Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Leng go ka Tweng o Tsalane Thata le ba Bangwe Kwa Sekolong?

Ke Leng go ka Tweng o Tsalane Thata le ba Bangwe Kwa Sekolong?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Leng go ka Tweng o Tsalane Thata le ba Bangwe Kwa Sekolong?

“Bana ba ke tsenang sekolo le bone gantsi ba bua ka tsela e ba ileng ba ijesa monate ka yone ka mafelobeke. Mme nna ke sala ke ikutlwa ke kgapetswe kwa thoko.”—Michelle. *

“Ka dinako tse dingwe, ke tle ke bone bana bangwe ba kgobokane mmogo, mme ke bo ke ipolelela ke re ‘Ba lebega e le ditsala tse dikgolo tota. Ke batla go nna mongwe wa bone.’”—Joe.

“Ke ne ke se na bothata jwa go dira ditsala kwa sekolong. Go ne go le motlhofo. Ke sone se se ileng sa mpakela mathata.”—Maria.

O DIRISA nako ya gago e ntsi o na le bana ba o tsenang sekolo le bone. O na le mathata le matshwenyego a mantsi a a tshwanang le a bone e bile o na le dilo tse dintsi tse o batlang go di fitlhelela tse le bone ba akanyang ka tsone. O ka nna wa akanya gore go na le dilo tse dintsi tse lo tshwanang ka tsone go na le tse o tshwanang ka tsone le batsadi ba gago, bomogoloo le bomonnao, kgotsa Bakeresete ka wena. Re a tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go ka nna ga direga gore o ngokwe ke botsala jwa bone. A go phoso go dira jalo? A go na le dikotsi dingwe ka gone. Fa o tsalana le bana ba bangwe kwa sekolong, botsala jwa lona bo nna bogolo go le kana kang? O tla itse jang gore ke botsala jo bo siameng?

O Tlhoka Ditsala

Mongwe le mongwe o tlhoka ditsala—batho ba a ka kgonang go itisa le bone fa go le monate le ba a ka kgonang go ikaega ka bone fa go le thata. Jesu le ene o ne a na le ditsala, mme o ne a itumela go itisa le tsone. (Johane 15:15) Mme fa Jesu a ne a tloga a swa a le mo koteng ya tlhokofatso, tsala ya gagwe e kgolo e bong Johane, ‘morutwa yo a neng a mo rata thata’ o ne a le fa gaufi. (Johane 19:25-27; 21:20) O tlhoka ditsala tse di ntseng jalo—batho ba ba tla nnang gaufi le wena fa go le monate le fa go se monate. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Gongwe o akanya gore go na le mongwe yo o ntseng jalo kwa sekolong, mongwe wa bana ba o nang le bone mo tlelaseng yo o utlwanang thata le ene. Go na le dilo tse di tshwanang tse lo di kgatlhegelang e bile lo itumelela go tlotla mmogo. Gone ke boammaaruri gore motho yoo e ka tswa e se modumedi ka wena; le fa go ntse jalo, go ya ka wena, ga go bonale fa a tshwana le batho ba go ka tweng ke ‘ba ba bosula.’ (1 Bakorintha 15:33) Ga go pelaelo gore basha bangwe ba ba sa dumeleng dilo tse o di dumelang tse di mo Baebeleng ba itshwere sentle. (Baroma 2:14, 15) A mme seo se raya gore o ka nna ditsala tse dikgolo le bone?

Bakeresete Ga se Batho Ba ba Sa Batleng go Tsalana le ba Bangwe

Ga se gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba batle go tsalana le batho ba e seng ba bodumedi jwa bone. Tota e bile, gore Bakeresete ba tle ba kgone go diragatsa thomo ya bone ya go “[dira] batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa” ba bua le banna le basadi ba merafe yotlhe, madumedi otlhe le ba ditso tsotlhe. (Mathaio 28:19) Ga se gore ga ba batle go tsalana le baagelani ba bone, badirimmogo kgotsa batho ba ba tsenang sekolo le bone. Go na le moo, Bakeresete ba kgatlhegela batho ba bangwe thata.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno. O ne a itse gore o tshwanetse go bua jang le “[batho] ba mefuta yotlhe,” le fa gone ba ne ba sa dumele se a se dumelang. Mme gone boikaelelo jwa ga Paulo e ne e se go dira botsala le bone. Go na le moo, o ne a re: “Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.”—1 Bakorintha 9:22, 23.

