Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thulaganyo e e Gakgamatsang ya go Tsholwa ga Ngwana

Thulaganyo e e Gakgamatsang ya go Tsholwa ga Ngwana

Thulaganyo e e Gakgamatsang ya go Tsholwa ga Ngwana

KGABAGARE nako ya go leta ya dikgwedi di le robongwe e fedile mme lesea le le sa bolong go letelwa le tloga le tsholwa. * Molomo wa popelo wa mmè yo o imileng o ne o ntse o tswalegile thata go dira gore leseanyana le le iseng le tsholwe le nne le babalesegile mo teng ga popelo. Mme jaanong, molomo wa popelo ya gagwe o nna mosesane, o nna boleta e bile o simolola go bulega. Kgakgamatso ya go tsholwa ga ngwana e a simolola.

Ke eng se se dirang gore thulaganyong eno e e gakgamatsang ya go tsholwa ga ngwana e simologe? Gareng ga dilo di le mmalwa tse di diregang go na le di le pedi tse di gakgamatsang thata. Sa ntlha, go ntshiwa oxytocin, e leng horomone e e tswang mo bobokong. Banna le basadi ba na le horomone eno mme selekanyo se segolo se tswa mo mosading yo o imileng fa nako ya go belega e simologa mme seno se dira gore molomo wa popelo o simolole go bulega le go dira gore ditshika tsa popelo di gagamale.

Gore kgeleswa ya pituitary ya mmè yo o imileng e itse jang gore ke nako ya gore e simolole go ntsha horomone eno, e sa ntse e le masaitseweng. Buka ya Incredible VoyageExploring the Human Body e bolela jaana: “Boboko jwa gagwe bo lemoga gore nako ya go ima e fedile le gore ke nako ya gore mesifa e e nonofileng ya popelo . . . e dire tiro ya yone e e botlhokwa mme gone e sa tseye nako e ntsi.”

Selo sa bobedi se se diragalang mo thulaganyong eno ke seabe sa motlhana (placenta), o o emisang go ntsha porojeseterone. Ka nako ya go ima, porojeseterone e ile ya thibela mesifa ya popelo gore e se ka ya gagamala thata. Mme jaanong, e re ka porojeseterone e emisitse go dira seno, mesifa ya popelo e simolola go gagamala. Gantsi morago ga diura tse di fa gare ga di le 8 le 13 tsa pelegi, lesea le kgoromelediwa kwa ntle gore le tswe mo molomong wa popelo o o bulegileng. Morago ga foo, motlhana le one o a tswa.

Jaanong lesea le le sa tswang go tsholwa le tshwanetse go tlwaelana ka bonako le maemo a lone a masha a botshelo, maemo a a farologaneng thata le a a mo popelong ya mmaalone. Ka sekai, fa lesea le le iseng le tsholwe le ne le sa ntse le le mo popelong, makgwafo a lone a ne a tletse amniotic fluid e e neng ya ntshiwa fa lesea le ne le feta mo moseleng wa tsalo. Jaanong makgwafo a lone a tshwanetse go tladiwa ka moya gore le kgone go hema, seno se bonala fa le simolola go lela. Gape go direga diphetogo tse dikgolo mo pelong le mo modikologong otlhe wa madi. Phatlha e e golaganyang dikarolo tse pedi tsa mesifa ya pelo le tshikana ya madi e e fetang mo modikologong wa makgwafo e a tswalega gore madi a boe a fete mo makgwafong mme seno se dira gore madi a kgone go monya okosejene. Go a gakgamatsa go bona gore phetogo eno e e diregang ka kwa ntle ga popelo e direga ka bonako jaana.

Thulaganyo eno yotlhe ya pelegi le ya go tsholwa ga ngwana e re gakolola mafoko ano a Baebele: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo.” Seno se akaretsa le “nako ya go tsholwa.” (Moreri 3:1, 2) Ga go na pelaelo gore o tla dumela gore diphetogo tse di diregang mo thulaganyong eno ya go tsholwa ga ngwana le dilo tse di diregang mo mmeleng mme tsotlhe di direga mo diureng di se kae, ke bosupi jwa gore thulaganyo eno e dirilwe ke Mmopi wa rona, yo Baebele e mmitsang “motswedi wa botshelo.”—Pesalema 36:9; Moreri 11:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Gantsi nako ya go ima e tsaya dibeke tse di fa gare ga di le 37 le 42.

[Setshwantsho/Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Thulaganyo ya go Tsholwa ga Ngwana

1 Tsela e leseanyana le le iseng le tsholwe le ntseng ka yone pele ga le belegwa

2 Leseanyana le le iseng le tsholwe le sutela kwa moseleng wa tsalo

3 Go bulega ga molomo wa popelo

4 Go tswa ga leseanyana

[Setshwantsho]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

1

motlhana

mosele wa popelo

molomo wa popelo

2

3

4