Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ditshwantsho Tsa Sodiake di Tshwanetse go Laola Botshelo Jwa Gago?

A Ditshwantsho Tsa Sodiake di Tshwanetse go Laola Botshelo Jwa Gago?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Ditshwantsho Tsa Sodiake di Tshwanetse go Laola Botshelo Jwa Gago?

“GO NA LE BASHA LE BAGOLO BA LE BANTSI THATA BA BA BATLANG DITSHUPO TSA ISAGWE YA BONE MO DINALEDING.”—MOPAPA JOHN PAUL II.

GO YA ka patlisiso nngwe, Moamerika a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 4 o dirisa tepodinaledi fa a dira ditshwetso. Go leba ditshupo tsa tepodinaledi ga go dirwe mo karolong eo fela ya lefatshe. Mo e batlang e nna mo lefatsheng lotlhe, batho ba dirisa ditshwantsho tsa sodiake go batla kgakololo ka dikgang tsa madi, dithulaganyo tsa go eta, go fetola mekgele ya bone ya botshelo, malatsi a go tshwara moletlo wa lenyalo, le ka leano la go rulaganya sesole. Go bolelwa gore letshwao la sodiake le ka supetsa motho gore o tlile go nyalana le mang le gore ke mang yo a se kitlang a tshwanelana le ene mo lenyalong. Go tswa Botlhaba go ya Bophirima, bolepadinaledi bo gapile dimilione di le dintsi tsa batho. Mme ditshwantsho tseno tsa sodiake di simologile kae?

Kwa di Simologileng Gone

Mefuta e e farologaneng ya ditshwantsho tsa sodiake e sa le e itsiwe go tswa bogologolong. Baebele le yone e bua ka “masomosomo a dinaledi a sodiake.” (2 Dikgosi 23:5NW) Mo metlheng ya bogologolo, go bonala Bahindu mmogo le Ba-China, Baegepeto, Bagerika le batho ba bangwe ba ne ba dirisa ditshwantsho tsa sodiake. Le fa go ntse jalo, matshwao a sodiake a ne a simolola go dirisiwa la ntlha kwa Babelona.

Bababelona ba ne ba simolola bolepadinaledi ka maiteko a go bona tshedimosetso nngwe ka isagwe. Fa go ntse go elwa tlhoko metsamao ya dipopo tsa magodimo, go ne ga dirwa ditšhate tse di raraaneng le metlhala ya mela le dikholomo. Di ne di dirisediwa go bolelela pele merero ya batho le ditiragalo tsa mo lefatsheng. Gantsi go ne go sa dirwe ditshwetso dipe tsa dipolotiki kgotsa tsa sesole go fitlha balepadinaledi ba bidiwa gore ba tle go ntsha kgakololo ya bone. Ka gone, setlhopha sa boperesiti se se neng se bolela fa se na le botlhale jo bo kgethegileng le maatla a a fetang a batho se ne sa nna le tlhotlheletso e kgolo. Tota e bile, ditempele tsotlhe tse dikgolo kwa Babelona di ne di na le dikago tse di dirisediwang go ela tlhoko dipopo tsa magodimo.

Mo metlheng ya segompieno, matshwao a sodiake a na le seabe se segolo thata mo matshelong a batho ba le bantsi. Tota le ba ba bolelang gore ga ba dumele horosekoupo, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba e dirisa e le go itlosa bodutu fela ka yone kgotsa ka ntlha ya go batla go itse sengwe. Ke boammaaruri gore balepadinaledi ba ile ba bolelela pele dilo dingwe tse di neng tsa diragala. A mme seno se bolela gore go dirisa dinaledi go na le mosola? Tota batlhanka ba bogologolo ba Modimo ba ne ba leba jang go kgatlhegela bolepadinaledi?