O ka etsa sekao sa ga Paulo. Nna botsalano mo balekaneng ba gago. Ithute go buisana sentle le bone. Bangwe ba bana ba o tsenang sekolo le bone ba ka tswa ba eletsa go nna le tsholofelo e o nang le yone e e tswang mo Baebeleng. Akanya ka mosetsana mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Janet. Tlelase ya bone e ne e filwe tiro ya go kwala dintlha di se kae ka morutwana mongwe le mongwe yo o mo tlelaseng mme morago ga foo baithuti botlhe ba ne ba kgona go bala dilo tse ba bangwe ba di kwadileng ka bone. Lengwe la makwalo a Janet a ileng a a amogela a ne a balega jaana: “O bonala o le motho yo o itumetseng ka metlha. Tsweetswee, re bolelele gore ke ka ntlha yang go ntse jalo!”

Jaaka tiragalo ano e bontsha, bangwe ba bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba ka nna ba bo ba batla go utlwa ka dilo tse o di dumelang. Ga go pelaelo gore go ka go solegela molemo fa o nna botsalano mo bathong ba ba ntseng jalo. Seno se tla go thusa gore o kgone go ba tlhalosetsa ka dilo tse o di dumelang. Ba letle gore ba tlhalose kafa ba ikutlwang ka teng mme fa ba ntse ba dira jalo, reetsa ka kelotlhoko. Go kgona go buisana jalo le balekane ba gago go tla go thusa thata fa o simolola go bereka ka letsatsi lengwe mme o lebana le seemo se se tshwanang. Go nna botsalano kwa sekolong le kwa tirong go tla go thusa gore o “kgabise thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.”—Tito 2:10.

Botsala Jwa ‘Jokwe E e Sa Lekalekaneng’

Gone mme, go na le pharologano gare ga go nna motho yo o botsalano mo baneng ba o nang le bone mo tlelaseng le go nna tsala e kgolo ya bone. Paulo o ne a re: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” (2 Bakorintha 6:14) Gore o nne tsala e kgolo ya motho yo o rileng, o tshwanetse wa bo o itshwara ka tsela e a itshwarang ka yone e bile o na le mekgele ya e e tshwanang le ya gagwe. Seno ga se ka ke sa kgonega fa o tsalana le motho yo e seng Mokeresete jaaka wena e bile a sa latele melao ya Dikwalo e wena o e latelang. Go pataganela jokwe le motho yo o e seng Mokeresete go ka nna ga dira gore o nne le seabe mo dilong tse di sa siamang kgotsa ga senya mekgwa ya gago e mentle.

Maria o ne a ithuta seno ka tsela e e botlhoko. Go nna botsalano ga gagwe go ile ga dira gore go nne motlhofo gore a ngoke ditsala mme go ne go le thata gore a lemoge gore ke leng botsalano jwa gagwe bo sa siamang. O dumela jaana: “Ke ne ke rata go ratwa ke basetsana le basimane. Mme ka ntlha ya seo, ke ile ka iphitlhela ke tseneletse thata mo dilong tsa lefatshe.”

Jaaka Maria, go ka nna ga bo go le thata gore o lemoge fa botsala jo o nang le jone le mongwe yo o sa dumeleng dilo tse o di dumelang bo setse bo le bogolo thata. Le fa go ntse jalo, o ka itshireletsa gore o se ka wa ikwatlhaya moragonyana ka gore o ipeela melelwane malebana le gore ke mang yo e tla nnang motho yo o mo tlwaetseng fela mme ke mang yo e tla nnang tsala ya gago e kgolo. O ka dira jalo jang?

