng ke batho. Kgosi ya jone ke Jesu Keresete, e bong Mesia. Jaaka go bontshitswe mo ditlhogong tse di fetileng tsa motseletsele ono wa ditlhogo, Jesu o tla nyeletsa Satane le balatedi ba gagwe ba batho le ba meya mme a tlise kagiso le kutlwano ya lobopo lotlhe.—1 Bakorintha 15:25.