Dikotsi Tse di Bofitlha

Go farologana le Bababelona, Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go sa dirise bolepadinaledi. Modimo o ne a ba tlhagisitse jaana ka tlhamalalo: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.” *Duteronome 18:10-12NW.

Batlhanka ba Modimo ba ne ba ema ba nonofile kgatlhanong le bolepadinaledi. Ka sekai, Kgosi Josia yo o ikanyegang o ne a “ntsha baperesiti . . . mo tirong . . . ba ba kuisetsang Baale musi wa setlhabelo, le letsatsi le ngwedi le masomosomo a dinaledi a sodiake.” Go dira jalo ga ga Josia go ne go bolelwa e le “se se siameng mo matlhong a ga Jehofa,” mme Modimo o ne a mo segofatsa ka ntlha ya gone. (2 Dikgosi 22:2; 23:5NW) Bangwe ba ka nna ba botsa jaana, ‘A mme ga go na dipolelelopele dingwe tsa balepadinaledi tse di diragalang?’

Se se kgatlhang ke gore, mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, re bala ka mosetsana mongwe yo ‘o neng a bapalela beng ba gagwe ka go bolelela dilo pele.’ Go bonala dingwe tsa dilo tse mosetsana yono a neng a di bolelela pele di ne tsa diragala, e re ka mong wa gagwe a ne a nna le lotseno ka ntlha ya maatla a mosetsana yono. Mme ke eng se se neng se dira gore mosetsana yono a kgone go bolelela isagwe pele? Baebele e tlhalosa gore o ne a tlhotlhelediwa ke “moya, ledimona la boitseanape.”—Ditiro 16:16.

Baebele e bontsha gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Satane le madimona a gagwe ba gapile batho ba bantsi ka go dira gore dipolelelopele dingwe di diragale.

Boammaaruri ke gore bolepadinaledi ke mangwe a “maano a boferefere a ga Diabolo,” ao a a dirisetsang go laola batho le go ba tlhotlheletsa gore ba direle maikaelelo a gagwe. Ka jalo, ga go gakgamatse ka gope go bo Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ‘ba eme ba nitame’ kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Satane—a a akaretsang bolepadinaledi. (Baefeso 6:11) A mme seno se bolela gore re tlogetswe fela re se na se se re kaelang malebana le isagwe?

Baebele—Mokaedi Yo re Mo Ikanyang

Batho ba le dimilione ba fitlhetse gore Baebele e ba kaela ka tsela e e ikanyegang fa ba batla go dira ditshwetso. Jaaka fa mopesalema Dafide a tlhalosa, “kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pesalema 19:7NW; 119:105) Seno ga se bolele gore Baebele e bolela ka tlhamalalo gore motho o tshwanetse go dira eng mo boemong bongwe le bongwe jo a lebaneng najo. Mme Lefoko la Modimo le na le melaometheo e e ka re thusang go thapisa maatla a rona a go akanya. Mme seno se tla re thusa gore re kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang gape se tla re thusa gore re dire ditshwetso ka botlhale.—Bahebera 5:14.

Ka jalo, go na le lebaka le le utlwalang la go bo Bakeresete ba mmatota ba sa dirise dihorosekoupo, tota le go di dirisetsa boitlosobodutu fela kgotsa go batla go itse sengwe. Go na le moo, ka botlhale ba utlwa ditlhagiso tse di mo Lefokong la Modimo kaga tlhotlheletso ya bodimona, mmogo le mefuta ya yone e e bofitlha. O ka kgona go itumelela masego a Modimo ka bosakhutleng fa o letla gore Baebele e tlhotlheletse botshelo jwa gago e seng ditshwantsho tsasodiake.Pesalema 37:29, 38.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Boitseanape bo akaretsa ditsela tsotlhe tsa go bapala kitso, segolobogolo ka ditiragalo tsa mo isagweng ka maatla a masaitsiweng.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ditshwantsho tsa sodiake tsa Botlhaba

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ditshwantsho tsa sodiake tsa Bophirima