Kafa o ka Tlhophang Ditsala Tse di Siameng ka Teng

Jaaka go setse go umakilwe, Jesu o ne a na le ditsala tse dikgolo fa a ne a le mo lefatsheng. Jesu o ne dira jalo ka go tshela botshelo jo bo tlotlegang le go bua ka dilo tsa semoya. Fa batho ba ne ba amogela dithuto tse a di rutang le tsela e a tshelang ka yone, ba ne ba atamalana le ene. (Johane 15:14) Ka sekai, fa banna bangwe ba le banè ba sena go utlwa Jesu a bua, ba ne ba amega fela thata mo e leng gore ba ne ba “tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.” Banna bano—Petere, Anderea, Jakobe le Johane—ba ne ba nna ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu.— Luke 5:1-11; Mathaio 4:18-22.

Tsela e Jesu a neng a bua ka yone le dilo tse a neng a di dira di ne di bontsha gore o tlhoafetse mo tumelong le gore go ne go se na sepe se se tla dirang gore a fetole mogopolo wa gagwe. Batho ba ba neng ba sa batle go mo amogela jaaka a ntse ba ne ba ikgogona mo go ene mme Jesu o ne a ba tlogela gore ba tsamaye.—Johane 6:60-66.

Ka sekai, lekawana lengwe le ne la ama Jesu pelo thata. Baebele ya re: “Jesu a mo leba mme a ikutlwa a mo rata.” Mme fa monna yono a utlwa gore Jesu o lebeletse eng mo ditsaleng tsa gagwe, o ne a “tsamaya.” Go ne go bonala monna yoo e le motho yo o siameng—ruri Jesu a “mo rata.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a lebeletse go le gontsi mo ditsaleng tsa gagwe. (Mareko 10:17-22; Mathaio 19:16-22) Go tweng ka wena?

O ka tswa o utlwana sentle le mongwe yo o tsenang sekolo le ene. Mme ipotse: ‘A motho yono o ikemiseditse go dira se Jesu a se laelang? A o batla go ithuta ka Jehofa yo Jesu a ileng a re laela gore re mo obamele?’ (Mathaio 4:10) Fa o ntse o bua le bana ba o tsenang mo tlelaseng le bone mme o ntse o tshela ka melao ya Baebele, o tla kgona go bona dikarabo tsa dipotso tseno.

Go siame gore o nne botsalano mo go ba o tsenang le bone mo tlelaseng, fela jaaka Jesu a ne a le botsalano mo bathong ba mefuta yotlhe. Mme Jesu o ne a tlhomamisa gore ditsala tsa gagwe di rata Rragwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa. Le wena o ka dira jalo. ‘Nna o ntse o na le boitshwaro jo bo molemo’ kwa sekolong mme ka botlhale, o bue le ba bangwe ka dilo tse o di dumelang. Mme se se botlhokwa le go feta, tlhomamisa gore o tlhopha mofuta wa ditsala tse di molemo.—1 Petere 2:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

▪ Ke dikotsi dife tse o ka welang mo go tsone fa o itisa le mongwe yo o mo tlelaseng ya gago morago ga sekolo? A go botlhale go dira jalo?

▪ Fa o sena go bala setlhogo seno, a o akanya gore botsalano jwa gago le mongwe yo o nang le ene mo tlelaseng bo bogolo thata? Fa e le gore go ntse jalo, o ka dira eng ka gone?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

How Can I Make Real Friends?

Bidio eno e e dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa, e na le dipotsolotso tse di dirilweng le basha ba ba buang ba sa fitlhe sepe, ba ba tswang kwa United States, Italy, Fora le Spain. E teng ka dipuo di le 36.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bangwe ba bana ba ba leng mo tlelaseng le wena ba ka nna ba batla go itse ka dilo tse o di dumelang